Malwetse a dintšwa a bakiwang ke diparasiti tsa letlalo

Transcripción

Malwetse a dintšwa a bakiwang ke diparasiti tsa letlalo
Malwetse a dintšwa a bakiwang
ke diparasiti tsa letlalo
—go tlhaloganya sebaki le thibelo—
– SETSWANA –
agriculture
Lefapha la
Temothuo
REPABOLEKI YA AFORIKA BORWA
M
alwetse a letlalo mo dintšweng ke bothata jo bogolo mo dikgaolong
tsa lebopo. Mangwe a malwetse a, a ka baka dintsho mme go
botlhokwa go a alafa ka bonako. O ka botsa motlhankedi wa
boitekanelo jwa diphologolo, ngaka ya diphologolo kgotsa koporasi ya
temothuo go bona kgakololo ya go re o ka laola jang ditshenekegi le
dibokwana tse di bakang malwetse a letlalo.
Malwetse a a botlhokwa thata a dintšwa a letlalo a tlhaloswa mo lekwalong
le:
 Bolwetse ba letlalo ba
sarcoptic le demodectic
 Tlhaselo ya ntsi
 Kilano/aleji ya malomo
a matsetse.
Bolwetse ba letlalo ba
sarcopic
B
olwetse jo bo bakiwa ke setshedinyana se se nnye se se bidiwang
“mite” se o ka se se boneng kwa ntle ga makerosekoupu. Bo bidiwa
Sarcoptes scabei. Fa ntšwa ya gago e na le bolwetse jo, o tla bona e
tlhotlhonelwa le go ingapa mme bowa bo tla kgoboga go dikologa matlho le
mo mmeleng otlhe. Dintlha tsa tsebe di tla omelela mme ditshedinyana di
tla bonwa mo tlhogong, mo ditsebeng, mo nkong le mo kotung ya mogatla.
Fa o akanya go re ntšwa ya gago e na le bolwetse jo, tsweetswee etela
ngaka ya diphologolo ka ntlha ya fa bo fetelela le mo bathong.
Bolwetse ba letlalo ba demodectic
S
etshedinyana se se nnye se o ka se se boneng kwa ntle ga
makerosekoupu se se bidiwang Demodex canis se baka bolwetse
ba letlalo ba “demodectic”. Fa ntšwa ya gago e na le mohuta o wa
bolwetse o tla fitlhela sefatlhego le maoto a kwa pele a kgoboga gotlhelele
le go nna le sekgwakgwa. Ga bo tlhotlhone mme seno ke sona se bakang
pharologano ya bolwetse jo le ba “sarcoptic”. Ga bo fetelele mo bathong.
Le fa go le jalo, dintšwa tse di nang le bolwetse jo di na le dibokwana
kgotsa ga di bone dijo tse di lekaneng. Ka jalo go botlhokwa go fedisa
dibokwana le go oketsa dijo tsa tsona le go di tlhapisa ka dipi e o ka e
rekang mo koporasing kgotsa kwa ngakeng ya diphologolo.
O ka bona tshedimosetso ya go ya pele mo webeng e:
http://www.marvistavet.com/html/demodectic_mange.html
Setshedinyana sa dintšwa se se tlhotlhonang
S
etshedinyana se se bidiwang “Cheyletiella” se baka bolwetse jo.
Se segolo go na le ditshedinyana tse dingwe tse di tsenang dintšwa
mme dinako dingwe se bidiwa “sekerefole
se se tsamayang” ka ntlha ya fa se le sesweu.
Se tlhotlhona thata mme gantsi ga se bake
tatlhegelo ya bowa. Bolwetse jo le bona bo
fetelela le mong mme bo bonwa e le dipatso
tse di nnye tse di tlhotlhonang tse di tšhibidu
tse ka tlwaelo di nnang mo letlalong le le boleta
la letsogo kgotsa mpa. Bo bonolo go alafiwa ka
dipi go tswa kwa koporasing ya balemirui kgotsa
kwa ngakeng ya diphologolo.
Ntsi e e tlhaselang dintšwa
N
tsi ya ntšwa (Stomoxys calcitrans)
le ntsi e ntsho di loma ditsebe
tsa dintšwa mme di bake
sekgwakgwa le go tswa madi. Se se ka
thibelwa ka go laola dintsi (dintsi tse di
tsalela mo mosutelong le mo podisong/
kompose) le ka go tshasa beselina
kgotsa sekoba dintsi mo ditsebeng. O se ke wa tshasa mo godimo ga diso
mme o tshase fela mo tikologong ya tsona.
Kilano/aleji ya malomo a matsetse
L
etsetse la, Ctenocephalides felis, ke pharasaete e e tlwaelesegileng
ya dintšwa le dikatse e e ka lomang le batho. Dintšwa dingwe di ilana
thata le matsetse mme di tlhotlhonelwa thata. Dipatso tse di tšhibidu
di bonala mo setlhaneng le mo mokokotlong fa dintšwa di ingwaya mo
fanitšhareng kgotsa mo dikaleng. O tshwanetse wa alafa ntšwa le lefelo le
e robalang mo go lona ka melemo e e laolang matsetse. E ka rekwa kwa
ngakeng ya diphologolo kgotsa kwa koporasing ya temothuo kgotsa le kwa
lebenkeleng le legolo la dithoto.
Taolo ya letsetse e botlhokwa thata go seng jalo o ka fitlhela ntlo ya gago
yotlhe e tletse matsetse mme wena le ntšwa ya gago la tlhotlhonelwa le go
nnela go ingwaya!
Lekwalo le le teng le mo webeng ya��: www.nda.agric.za/publications
2007
Le rulagantswe ke
Lephata la Ditirelo tsa Tshedimosetso la Temothuo
Le gatisitswe le go phasalatswa ke
Lefapha la Temothuo
Le bonwa kwa
Setheong sa Metswedi, Lephata la Ditirelo tsa Tshedimosetso la Temothuo
Private Bag X144, Pretoria, 0001 South Africa

Documentos relacionados

Na o tla tseba jwang hore o na le TB?

Na o tla tseba jwang hore o na le TB? e be o kula ha bonolo haholo. Bo bong ba malwetse a tlwaelehileng haholo boo o ka kenwang ke bona ke TB.  Ho bohlokwa hore ha o na le HIV o etse hlahlobo ya TB mme ha o na le TB o etse diteko tsa...

Más detalles

`Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo`?

`Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo`? Jesu o ne a itse gore go botsa dipotso tse di tshwanetseng, go thusa motho yo o rutang gore a ithute mo gontsi ka moithuti mme gape go thusa moithuti gore a nne le seabe mo motlotlong. Ka sekai, fa...

Más detalles