AGANGSA DL LEAFLET_setswana

Transcripción

AGANGSA DL LEAFLET_setswana
NGAKA
MAMPHELA RAMPHELE
Moeteledipele wa rona
Mamphele Ramphele o lwetse tshiamo botshelo
jwa gagwe jotlhe ka go sa lape, ka maikaelelo le
boeteledipele jwa maemo a a kwa godimo.
Ka a itemogetse leuba, kgethololo le bosetlhogo
jwa mapodisi jaaka ngwana yo a goletseng kwa
metsemageng ya Limpopo, o neetse botshelo jwa
gagwe mo go ageng Aforika Borwa o o botoka o re
ka ikgantshang ka one.
Jaaka moithuti le ngaka ya mošwa, o dirile ka natla go
rulaganya go nna kgatlhanong le tlhaolele le go thusa
kwa metsaneng ya bahumanegi.
Ka nako eo, a na le Steve Biko le Barney Pityana, o
ne a tlhama mmogo Black Consciousness Movement
– setheo sa motheo se se tlisitseng tsholofelo le
seriti go batho ba bantsho, se thusa dimilione tsa
MaAforika Borwa go nna kgatlhanong le tlhaolele.
Ngaka Ramphele o itse bodutu le tshotlego ya go
tshwarwa ntle le go sekisiwa le go kganelwa go tsaya
karolo mo polotiking, fela ga a ke a itlhoboga ka
tshepiso ya kgololosego.
Jaaka mongwe wa baeteledipele ba botlhokwa ka
nako ya kgaratlhela go nna kgatlhanong le tlhaolele,
o lebile thata ga jaana maemo a setšhaba sa rona
– naga ya rona e e rategang e e gobaditsweng ke
bobodu le bosenyi, le dimilione tsa baagi ba ba
santseng ba tlhoka ka ntlha ya maemo a boitekanelo
a a kwa tlase, thuto e e kwa tlase le go tlhoka
ditšhono tsa tiro.
Ngaka Ramphele, motlatsa motšhanselara wa pele
wa Yunibesithi ya Cape Town, molaodi mokaedi wa
World Bank le moeteledipele wa intaseteri, ga jaana o
boetse mo dipolotiking, a tsaya kgwetlho e ntšha ya
tsholofelo, seriti le tekatekano.
Lebelela puo ya thotloetso ya Ngaka Ramphele
mo You Tube, se se neetsweng ka thankgololo ya
AgangSA ka Seetebosigo 2013.
www.youtube.com/user/AgangSouthAfrica
AGANGSA DL LEAFLET_setswana.indd 1
TSHOLOFELO
SERITI
TEKATEKANO
KGOLOLOSEGO
VOUTELA
BOKAMOSO JWA
RONA JO BO
TSWELELANG
Voutela AgangSA ka 2014
Go vouta ke tshwanelo ya RONA
le maikarabelo a RONA
Voutu nngwe le nngwe
e botlhokwa
agang-sa
Nna leloko la AgangSA mme o
busetse tshepiso ya kgololosego
www.agangsa.org.za
agangsa
Netefatsa gore o ikwadiseditse go vouta
Etela www.elections.org.za (Khomišene e e
Ikemetseng ya Ditlhopo)
SMSa nomoro ya gago ya ID go 32810
PUSETSO YA
TSHEPISO YA
Go a kgonega
KGOLOLOSEGO
Mamphela
Ramphele
2013/12/17 6:37 PM
Rona MaAforika Borwa re tswa
kgakala fa e sa le tlhaolele e
fela, fela puso ya ANC ga e ise e
bonako.
Dingwaga di le 20 ke tse di ntsi
go letela ditiro le dintlo tse di
lebegang, thuto le boitekanelo tsa
boleng jo bo siameng, mebila e e
babalesegileng le tirelo ya sepodisi
e e re sireletsang botlhe.
Ga re a lwela le go swela mo
kgaratlhong gore dimilione tsa
baagi ka rona ba bo ba santse
ba tshelela mo botlhoking – jaaka
baagi ba ba lebetsweng – fa
batlhankedi ba ba bobodu le ditsala
tsa bone ba utswetsa MaAforika
Borwa ditshwanelo tsa bone.
AGANGSA DL LEAFLET_setswana.indd 2
DIPHOLISI
Ka kopo etela webosaete e www.agangsa.org.za
go lebelela dipholisi tsa rona. Ka kopo tsena mo
tsamaisong ya Zwakala go re thusa go di utlwatsa
sentle. Zwakala ke lefoko la Sezulu le le kayang
Utlwala. Re rata gore akaretsa batshegetsi botlhe
ba rona mo dipuisanong le go tlhama maemo
a dipholisi mmogo, ka gonne re lekoko le le
utlwelelang le go nna le maikarabelo mo bathong.
Re na le o mongwe wa melaotheo
o o tswang kwa pele mo lefatsheng
o o theilweng mo melawaneng ya
setšhaba sa rona: seriti, tekatekano
le kgololosego. AgangSA e itlama go
lwela ditshwanelo tse. Re neelana ka
tsholofelo go baagi ba rona botlhe.
TSHEPISO
Botala ke mmala wa kgolo
e ntšha, maatla a a foreše le
lekoko le le tlhaloganyang
gore re tlhoka tikologo e e
itekanetseng gore re nne le
ikonomi e e siameng le baagi ba
ba tsweletseng, gompieno le mo
tshikeng ya isago – gore go nne
le go go lekaneng go botlhe, ka
bo sa feleng.
MMALA WA
RONA O
MOTALA
Agang e kaya go Aga ka
Sesotho, e bong nngwe
ya dipuo tsa semmuso tse
11 tsa Aforika Borwa. Re
na le dikhutlotharo tse 11
mo letshwaong la rona tse
di emetseng puo nngwe le
nngwe. Re kopa MaAforika
Borwa otlhe go dira mmogo
go Aga Aforika Borwa o o
Botoka.
AGANG
Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng
puso e ntšha e e tlhophilweng ya
ANC e tshepisitse kgololosego –
kgololosego mo botlhoking, go
tlhoka seriti, botlhokatiro, setlhogo
sa sepodisi le thuto le ditirelo tsa
boitekanelo tse di kwa tlase. Ga go
na phetogo e kalo. AgangSA e itlama
go busetsa tshepiso ya kgololosego.
PUSETSO
Kgololosego e batla puso e e phepa.
Ga go na kgotlelelo epe ya bantlhankedi ba ba bobodu.
KGOLOLOSEGO
E KAYA
Matlo a a lebegang e bile a na le
metsi, kgeleloleswe le motlakase
Pabalesego le tshireletsego
tikologong ya rona
Ditirelo tsa boitekanelo tsa
porofešenale tse di tlhokomelang
mongwe le mongwe
Thuto e ntle e e thusang moithuti
mongwe le mongwe go ka bona tiro
Ditiro tsa mongwe le mongwe gore
go se nne le ope yo o tshelelang mo
botlhoking
Puso e e phepa e e sa letleng
bosenyi gotlhelele
MAIKEMISETSO
A RONA
Tshekeletsa ya rona e e
motsopodia ya mebala
e bontsha tshwaragano
mo dipharologanong,
le go tsamaela kwa go
rona. Maikemisetso a rona
ke go busetsa tshepiso ya
kgololosego. Go dira jalo, re
tlhoka ikonomi e e siameng
e bile e na le boikarabelo.
AgangSA ke lekoko la baagi
botlhe ba Aforika Borwa.
AGANG I AKHANI I AKANI I AHANG I PFATANI I BOU I BUILD
2013/12/17 6:37 PM

Documentos relacionados

Speech 1: Etsha 6

Speech 1: Etsha 6 MME GAGENTE WA LONA O IPONYE PHOSO YA GO LEMOGA NTLHA E, KA MOTSOTSO WA BOFELA. A RE O MASWABI GORE A BO A BONE SELO NAKO E SETSE ELE GAUFI, EBILE BAEMEDI BA LONA BA SETSE BA EMELETSE KO DIKGAOLONG...

Más detalles