Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong

Transcripción

Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong
Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong
22/2014 Ka Sontaga o o bidiwang Judika, e le ka 06. 04. 2014
MO LEINENG LA MODIMO O E LENG RARA LE MORWA LE MOWA O O
BOITSHEPO!
1.
Sefela sa 216 - 201/209
2.
Thapelo: Morena Jesu, kajeno re lebisa matlho le dikakanyo tsa rona morago o
ka re ka dinyaga tsa dikete tse pedi, mo sebakeng, fa o ne o le mo lefatsheng. Morena,
ke re: ka re sa bone sentle, re sa utlwe sentle, re sa tlhaloganye bogolo, fa go buiwa ka
ga tsa Mowa. A ga o ka ke wa tsamaya le rona, Morena, o budulole matlho a rona, o
kabolole ditsebe tsa rona gore re utlwe, re bone, re dumele gore ke wena Keresete yo o
kileng wa tla mo lefatsheng go pholosa baleofi, re tle re dumele, re tshele. Re a ipolela,
Morena, gore ga go a bonwa molato mo go wena, ka o ne o se yo molato mo go wena,
mme o mo go rona, jaaka o ntse o le mo go rona le kajeno. Ke gona re kopang mo go
wena gore o o tlose mo go rona ka boitshwarelo. Morena, re lebogela tiro ya gago e o e
dirang mo go rona, le ka rona gore le ba bangwe ba utlwe ka ga gago. Morena Jesu
Keresete, re a leboga. Amen.
3.
Epistolo ka fa thulaganyong ya 2 e kwadilwe mo go Bahebere 5, 7-9;
Efangele ka fa thulaganyong ya 1 e kwadilwe mo go Mareko 10, 35-45.
4.
A go ipolelwe tumelo ya bokeresete!
5.
Sefela sa 97 - 90/90
6.
Thapelo ya mmadi wa thero.
7.
Epistolo ka fa thulaganyong ya 6 e kwadilwe mo go Bahebere 13:12-14, e re: "Ke ka
ntlha ya moo, fa le ene Jesu a bogile kwa ntle ga kgoro ya motse gore a itshepise batho ka
madi a gagwe. Jalo he, a re tsweleng kwa go ene, kwa ntle ga bothibelelo, re sikare kgobo ya
gagwe. Gonne mono ga re na motse wa tlhomamo, mme re batla o o tlang." Amen.
8.
Thero: Phuthego ya Morena, Lefoko la Morena la thero ya kajeno le ntshitswe
mo lokwalong lo e bileng go kwadilweng mo go lona gore Keresete bogolo ke ene yo o
dirafaditseng ditsholofetso le dipolelo-pele tsa Testamente e kgologolo, tsa dirafala mo
go Jesu. Mokwadi wa lokwalo o a bua, o kwalela phuthego e e neng ya tlhaga mo
tumelong ya Bajuta, o e gopotsa ka khutsafalo le tlalelo ya Morena Jesu kwa
ntle ga motse wa kwa Jerusalema mo thabeng ya Golegotha, ene a se na
molato. A re: "Ke ka ntlha ya moo, fa le ene Jesu a bogile kwa ntle ga kgoro ya motse
gore a itshepise batho ka madi a gagwe." Gore a kgone go itshepisa batho, go ne go
batlega gore le ene a tswele kwa ntle ga motse, a tswele mo ponatshegong, a bonale
mo pepeneneng. Mokwadi wa lokwalo o phadisanya tseo le tseo tse di neng tsa dirwa
mo medirong ya ditlhabelo tsa diphologolo tse madi a tsona a tshologetsweng mo
felong ga boitshepo. Ditopo tsa tsona tsa fisiwa kwa ntle ga mejako ya motse. Tirafalo
eo e ne e le sesupo sa gore maleo a latlhetswe kwa ntle. A supa gore tirelo yotlhe ya ga
Jesu ke ya botlalo, gonne ga dirafadiwa mo go yona tsotlhe tse di neng di le moriti wa
tse di tshwanetseng go tla ka Keresete.
A tiisa Bajuta gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng ke Modimo yo o neng a
tshwanetse go tla. Go ka dirafala gore Bajuta bao ba ne ba tsenngwa ke metsi mo
mangweleng ka ntlha ya tirafalo ya tsa tsona tse ba neng ba di lebelela gore di tla
dirafala. Ke fa ba gopola gore go sa ntse go na le sengwe se se setseng, se se iseng se
dirafale mo tirong ya Morena. A re: Ba mo lopa gore Jesu a tswele kwa ntle gore a dire
tiro e a e dirileng ka botlalo, mo go feleletseng, a re: Go ne go sa tlhokege sepe, a re: a
tswa, le fa molato o ne o ise o kwalwe mo tlhogong ya sefapaano, gonne o ne o se yo,
mme o ne a tswela kwa ntle ka ntlha ya batho, ka ntlha ya lona.
Ke re: Tiiso e e ntseng jalo, ke a dumela gore ke sona se se tlhokegang mo Afrika ya
rona, se bonale, se ye, se tsene, se atamele kwa go sa ntseng go tlhaelwa teng. Tota
ba le bantsi ba belaela, ba setse ba tlhaetse. Go ka dirafala gore le wena o nne
mongwe wa ba ba belaelang, ba tlhaetse. Lefatshe la Afrika le a belaela, le tlhaela ka
ga se se gakgamatsang, go tlhaela le bareri ba ga Keresete yo o bapotsweng. Ba rera
Keresete yo o bapotsweng, mme e tla re ba sena go dira jalo bone ka bosi ba bapola
dipodi. Bowa Borwa jwa Afrika, le lefatshe la rona la Afrika Borwa! Tse o di dirileng go
bitsa tlhwatlhwa e kgolo e e sa ka keng ya duelwa ke motho. Ee, tota-tota di biditse, di
lopile gore go tshologe madi a ga Morwa Modimo, e le madi a Modimo, ka Jesu e le
Modimo ruri.
"Jalo he, a re tsweleng kwa go ene, kwa ntle ga bothibelelo, re sikare kgobo ya
gagwe." Fano mokwadi wa lokwalo o laletsa Bajuta bao ba ba neng ba dumela mo go
Keresete gore ba tswele mo pepeneneng, mo go tse di molemo, le mo go tse di bosula,
go tshegiwa, le go sotliwa, le go tlotlololwa ka ntlha ya tumelo, ke re: Le go swa tota ka
ntlha ya ga Keresete, re sa re sepe ka ntlha ya kgobo, le nyatsego. Re se re sepe ka
ntlha ya tseo, mme re lebe se le sengwe fela sa tse o di dirileng gore ene yo o neng a
sa dire sepe se se bosula, ga a ka a re sepe ka ga kgobo, le e seng ka ga nyatsego,
mme o ne "a phololeditswe ka ntlha ya maleo a rona, a teketelwa melato ya rona. Petso
ya mo wela gore rona re bone kagiso. Re fodisitswe ka dintho tsa gagwe." Tumelo ya
rona a e nne se se tshelang, e nne se se tshedisang le yo mongwe, e nne botshelo mo
go yo mongwe, e nne e tswelele e tshelwe mo motseng mmogo le ba bangwe, fela jalo
mo phuthegong. Ke sona se se tla supang gore tumelo ya rona ke se se tshelang. Ke
gore o tswele kwa ntle, o sikare kgobo ya ga Jesu. Mme wena o gopola jang ka thato
ya Modimo, fa o tshela tumelo ya gago fa gare ga ditsala tsa gago, a ga o na ditlhong
ka ntlha ya yona. A ga o lemoge gore tumelo ke kgobo, fa o tsamaya o le mo sekolong,
mo tirong, mo gae, mo toropong, o nyadiwa ka ntlha ya yona?
O dirang, fa go fisiwa maswalo mo medirong? fa go tlhajwa sengwe ka ntlha ya go
didimatsa badimo? Wena o ikanya mang? O gopolang gore thuso ya gago e tswa kae?
Go rewang ka ga dikopano le dipitso le diphitlho le metshameko ya Sontaga ka nako ya
tirelo-Modimo, gonne mo lefatsheng leno le le bidiwang le lešwa dithulaganyo tsa
lefatshe di ntse di emisiwa ka tsela e e reng o tshwanetse go tlhopha, o kgethe fa gare
ga kgobo, gongwe go boifa, gongwe ditlhong.
Gopola gore fano ga re na motse wa tlhomamo. Go tla go thusa ka eng gore o
iponele lefatshe lotlhe, mme o latlhegelwe ke botshelo jwa gago. Tsona tsa botshelo jo
bo sa khutleng o tla di latlhelang? Re bajaki mono. Ka moo re batla motse o o tlang. Ke
ona o re o eletsang, o re tabogelang mo go ona, ke raya motse o o neng o sa dirwe ka
diatla. Gopola gore botshelo jwa motse oo bo simolola ka kwano, bo simolola go
tshelwa ka kwano. Ba ba ratang go amogelwa mo motseng oo, ba ipaakanyetsa wona
ka kwano. O ka simolola le wena jaanong, kajeno. Manno a mo motseng oo ga a bitse
sepe, tuelo ya manno a gago e setse e duetswe, e lefetswe kwa ntle ga dikgoro tsa
motse wa Jerusalema.
Legae la me le kgakala, le mo legodimong. Kgoro ya lona e bulegile, kgoro ke Jesu. O
ka tla le wena, o tla kgona, o laleditswe le wena. Amen.
9. Thapelo: Morena, re a go leboga, ka o ne o sa gane ka sepe ka ntlha ya rona. O a
batla gore re tshele. Wa dira tiro, o e dirile o sa re sepe ka ntlha ya nyatsego le kgobo
gore o re baakanyetse manno mo motseng o o nnelang ruri, re nne legae ka go dumela
mo leineng la gago, ka go dumela boitshwarelo jo re bo baakanyeditsweng ka tshologo
ya madi a gago. Morena Jesu, re a leboga. Amen.
Thapelo ya Morena: Rara wa rona yo o mo legodimong ...
10.
Sefela sa 107 - 100/108
A kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e boloke dipelo tsa rona le maikutlo a
rona mo go Keresete Jesu, Morena, Morepholosi. Amen.
Thero eno e kwadilwe ke Jakob Nkambule, ka gwaga wa 1996/2002
Kgatiso le go rongwa ga dithero tseo go tshegediwa ke kopano e e bidiwang The Lutheran Heritage Foundation.

Documentos relacionados

Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong Thero ka moletlo wa go gopola

Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong Thero ka moletlo wa go gopola molelwane wa boammaruri le tshokamo o leng teng. A re tsenyeng mo moletlong ono ka go ikgakolola gore: I. Bontšhwafatso ke sefapaano sa katlholo: Ditsala Moreneng, mo ditemaneng 26-27, Morena o bu...

Más detalles

Speech 1: Etsha 6

Speech 1: Etsha 6 BOBEDI KE YONE FELA E E KA EMELWANG KE DIKGOSI TSA YONE TSA SETSO KO NTLONG YA DIKGOSI. EBILE KE TSONE FELA TSE DI NANG LE LEHATSHE. BA TLA BO BA LE KO SHAKAWE, SEPTEMBER 4 KA 10:00 AM; GUMARE, SEP...

Más detalles