`Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo`?

Transcripción

`Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo`?
M AY 1 5, 201 3
34567
DITLHOGO TSA THUTO
JULY 1-7
Diragatsa Seabe
sa Gago sa go Nna
Moefangele
TSEBE 3
˙
DIPINA: 103, 102
JULY 8-14
A o ‘Tlhoafaletse
Ditiro Tse di
Molemo’?
TSEBE 8
˙
DIPINA: 108, 93
JULY 15-21
Nonotsha Lenyalo la
Gago ka Puisano e
e Molemo
TSEBE 14
˙
DIPINA: 36, 87
JULY 22-28
Batsadi le Bana
—Buisanang ka
Lorato
TSEBE 19
˙
DIPINA: 88, 3
JULY 29–AUGUST 4
Sireletsa Boswa Jwa
Gago ka go Dira
Ditshwetso Tse
di Botlhale
TSEBE 26
˙
DIPINA: 14, 134
DITLHOGO TSA THUTO
ˇ Diragatsa Seabe sa Gago sa go Nna Moefangele
Go kaya eng go nna moefangele? Setlhogo seno se araba
potso eno mme se bontsha lebaka la go bo batho ba tlhoka
go utlwa dikgang tse di molemo. Gape se tlhalosa kafa re ka
kgonang ka teng go diragatsa seabe sa rona sa go nna baefangele.
LONDON, ENGELANE
KHABARA: Bokgaitsadi ba rerela mong
wa lebenkele ba dirisa dikgatiso tsa
puo ya Se-Gujarati, kwa bokonebophirima jwa London
ˇ A o ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’?
Setlhogo seno se sekaseka ditsela tse pedi tsa kafa go ‘tlhoafalela ditiro tse di molemo’ go ka ngokelang batho kwa Modimong ka gone. (Tito 2:14) Tsela e nngwe ke ka go dira tiro ya
rona ya go rera. E nngwe ke ka boitshwaro jwa rona jo bo siameng.
Diphuthego Tse di Buang Puo e Sele
Ditlhopha Tse di Buang Puo e Sele
80
ˇ Nonotsha Lenyalo la Gago ka Puisano e e
Molemo
ˇ Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato
60
40
20
Go botlhokwa gore banyalani ba nne le puisano e e molemo
gore ba nne le lenyalo le le itumetseng le gore ba itumelele botshelo mo lelapeng. Setlhogo sa ntlha se tlhalosa dinonofo tse
di ka re thusang gore re buisane sentle. Setlhogo sa bobedi se
bontsha gore batsadi le bana ba ka dira jang gore go se ka ga
nna le dilo tse di ka ba kgoreletsang go buisana.
0
1992
2002
2012
GAPE MO MAKASINENG ONO
13 Dipotso Tse di Tswang Kwa
Babading
24 Lebaka La go Bo Botshelo Jwa
Rona Bo na Le Bokao
31 Go Tswa mo Mabolokelong
a Rona
ˇ Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso
Tse di Botlhale
Bakeresete ba na le boswa bofe jwa semoya? Re ka ithuta
eng ka boswa jwa rona mo sekaong se se re tlhagisang sa ga
Esau? Re ka tsaya dikgato dife tse di ka re thusang go dira ditshwetso tse di botlhale malebana le boswa jwa rona?
Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno.
34567
Kgatiso eno ga e rekisiwe. Ke karolo ya tiro e e dirwang mo
lefatsheng lotlhe ya go ruta batho Baebele mme e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Ditemana tse
di mo kgatisong eno di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya
Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, kwantle ga
fa go supilwe ka tsela nngwe. Koo NW e latelang morago
ga temana nngwe gone go supa gore temana eo e ranotswe go tswa go New World Translation of the Holy Scriptures—With References ya puo ya Seesemane.
May 15, 2013
Vol. 134, No. 10 Semimonthly TSWANA
The Watchtower (ISSN 0043-1087) is published semimonthly by Watchtower Bible and Tract Society of
New York, Inc.; L. Weaver, Jr., President; G. F. Simonis,
Secretary-Treasurer; 25 Columbia Heights, Brooklyn,
NY 11201-2483, and by Watch Tower Bible and Tract
Society of South Africa NPC, 1 Robert Broom Drive East,
Rangeview, Krugersdorp, 1739. 5 2013 Watch Tower
Bible and Tract Society of Pennsylvania. All rights
reserved. Printed in South Africa.
DIRAGATSA SEABE SA
GAGO SA GO NNA
MOEFANGELE
“Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa
gago ka botlalo.”
—2 TIM. 4:5.
O TLA ARABA JANG?
Moefangele ke eng?
Ke eng fa batho ba tlhoka go
utlwa dikgang tse di molemo?
Baefangele ba ba atlegileng ba
dira eng?
MOEFANGELE ke mongwe yo o bolelang dikgang tse di
molemo. Jehofa Modimo ke ene Moefangele wa ntlhantlha.
Morago fela ga gore batsadi ba rona ba ntlha ba tsuologe,
Jehofa o ne a bolela dikgang tse di molemo tsa gore noga
—Satane Diabolo—e tla senngwa. (Gen. 3:15) Go ralala makgolokgolo a dingwaga, Jehofa o ne a tlhotlheletsa banna ba
ba ikanyegang go kwala dintlha tse di malebana le kafa kgobo e tla tlosiwang ka gone mo leineng la gagwe, kafa tshenyo e e bakilweng ke Satane e tla dirololwang ka gone le
kafa batho ba tla boang gape ba nna le masego a a ileng a
latlhegela Adame le Efa ka gone.
2 Baengele le bone ke baefangele. Ba bolela dikgang tse
di molemo e bile ba thusa ba bangwe go rera dikgang tse di
molemo. (Luke 1:19; 2:10; Dit. 8:26, 27, 35; Tshen. 14:6) Go
tweng ka moengele yo mogolo e bong Mikaele? Fa Jesu a
ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhomela batho sekao sa go
nna moefangele. Tota e bile, botshelo jwa gagwe bo ne bo
remeletse mo go rereng dikgang tse di molemo!—Luke 4:
16-21.
3 Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba nne baefangele. (Math. 28:19, 20; Dit. 1:8) Moaposetoloi Paulo o ne
a rotloetsa modirimmogo le ene e bong Timotheo jaana:
“Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” (2 Tim. 4:5) Ke dikgang dife tse di molemo tse rona balatedi ba ga Jesu re di rerang? Di akaretsa boammaaruri jo
bo re tlhomamisetsang gore Rraarona yo o kwa legodimong
e bong Jehofa, o a re rata. (Joh. 3:16; 1 Pet. 5:7) Tsela ya konokono e Jehofa Modimo a re bontshang ka yone gore o a
re rata ke ka Bogosi jwa gagwe. Ka jalo, re itumelela go bolelela ba bangwe gore botlhe ba ba ikobelang puso ya Bogosi, ba ba utlwang Modimo, le ba ba dirang se se siameng,
ba ka nna le kamano le ene ka go nna ditsala tsa gagwe.
(Pes. 15:1, 2) Tota e bile, boikaelelo jwa ga Jehofa ke go fedisa pogo e e bakiwang ke tshiamololo. Gape o tla tlosa bo1. Ke eng fa go ka twe Jehofa ke Moefangele wa ntlhantlha?
2. (a) Baengele ba na le seabe sefe mo tirong ya boefangele? (b) Jesu
o tlhometse baefangele sekao sefe?
3. (a) Dikgang tse di molemo tse re di rerang ke dife? (b) Ke dipotso
dife tse re tlhokang go di sekaseka e re ka re le baefangele?
3
tlhoko jo bo bakiwang ke go gopola pogo e e diregileng mo nakong e e fetileng. Ruri tseno ke
dikgang tse di molemo! (Isa. 65:17) E re ka le
rona re le baefangele, a re sekasekeng dikarabo tsa dipotso tseno tse pedi tsa botlhokwa: Ke
eng fa go le botlhokwa gore batho ba utlwe dikgang tse di molemo gompieno? Mme re ka
kgona jang go diragatsa seabe sa rona sa go
nna baefangele ka katlego?
KE ENG FA BATHO BA TLHOKA GO UTLWA
DIKGANG TSE DI MOLEMO?
4 Akanya fela o bolelelwa gore rraago o go
latlhile wena le lelapa lotlhe la gaeno. Gongwe
batho ba ba reng ba a mo itse ba go bolelela gore ke motho yo o seng botsalano, o bofitlha e bile o setlhogo. E bile ba bangwe ba ka
nna ba re ga go thuse sepe go leka go mmatla
ka gonne o sule. Seo ke sone se batho ba le
bantsi ba se boleletsweng ka Modimo. Ba rutiwa gore Modimo ke masaitseweng le gore
o setlhogo. Ka sekai, baeteledipele bangwe ba
bodumedi ba re Modimo o tla otlhaya batho
ba ba bosula ka bosakhutleng kwa lefelong la
tlhokofatso. Bangwe ba re Modimo ke ene yo o
bakang masetlapelo a tlholego. Tota le fa ditiragalo tseno di bolaya batho ba ba molemo le
ba ba bosula, ba re ke kotlhao e e tswang kwa
Modimong.
5 Bangwe ba gatelela kgang ya gore ga go na
Modimo. Mo kgannyeng eno, akanya ka thuto
ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna
tse dingwe. Batho ba le bantsi ba ba e buelelang ba re botshelo bo nnile gone ka bojone
fela, ga bo a tlhamiwa ke mongwe yo o botlhale. Ba re ga go na Mmopi. Bangwe ba re motho
le ene ke phologolo fela, ka jalo, ga go gakgamatse fa batho ba itshwara ka tsela ya bophologolo. Ba re fa batho ba ba nang le maatla ba
gatelela batho ba ba bokoa ka bosetlhogo, ba a
bo ba latela se go tweng ke melao ya tlholego fela. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ba le
4. Ke dilo dife tse di seng boammaaruri tse ka dinako
dingwe batho ba di bolelelwang ka Modimo?
5, 6. Batho ba amilwe jang ke thuto ya go iphetogela
ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe le dithuto
tse dingwe tsa maaka?
4
bantsi ba dumela gore tshiamololo e tla nna e
ntse e le gone. Ka gone, batho ba ba ikanyang
thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone
go nna tse dingwe ga ba na tsholofelo ya mmatota.
6 Ga go pelaelo gore thuto ya go iphetogela
ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe le dithuto tse dingwe tsa maaka, ke tsone di baketseng batho mathata a a leng gone mo metlheng eno ya bofelo. (Bar. 1:28-31; 2 Tim. 3:
1-5) Dithuto tseno tsa batho di dirile gore batho ba se ka ba itse dikgang tse di molemo tsa
mmatota le tse di nnelang ruri. Go na le moo,
jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa, di dirile
gore batho ba nne ba le “mo lefifing mo mogopolong e bile ba kgaogane le botshelo jo e
leng jwa Modimo.” (Baef. 4:17-19) Mo godimo
ga moo, thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka
botsone go nna tse dingwe le dithuto tse dingwe tsa maaka di dirile gore batho ba se ka ba
amogela dikgang tse di molemo tse di tswang
kwa Modimong.—Bala Baefeso 2:11-13.
7 Gore batho ba letlane le Modimo, sa ntlha
ba tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa
o gone le gore go na le mabaka a a utlwalang
a gore ba atamalane le ene. Re ka kgona go ba
thusa gore ba nne le kitso eno ka go ba kgothaletsa gore ba ithute ka popo. Fa batho ba ithuta ka popo ba iketleeleditse go amogela dikgopolo tse disha, ba kgona go ithuta ka botlhale
jwa Modimo le maatla a gagwe. (Bar. 1:19, 20)
Fa re batla go thusa batho gore ba nne le kanaanelo fa ba akanya ka se Mmopi wa rona yo
ˇ
Mogolo a se dirileng, re ka dirisa diboroutshara tseno tse pedi, Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? le The Origin of Life—Five Questions Worth
Asking. Le fa go ntse jalo, batho ba ba ithutang
popo fela ba ka se bone dikarabo tsa dipotso
tse go leng thata go di araba tse di jaaka: Ke
eng fa Modimo a letleletse pogo? Boikaelelo
jwa Modimo ke eng ka lefatshe? A Modimo o
amega ka nna?
8 Go ithuta Baebele ke gone fela go ka thusang batho gore ba tlhaloganye ka botlalo di7, 8. Tsela e le nngwe fela e ka yone batho ba ka tlhaloganyang ka botlalo dikgang tse di molemo ke efe?
TORA YA TEBELO
10
Gore re fitlhelele dipelo
tsa bareetsi ba rona, re
tshwanetse go ba
tlhotlheletsa
kgang tse di molemo malebana le Modimo le
boikaelelo jwa gagwe. Ruri ke tshiamelo go bo
re kgona go thusa batho go bona dikarabo tsa
dipotso tsa bone! Le fa go ntse jalo, gore re
fitlhelele dipelo tsa bareetsi ba rona, ga re a
tshwanela go ba naya tshedimosetso fela; re
tshwanetse go ba tlhotlheletsa. (2 Tim. 3:14) Re
ka kgona go tlhotlheletsa batho fa re etsa sekao sa ga Jesu. Ke eng fa a ne a atlega jaana?
Sengwe se se mo thusitseng ke gore o ne a dirisa dipotso ka tsela e e molemo. Re ka mo etsa
jang?
BAEFANGELE BA BA ATLEGILENG BA DIRISA
DIPOTSO KA TSELA E E MOLEMO
9
Fa re le mo bodireding, ke ka ntlha yang fa
re tshwanetse go botsa dipotso fela jaaka Jesu?
Akanya ka boemo jono: Ngaka ya gago e go bolelela dikgang tse di molemo. A re, a ka kgona
go alafa bolwetse jwa gago fa o ka dirwa karo e
kgolo. O ka nna wa mo dumela. Mme go tweng
fa a ka go solofetsa jalo a ise a go botse sepe ka
botsogo jwa gago? Seno se ka dira gore o se ka
wa mo ikanya. Le fa ngaka eo e ka tswa e na le
bokgoni go le kana kang, o tshwanetse go go
botsa dipotso a bo a reetse se o mmolelelang
sone ka matshwao a bolwetse jwa gago, pele
ga a ka go naya thuso e e tshwanetseng. Ka
tsela e e tshwanang, fa re batla go thusa batho gore ba amogele dikgang tse di molemo tsa
Bogosi, re tshwanetse go ithuta go botsa dipotso ka tsela e e molemo. Fa re sena go lemoga ka botlalo gore boemo jwa bone jwa semoya ke bofe, ke gone fela re ka kgonang go ba
thusa.
9. Fa e le gore re batla go thusa batho semoyeng, re
tshwanetse go dira eng?
MAY 15, 2013
Jesu o ne a itse gore go botsa dipotso tse
di tshwanetseng, go thusa motho yo o rutang
gore a ithute mo gontsi ka moithuti mme gape
go thusa moithuti gore a nne le seabe mo motlotlong. Ka sekai, fa Jesu a ne a batla go ruta
barutwa ba gagwe go nna boikokobetso, o ne a
simolola ka go ba botsa potso e e dirang gore
ba akanye. (Mar. 9:33) Jesu o ne a thusa Petere go akanya ka melaometheo mengwe ka
go mmotsa potso a bo a mo naya dikarabo di
le mmalwa tse a ka tlhophang mo go tsone.
(Math. 17:24-26) Mo lekgetlong lengwe, fa Jesu
a ne a batla go bona se se mo pelong ya barutwa ba gagwe, o ne a ba botsa dipotso tse di
neng di dira gore ba ntshe maikutlo a bone.
(Bala Mathaio 16:13-17.) Fa Jesu a ne a dirisa
dipotso a bo a tlhalosetsa batho dilo dingwe, o
ne a sa ntshe mabaka fela. O ne a ba ama dipelo, a ba tlhotlheletsa gore ba dire dilo go dumalana le dikgang tse di molemo.
11 Fa re etsa Jesu ka go botsa dipotso ka tsela e e molemo, seo se tla re thusa ka ditsela tse
tharo. Re tla lemoga kafa re ka thusang batho
ka tsela e e molemo ka teng, kafa re ka arabang batho ba ba ka nnang ba kgoreletsa puisano ka gone e bile re ka ruta batho ba ba ikokobeditseng kafa ba ka solegelwang molemo
ka teng ke se ba se ithutang. Akanya ka maemo a mararo a a bontshang kafa re ka dirisang
dipotso ka tsela e e molemo ka teng.
12 Boemo 1: Fa o le motsadi, o ne o tla dira
eng fa ngwana wa gago yo o mo dingwageng
tsa bolesome a go bolelela gore ga a kgone go
femela tumelo ya gagwe malebana le popo, fa
a bua le ngwana yo a tsenang sekolo le ene? Ga
go pelaelo gore o batla go mo thusa gore a kgone go rera dikgang tse di molemo a tlhatswegile pelo. Ka jalo, go na le go mo tshwaya phoso
kgotsa go itlhaganelela go mo naya kgakololo
ya gore a ka reng, ke eng fa o sa etse sekao sa
ga Jesu mme o mmotse dipotso tse di tla dirang
gore a akanye? O ka dira seo jang?
10, 11. Re ka kgona go fitlhelela eng fa re etsa tsela
ya ga Jesu ya go ruta?
12-14. O ka thusa jang ngwana gore a ikutlwe a gololesegile go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo?
Naya sekai.
5
Dipotso tse di molemo di . . .
13
1
thusa batho gore ba bone lebaka la go bo
ba dumela se ba se dumelang
2
tlhotlheletsa megopolo le dipelo tsa bone
gore ba amogele boammaaruri
3
ba thusa gore ba ntshe mabaka a a tla dirang
gore ba dire ditshwetso tse di siameng
Fa o sena go bala le ngwana wa gago dikaˇ
rolo dingwe tsa boroutshara jwa The Origin of
Life—Five Questions Worth Asking, o ka nna wa
mmotsa gore ke dintlha dife tse a boneng di ka
dira gore motho a akanye. Mo kgothaletse gore
a batle se se mo tlhotlheleditseng go dumela
gore go na le Mmopi le gore ke ka ntlha yang fa
a batla go dira thato ya Modimo. (Bar. 12:2) Dira
gore ngwana wa gago a itse gore ga go tlhokege gore mabaka a gagwe a tshwane le a gago.
14 Tlhalosetsa ngwana wa gago gore a ka nna
a dira jaaka o mmontshitse, fa a buisana le
ngwana yo a tsenang sekolo le ene. Seno se
raya gore ngwana wa gago a ka nna a sekaseka
dintlha dingwe, a bo a botsa motho yoo dipotso
tse di tla dirang gore a ntshe maikutlo a gagwe.
Ka sekai, a ka nna a kopa ngwana yo a tsenang
sekolo le ene gore a bale lebokose le le mo go
ˇ
tsebe 21 mo boroutshareng jwa Origin of Life.
Go tswa foo, ngwana wa gago a ka nna a mmotsa jaana, “A ke boammaaruri gore DNA e kgona go boloka tshedimosetso e ntsi go feta dikhomputara tsa gompieno?” Go ka direga gore
a arabe ka ee. Mme ngwana wa gago a ka nna
a botsa jaana, “Fa e le gore baitse ba dikhomputara ga ba kgone go dira gore khomputara e boloke tshedimosetso e ntsi jalo, go tla jang gore
DNA e kgone go dira jalo ka boyone fela?” Gore
o thuse ngwana wa gago gore a ikutlwe a gololesegile go tlotla le ba bangwe ka tumelo ya gagwe, gangwe le gape o ka nna wa ikatisa le ene.
Fa o mo thusa gore a dirise dipotso ka tsela e e
molemo, o tla bo o mo thusa gore a kgone go diragatsa seabe sa gagwe sa go nna moefangele.
15 Boemo 2: Fa re le mo bodireding, re kopana le batho ba ba belaelang gore Modimo o
teng. Ka sekai, motho a ka nna a re bolelela
gore ene ga a dumele gore Modimo o teng. Go
na le go letla gore se a se buang se kgoreletse
motlotlo, re ka nna ra mmotsa ka tlotlo gore o
na le nako e kae a dumela seo le gore ke eng se
se dirileng gore a ikutlwe jalo. Fa re sena go
utlwa karabo ya gagwe le go mo lebogela go
bo a akantse thata ka kgang eno, re ka nna
ra mmotsa gore a o akanya gore go phoso go
15. Re ka dirisa jang dipotso go thusa motho yo o sa
dumeleng gore Modimo o teng?
TORA YA TEBELO
bala sengwe se se nayang bosupi jwa gore go
na le mmopi. Fa e le gore mong wa ntlo o iketleeditse go amogela dikgopolo tse disha, a ka
nna a re ga go utlwale go gana go sekaseka bosupi jo bo ntseng jalo. Fa go ntse jalo, re ka
ˇ
nna ra mo naya boroutshara jwa Botshelo—A ke
Tiro ya Mmopi? kgotsa jwa The Origin of Life
—Five Questions Worth Asking. Fa re botsa dipotso ka tsela e e botlhale e bile re le pelonomi,
seo se ka dira gore motho a re neye tshono ya
go mmolelela dikgang tse di molemo.
16 Boemo 3: Fa re tshwere thuto ya Baebele,
re ka nna ra letla moithuti gore a bale dikarabo fela jaaka di ntse mo bukeng e re ithutang
Baebele ka yone. Le fa go ntse jalo, fa re dira
seo re ka nna ra dira gore moithuti a se ka a
gatela pele semoyeng. Ka ntlha yang? Ka gonne fa moithuti a bala dikarabo fela jaaka di
ntse mme a sa tlhatlhanye ka tsone, a ka nna
a se ka a nonofa semoyeng. Fela jaaka sejalo se
se swabang fa se utlwa mogote, le ene a ka
ineela motlhofo fa a ganediwa. (Math. 13:20,
21) Gore seo se se ka sa direga, re tshwanetse
go botsa moithuti gore o ikutlwa jang ka se a
ithutang sone. Leka go bona gore a o dumalana le dintlha tse a di ithutang. Sa botlhokwa le
go feta, dira gore a go bolelele lebaka la go bo
a di dumela kgotsa a sa di dumele. Go tswa
foo, mo thuse gore a beye mabaka ka Dikwalo
gore kgabagare a kgone go itirela ditshwetso
tse di siameng. (Baheb. 5:14) Fa re dirisa dipotso ka tsela e e molemo, batho ba re ithutang le bone ba ka nna le tumelo e e nonofileng
mme ba ka kgona go emelana le maiteko a ba
bangwe a go ba ganetsa kgotsa go ba tsietsa.
(Bakol. 2:6-8) Ke eng gape se re ka se dirang
gore re diragatse seabe sa rona sa go nna baefangele?
BAEFANGELE BA BA ATLEGILENG
BA A THUSANA
17
Jesu o ne a romela barutwa ba gagwe ka
bobedi ka bobedi gore ba ye go rera. (Mar. 6:7;
16. Ke eng fa re sa tshwanela go kgotsofalela fela gore
motho yo re ithutang Baebele le ene a bale dikarabo
mo bukeng e re ithutang Baebele ka yone?
17, 18. Fa o tsamaya le mongwe mo bodireding o ka
dirisana jang le ene?
MAY 15, 2013
Luke 10:1) Moragonyana, Paulo o ne a umaka
‘badirimmogo le ene’ ba ba “oleng ba tsoga le
[ene] mo dikgannyeng tse di molemo.” (Bafil.
4:3) Ka 1953, baboledi ba Bogosi ba ile ba simolola go thapisa ba bangwe mo bodireding e le
go dumalana le se Dikwalo di reng Jesu o ne a
se dira.
18 Fa re tsamaya le Mokeresete yo mongwe
mo bodireding, re ka dirisana jang le ene?
(Bala 1 Bakorintha 3:6-9.) Leba ditemana mo
Baebeleng ya gago fa mmoledi yo o tsamayang
le ene a di bala. Lebisa tlhokomelo ya gago mo
mothong yo o tsamayang le ene le mo go mong
wa ntlo fa ba ntse ba bua. Tlhoma mogopolo
mo go se se buiwang gore fa mong wa ntlo a
ganetsa, o kgone go thusa motho yo o tsamayang le ene. (Mor. 4:12) Le fa go ntse jalo, ela
tlhoko: Ithibe gore o se ka wa tsena motho yo o
tsamayang le ene ganong fa a tlhalosa dintlha
sentle. Matlhagatlhaga a gago a a feteletseng
a ka nna a mo kgoba marapo mme a tlhakanya mong wa ntlo tlhogo. Ka dinako dingwe go
ka nna molemo gore o nne le seabe mo motlotlong. Mme fa o batla go bua sengwe, bua dintlha tse dikhutshwane. Go tswa foo, letla motho yo o tsamayang le ene gore a tswelele ka
motlotlo.
19 Wena le motho yo o tsamayang le ene lo
ka thusana jang fa lo tswa mo ntlong e nngwe
lo ya kwa go e nngwe? Ke eng fa lo sa dirise nako eo go tlotla ka ditsela tse lo ka tokafatsang tsela e lo rerang ka yone? Ela tlhoko
gore o se ka wa bua dilo tse di kgobang marapo ka batho ba mo tshimong ya lona. Mme
gape, tila serai sa go nna o bua dilo tse di sa siamang ka Bakeresetemmogo le wena. (Dia. 18:
24) Go molemo gore re nne re gopola gore re
dijana tsa letsopa. Jehofa o re bontshitse bopelonomi jo bogolo ka go re naya letlotlo le legolo la go rera dikgang tse di molemo. (Bala
2 Bakorintha 4:1, 7.) Ka jalo, a rotlhe re bontshe gore re anaanela letlotlo leno ka go dira
bojotlhe fa re diragatsa seabe sa rona sa go nna
baefangele.
19. Go tla bo go le molemo gore re gopole eng mme
ka ntlha yang?
7
A O ‘TLHOAFALETSE
DITIRO TSE DI
MOLEMO’?
‘ Keresete Jesu o ne
a ineela ka ntlha ya
rona gore a intlafaletse
setlhopha sa batho ba
ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe,
ba ba tlhoafaletseng
ditiro tse di molemo.’
—TITO 2:13, 14.
O NE O KA RENG?
Ke eng fa o go tsaya e le tlotla
go tlhoafalela ditiro tse
di molemo?
BATHO ba le bantsi ba go tsaya e le tlotla e kgolo gore ba
newe sekgele ka gonne ba fitlheletse sengwe se se botlhokwa. Ka sekai, batho bangwe ba ile ba newa Sekgele sa Nobel ka go bo ba ile ba lwela gore go nne le kagiso magareng
ga mekgatlho e e sa utlwaneng kgotsa e e lwantshanang.
Ruri ke tlotla e kgolo go romiwa ke Modimo gore re nne baemedi ba gagwe gore re thuse batho go nna le kagiso le Mmopi wa bone!
2 Rona Basupi ba ga Jehofa ke rona fela re nang le tlotla
eno. Modimo le Keresete ba re laetse gore re kope batho gore
ba ‘letlane le Modimo.’ (2 Bakor. 5:20) Jehofa o a re dirisa
gore re gogele batho kwa go ene. Eno ke yone tsela e batho ba le dimilionemilione mo dinageng tse di fetang 235 ba
ileng ba thusiwa ka yone gore ba nne le kamano e e molemo
le Modimo, mme ka go dira jalo ba nne le tsholofelo ya go
bona botshelo jo bo sa khutleng. (Tito 2:11) Re laletsa batho
ka tlhoafalo e e tswang pelong gore “le fa e le mang yo o eletsang, a . . . tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshen. 22:17) E
re ka re anaanela kabelo eno e e botlhokwa e bile re e dira
ka tlhagafalo, go ka tshwanela gore re bidiwe batho “ba ba
tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.” (Tito 2:14) Mma jaanong re sekasekeng kafa go tlhoafalela ditiro tse di molemo
go ka re thusang ka gone go ngokela batho kwa go Jehofa.
Tsela nngwe e re ka dirang seo ka yone ke ka tiro ya rona ya
go rera.
ETSA TLHOAFALO YA GA JEHOFA LE JESU
Daniele 2:41-45 e gatelela jang
botlhokwa jwa go tlhoafala mo
bodireding?
Tlhalosa kafa boitshwaro jo bo
siameng bo ngokelang batho ka
gone mo kobamelong ya boammaaruri le kwa go Jehofa
Modimo.
8
3
Isaia 9:7 e bua jaana malebana le se puso ya Morwa Modimo e tla se dirang: “Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.” Mafoko ano a gatelela kafa Rraarona yo
o kwa legodimong a ratang thata go boloka batho ka teng.
Sekao sa ga Jehofa sa go tlhoafala se bontsha sentle gore tiro
e re e neilweng ke Modimo ya go nna bareri ba Bogosi e tlhoka gore re e dire ka pelo yotlhe, ka tlhagafalo le ka tlhoafalo. Keletso ya rona e kgolo ya go batla go thusa batho gore ba
itse Modimo e bontsha tlhoafalo e Jehofa a nang le yone. Ka
1, 2. Ke tlotla efe e Basupi ba ga Jehofa e leng bone fela ba nang le
yone, mme wena o ikutlwa jang ka yone?
3. “Tlhoafalo ya ga Jehofa” e re tlhomamisetsa eng?
TORA YA TEBELO
jalo, e re ka re le badirimmogo le Modimo, a
re ikemiseditse go nna le seabe ka botlalo go
rera dikgang tse di molemo go ya kafa maemo
a rona a re letlang ka gone?—1 Bakor. 3:9.
4 Gape akanya ka tlhoafalo ya ga Jesu. O
tlhomile sekao se se molemo thata sa go itshoka ka tlhoafalo mo bodireding. Le fa a ne a bogisiwa, o ne a nna a tlhoafaletse tiro ya go rera
go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng fa a ne a bolawa setlhogo. (Joh. 18:36,
37) Fa nako e e beilweng ya gore Jesu a swe loso
lwa go intsha setlhabelo e ntse e atamela, go
ikemisetsa ga gagwe go thusa batho ba bangwe
go itse Jehofa go ne ga oketsega.
5 Ka sekai, ka letlhabula la 32 C.E., Jesu o
ne a dirisa setshwantsho sa monna yo mo tshimong ya gagwe ya mofine, a neng a na le setlhare sa mofeige se se neng se sa ungwe ka
dingwaga tse tharo. Fa mmaakanyi yoo wa mofine a ne a laelwa gore a reme setlhare seo, o ne
a kopa go okelediwa nako gore a se tshele motshotelo. (Bala Luke 13:6-9.) E ne e le barutwa
ba le mmalwa fela ba ka nako eo ba neng ba
ka tsewa e le maungo a tiro ya go rera ya ga
Jesu. Mme jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno sa mmaakanyi wa mofine, Jesu o
ne a dirisa nako ya gagwe e khutshwane e e setseng—mo e ka nnang dikgwedi di le thataro
—go oketsa tiro ya gagwe ya go rera kwa Judea
le kwa Perea. Malatsi a se kae pele Jesu a swa, o
ne a lelela batho ba gaabo ba ba neng ba ‘utlwa
mme ba sa arabele.’—Math. 13:15; Luke 19:41.
6 E re ka jaanong re le mo garegare ga metlha eno ya bokhutlo, a ga re a tshwanela go
dira maiteko a a oketsegileng mo tirong ya rona
ya go rera? (Bala Daniele 2:41-45.) A bo e le
tshiamelo e kgolo jang ne go bo re le Basupi ba
ga Jehofa! Ke rona fela mo lefatsheng ba re kgonang go naya batho tsholofelo ya tharabololo
ya mmatota ya mathata a bone. Bosheng jaana
mokwadi mongwe wa lokwalodikgang o ne a
tlhalosa gore potso eno ga e na karabo, “Ke eng
4. Jesu o re tlhometse jang sekao sa go itshoka ka
tlhoafalo mo bodireding?
5. Ke eng se Jesu a neng a se dira go dumalana le setshwantsho sa gagwe sa setlhare sa mofeige?
6. Ke eng fa re tshwanetse go oketsa tiro ya rona mo
bodireding?
MAY 15, 2013
fa batho ba ba siameng ba diragalelwa ke dilo
tse di bosula?” Ke tshiamelo e bile ke maikarabelo a rona a Bokeresete, go bolelela batho
ba ba iketleeditseng go reetsa dikarabo tse di
tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse di tshwanang le tseno. Re na le lebaka le le utlwalang la
go ‘tuka mo moyeng’ fa re ntse re dira tiro e re
e neilweng ke Modimo. (Bar. 12:11) Modimo o
tla re segofatsa mme go rera ga rona ka tlhoafalo go ka thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa ba
bo ba mo rate.
MOYA WA GO INTSHA SETLHABELO
O TLOTLA JEHOFA
7
Jaaka re bone mo go se se diragaletseng
moaposetoloi Paulo, bodiredi jwa rona bo ka
dira gore ‘re se robale bosigo’ re bo re nne le
“dinako tsa go tlhoka dijo.” (2 Bakor. 6:5) Dipolelwana tseno di bontsha sentle moya wa go
intsha setlhabelo mme di ka re gopotsa babulatsela ba ba dirang gore bodiredi bo tle pele mo
matshelong a bone fa ba ntse ba itlamela ka se
ba se tlhokang. Gape akanya ka barongwa ba
ba ineetseng ba ba ‘itshololang jaaka tshupelo
¯
ya seno’ gore ba direle kwa dinageng di sele.
(Bafil. 2:17) Go tweng ka bagolwane ba rona
ba ba dirang ka natla, ba ka dinako dingwe ba
sa jeng kgotsa ba sa robale gore ba tlhokomele dinku tsa ga Jehofa? Gape re na le bagodi
le bangwe ba ba bokoa mo mmeleng ba ba lekang ka natla gore ba nne gone mo dipokanong
tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirelong
ya tshimo. Dipelo tsa rona di tlala kanaanelo
fa re akanya ka batlhanka bano ba Modimo ba
ba intshang setlhabelo. Seo se ama kafa ba bangwe ba lebang bodiredi jwa rona ka gone.
8 Mo lekwalong le monna mongwe yo e seng
Mosupi a neng a le kwalela lekwalodikgang la
Boston Target la kwa Lincolnshire, kwa United
Kingdom, o ne a re: “Batho ga ba tlhole ba ikanya madumedi . . . Baruti bano ba dikereke
ba dira eng letsatsi lotlhe? Ga go pelaelo gore
ga ba ye kwa bathong jaaka Keresete a ne a dira
. . . Bodumedi bo le bosi fela jo go bonalang bo
amegile ka batho, ke jwa Basupi ba ga Jehofa,
ba ba yang kwa bathong e bile ba nna le seabe
7, 8. Moya wa go intsha setlhabelo o tlotla Jehofa
jang?
9
Go nna gone mo bodireding go naya bosupi jo bogolo mo bathong ba ba lebileng
ka botlalo mo tirong ya go ba rerela boammaaruri.” Mo lefatsheng leno le le tletseng moya wa
go ikgotsofatsa, moya wa rona wa go intsha setlhabelo o tlotla Jehofa Modimo fela thata.—Bar.
12:1.
9 Ke eng se re ka se dirang fa go bonala e
kete ga re tlhole re tlhagafaletse bodiredi? Go
ka nna molemo gore re akanye ka se Jehofa a se
fitlhelelang ka tiro eno ya go rera. (Bala Baroma 10:13-15.) Gore batho ba bolokwe go ikaegile ka gore ba bontshe tumelo ka go bitsa leina la ga Jehofa, le fa go ntse jalo, batho ga ba ka
ke ba dira jalo fa re sa ba rerele. Go lemoga
seno go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re
nne re tlhoafetse mo ditirong tse di molemo le
go dira ka natla fa re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.
BOITSHWARO JO BO SIAMENG BO NGOKELA
BATHO KWA MODIMONG
10
Le fa tlhoafalo e le botlhokwa mo bodire-
9. Ke eng se se ka re tlhotlheletsang gore re nne re
tlhoafetse mo ditirong tse di molemo mo bodireding
jwa rona?
10. Ke eng fa go ka twe boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo ngokela batho kwa go Jehofa?
10
ding, ga e a lekana gore e ngokele batho kwa
Modimong. Sengwe gape se se ka ba ngokang
ke boitshwaro jwa rona jo bo siameng jwa Bokeresete. Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa
boitshwaro jwa rona fa a ne a kwala jaana: “Ka
tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopisa,
gore bodiredi jwa rona bo se ka jwa bonwa molato.” (2 Bakor. 6:3) Puo ya rona e e molemo le
boitshwaro jwa rona jo bo siameng di kgabisa
thuto ya Modimo, di dira gore batho ba bangwe
ba kgatlhegele kobamelo ya ga Jehofa. (Tito 2:
10) Tota e bile, gantsi re a tle re utlwe ka diphelelo tse di molemo fa batho ba ba peloephepa ba lemoga boitshwaro jwa rona jo bo tshwanang le jwa ga Keresete.
11 Boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo ka
dira gore batho ba batle go ithuta boammaaruri mme boitshwaro jwa rona jo bo sa siamang
jone bo ka dira gore batho ba se ka ba batla go
itse Jehofa. Ka jalo, le fa re ka tswa re le kwa tirong, kwa gae kgotsa kwa sekolong, re tshwanetse go dira gore go se ka ga nna le lebaka
11. Ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa diphelelo
tsa boitshwaro jwa rona ka thapelo?
TORA YA TEBELO
lepe la gore bodiredi jwa rona le boitshwaro jwa
rona bo tshwaiwe phoso. Fa re ka dira boleo ka
boomo, re tla nna le ditlamorago tse di botlhoko. (Baheb. 10:26, 27) Ntlha eno e tshwanetse
go dira gore re akanyetse ka thapelo se re se dirang le gore tsela e re tshelang ka yone e ama
batho ba bangwe jang. Fa melao ya boitsholo ya
lefatshe leno e ntse e senyegela pele, batho ba
ba peloephepa ba tla “bona . . . pharologanyo
. . . fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o
sa mo direlang.” (Mal. 3:18) Eleruri, boitshwaro
jwa rona jo bo molemo jwa Bokeresete bo na le
seabe se segolo go dira gore batho ba letlane le
Modimo.
12 Fa Paulo a ne a kwalela Bakorintha, o ne a
tlhalosa gore o ne a nna le dipitlagano le mathata, a itewa a bo a tsenngwa mo kgolegelong.
(Bala 2 Bakorintha 6:4, 5.) Fa tumelo ya rona e
lekiwa, boitshoko jwa rona bo ka thusa batho
ba ba re lebileng gore ba amogele boammaaruri. Ka sekai: Dingwaga tse di fetileng, go ne
ga dirwa maiteko a go fedisa Basupi ba ga Jehofa kwa Angola. Basupi ba babedi ba ba kolobeditsweng le batho ba le 30 ba ba kgatlhegang ba ba neng ba le kwa dipokanong tsa rona
ba ne ba tlhaselwa. Go tswa foo, batho ba lefelo leo ba ne ba bidiwa gore ba tle go bona fa
batho bano ba ntse ba itewa go fitlha ba tswa
madi. Tota le basadi le bana le bone ba ne ba
itewa ka tsela eno e e setlhogo. Maikaelelo a go
dira seo e ne e le go tshosa batho gore ba se
ka ba reetsa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse
jalo, fa ba sena go itewa batho ba ntse ba ba
lebile, batho ba le bantsi mo lefelong leo ba ne
ba kopa Basupi gore ba ithute Baebele le bone!
Morago ga foo, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya
tswela pele, mme ya felela ka koketsego e kgolo le masego a mantsi.
13 Sekai seno se bontsha kafa go emela melaometheo ya Baebele re nitame go ka amang
ba bangwe ka tsela e e molemo ka teng. Re
ka akanya fela kafa batho ba le bantsi ba neng
ba letlana le Modimo ka gone fa ba bona bopelokgale jwa ga Petere le baaposetoloi ba ba-
ngwe. (Dit. 5:17-29) Batho ba re tsenang sekolo le bone, ba re berekang le bone kgotsa ba
masika ba ka amogela boammaaruri fa ba bona
tsela e re emelang se se siameng ka yone.
14 Ka metlha go na le bakaulengwe bangwe
ba rona ba ba bogisiwang. Ka sekai, kwa Armenia, bakaulengwe ba ka nna 40 ba tsentswe mo
kgolegelong ka ntlha ya go se tseye letlhakore, mme go ka direga gore ba bangwe ba le bantsi ba tshwarwe mo dikgweding tse di tlang.
Kwa Eritrea, batlhanka ba ga Jehofa ba le 55
ba tsentswe mo kgolegelong mme bangwe ba
bone ke batho ba ba godileng ba ba nang le dingwaga di feta 60. Kwa Korea Borwa, Basupi
ba ka nna 700 ba tsentswe mo kgolegelong ka
ntlha ya tumelo ya bone. Boemo jono bo ntse bo
tsweletse ka dingwaga di le 60. Re rapela gore
boikanyegi jwa bakaulengwe ba rona ba ba bogisiwang kwa dinageng tse di farologaneng bo
dire gore Modimo a galalediwe le go thusa batho ba ba ratang tshiamo gore ba emele kobamelo ya boammaaruri.—Pes. 76:8-10.
15 Kgang fela ya gore re a ikanyega le yone
e ka ngokela batho mo boammaaruring. (Bala
2 Bakorintha 6:4, 7.) Ka sekai, akanya ka maitemogelo ano: Kgaitsadi mongwe o ne a tsenya
ˇ
madi mo motshineng wa dithekete mo beseng,
fa tsala ya gagwe e ne e mmolelela gore ga go
tlhokege gore a duele ka gonne o ne a tsaya loeto lo lokhutshwane. Kgaitsadi yoo o ne a mo
tlhalosetsa gore o ne a tshwanetse go duela tota
le fa e le gore o ne a tla fologa mo lefelong le le
latelang le bese e emang mo go lone. Morago ga
foo, tsala eo ya gagwe e ne ya fologa bese. Ka
yone nako eo, mokgweetsi wa bese o ne a botsa kgaitsadi yoo a re, “A o mongwe wa Basupi
ba ga Jehofa?” Kgaitsadi yoo o ne a mo araba ka
go re, “Ee, ke eng fa o botsa?” “Ke utlwile motlotlo wa lona o o malebana le go reka thekete
mme ke a itse gore Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba batho ba le mmalwa fela ba ba dirang
jalo e bile ba ikanyega mo dilong tsotlhe.” Dikgwedi di le mmalwa morago ga foo, monna
mongwe o ne a tla kwa go kgaitsadi yono kwa
dipokanong mme a mo raya a re, “A o a nkitse?
12-14. Tsela e re itshokelang go lekiwa ga tumelo ya
rona ka yone, e ka ama jang tsela e ba bangwe ba lebang bodiredi jwa rona ka yone? Naya sekai.
MAY 15, 2013
15. Naya sekai sa kafa go ikanyega go ka ngokelang
ba bangwe mo boammaaruring ka gone.
11
Batho ba lemoga boikanyegi jwa gago
le go dira ka natla ga gago
Ke nna mokgweetsi wa bese yo o neng a bua le
wena ka kgang ya go reka thekete. Fa ke bona
tsela e o neng o itshwere ka yone, ke ne ka dira
tshwetso ya gore ke ithute Baebele le Basupi
ba ga Jehofa.” Tsela e re itsegeng re ikanyega ka
yone e a re buelela gore re badiredi ba ba ikanyegang.
KA METLHA BONTSHA DINONOFO
TSE DI TLOTLANG MODIMO
16
Gape re dira seabe sa rona sa go ngokela
batho kwa go Jehofa fa re bontsha dinonofo tse
di jaaka bopelotelele, lorato le bopelonomi. Batho bangwe ba ba re lebileng ba ka nna ba eletsa go ithuta ka Jehofa, ka maikaelelo a gagwe
le ka batho ba gagwe. Mekgwa ya Bakeresete ba
boammaaruri le tsela e ba itshwarang ka yone
e farologane thata le tsela e batho ba ba itirang
e kete ba bontsha boineelo jwa bomodimo ba
itshwarang ka yone, e gantsi e leng leano la boitimokanyi fela. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba humisitswe ke go tsietsa letsomane la
bone ka go dirisa bontsi jwa madi a koleke gore
ba reke matlo le dikoloi tse di turang—mo lekgetlong lengwe mongwe o ne a reka ntlo ya
ˇ
ntsa e e nang le sedirisiwa se se fetlhang moya.
Ee ruri, bontsi jwa batho ba ba ipitsang balatedi ba ga Keresete ga ba ikaelela go ‘naya mahala.’ (Math. 10:8) Go na le moo, fela jaaka baperesiti ba ba tlhogoethata ba kwa Iseraele wa
bogologolo, ba “ruta fela ba gabile tlhwatlhwa”
—mme bontsi jwa dithuto tsa bone ga di dumalane le Dikwalo. (Mik. 3:11) Boitsholo joo jwa
boitimokanyi ga bo dire gore batho ba letlane
le Modimo.
17 Ka fa letlhakoreng le lengwe, dipelo tsa
batho di amiwa ke dithuto tsa boammaaruri
tsa Bakeresete le ditiro tse di molemo tse ba
di direlang baagisani ba bone. Ka sekai, nako
nngwe fa mmulatsela mongwe a ne a rera ka
ntlo le ntlo, motlholagadi mongwe yo o tsofetseng o ne a mo raya a re a tsamaye. O ne a
mmolelela gore fa a ne a kokota o ne a palame
setepise a leka go tsenya tleloupo. Mmulatsela
yono o ne a mo raya a re: “Ga go a babalesega
gore o itsenyetse tleloupo o le esi.” Go tswa foo
o ne a mo tsenyetsa tleloupo eo a bo a tsamaya.
Fa morwa wa mosadi yoo a utlwa ka se se diragetseng, o ne a kgatlhiwa ke seo thata jaana mo
a neng a leka go batla mokaulengwe yoo gore a
mo leboge. Kgabagare morwa yono o ne a amogela thuto ya Baebele.
18 Ke eng fa o ikemiseditse go tswelela o dira
ditiro tse di molemo? Lebaka e ka nna gore o
itse gore fa re bontsha go tlhoafalela bodiredi le
go dira dilo go dumalana le thato ya Modimo,
re tlotla Jehofa e bile re thusa ba bangwe gore
ba bolokwe. (Bala 1 Bakorintha 10:31-33.) Go
tlhagafalela ditiro tse di molemo fa re rera dikgang tse di molemo le tsela e re itshwarang
ka yone go dumalana le thato ya Modimo, go
tlhotlhelediwa ke keletso e kgolo ya go bontsha
gore re rata Modimo le batho. (Math. 22:37-39)
Fa re tlhagafaletse ditiro tse di molemo, re tla
segofadiwa fela thata ka gore re itumele re bo re
kgotsofale gone jaanong. Mo godimo ga moo,
re ka leba pele mo nakong e ka yone batho botlhe ba tla bong ba tlhagafaletse kobamelo ya
boammaaruri e e tlotlang Mmopi wa rona Jehofa.
17, 18. (a) Re tlotla Jehofa jang fa re bontsha dinono-
16. Ke eng fa dinonofo tse di jaaka bopelotelele, lora-
to, le bopelonomi di ama dipelo tsa batho? Naya sekai.
12
fo tsa gagwe mo botshelong? (b) Ke eng se se go tlhotlheletsang gore o tswelele o dira ditiro tse di molemo?
TORA YA TEBELO
DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING
A Baiseraele ba ne ba bolaya
dikebekwa ka go di kaletsa mo koteng?
ˇ
ˇ Ditshaba di le dintsi tsa bogologolo di
ne di bolaya dikebekwa dingwe ka go di
bapola mo koteng. Baroma ba ne ba bofelela batho kgotsa ba ba kokotela mo koteng, mme ba ne ba tswelela ba tshela malatsi a le mmalwa pele ga ba bolawa ke go
utlwa botlhoko, lenyora, tlala kgotsa maemo a bosa. Baroma ba ne ba tsaya go bolaya motho ka go mmapola e le kotlhao e
e tlhabisang ditlhong e e neng e newa dikebekwa tsa maemo a a kwa tlase thata.
ˇ
Go tweng ka setshaba sa Iseraele sa bogologolo? A Baiseraele ba ne ba bolaya dikebekwa ka go di bapola mo koteng? Molao wa ga Moshe o ne o laela jaana: “Fa go
direga gore go nne le boleo mo mothong
jo bo tshwanelang kotlhao ya loso, mme a
bolailwe, o mo kaleditse mo koteng, setopo sa gagwe se se ka sa nna bosigo jotlhe
mo koteng; o mo fitlhe mo go lone letsatsi
leo.” (Dute. 21:22, 23) Ka jalo, go bonala
sentle gore ka nako ya go kwalwa ga Dikwalo tsa Sehebera, motho yo o neng a
tshwanelwa ke go swa o ne a bolawa pele
mme a bo a pegiwa mo koteng kgotsa mo
setlhareng.
Go dumalana le seo, Lefitiko 20:2 ya re:
“Motho ope wa bomorwa Iseraele, le moagi ope wa moeng yo o agileng mo Iseraele e le moeng, yo o nayang Moleke bana
bape ba gagwe, ruri a bolawe. Batho ba lefatshe leo ba mo kgobotletse go fitlha a
swa.” Batho bape fela ba ba neng ba na le
“moya o o buang le meya mo go [bone]
kgotsa moya o o bolelelang pele,” le bone
ba ne ba tshwanetse go bolawa. Jang? Ka
go ba ‘kgobotletsa ka maje.’—Lefi. 20:27.
Re bala jaana mo go Duteronome 22:23,
24: “Fa go direga gore go bo go na le moMAY 15, 2013
setsana wa kgarebane yo o beeleditsweng
ke monna, mme monna mongwe a bo a
mo fitlhetse mo motseng a bo a lala le ene,
lo ba ntshetse kwa ntle kwa kgorong ya
motse oo boobabedi lo ba kgobotletse ka
maje, mme ba swe, mosetsana ka lebaka
la gore o ne a se ka a goa mo motseng,
le monna ka lebaka la gore o tlontlolotse
mosadi wa mongwe ka ene. Ka jalo o tlose se se bosula mo gare ga gago.” Ka jalo,
mo Baiseraeleng ba bogologolo, mokgwa
o gantsi o neng o dirisiwa go bolaya motho yo o dirileng tiro nngwe e e bosula, e
ne e le wa go mo kgobotletsa ka maje.1
Go bonala sentle gore ka nako
ya go kwalwa ga Dikwalo tsa
Sehebera, motho yo o neng a
tshwanelwa ke go swa o ne a
bolawa pele mme a bo a pegiwa
mo koteng kgotsa mo setlhareng
Duteronome 21:23 ya re, “yo o kaleditsweng ke yo o hutsitsweng ke Modimo.”
Go pega setopo sa motho yo o dirileng
dilo tse di bosula, yo o “hutsitsweng ke
Modimo” mo koteng gore se bonwe ke batho, e ne e tla nna tlhagiso mo Baiseraeleng ba bangwe.
1 Bakanoki ba le bantsi ba dumalana gore go ya ka
Molao wa ga Moshe, sekebekwa se ne se bolawa pele ga
mmele wa sone o ka kalediwa mo koteng. Le fa go ntse
jalo, go na le bosupi jwa gore mo lekgolong la ntlha la
dingwaga, Bajuda ba ne ba bapola dikebekwa dingwe
di ntse di tshela, mme di bo di swela mo koteng.
13
NONOTSHA LENYALO
LA GAGO KA PUISANO
E E MOLEMO
“Lefoko le le builweng
ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le
diapole tsa gouta mo
dilong tse di setilweng
tsa selefera.”—DIA. 25:11.
O TLA ARABA JANG?
Go bontsha temogo go tokafatsa
jang puisano mo lenyalong?
Ke eng fa banyalani ba tshwanetse go tlotlana?
Go lwela go nna le boikokobetso
go ka dira jang gore lenyalo le
atlege?
MOKAULENGWE mongwe wa kwa Canada o ne a re: “Ke
itumelela go fetsa nako le mosadi wa me go na le go e fetsa
le motho ope o sele. Fa ke na le ene, boitumelo jwa me bo a
oketsega mme kutlobotlhoko ya me e a fokotsega.” Monna
mongwe wa kwa Australia o ne a re: “Mo dingwageng di le
11 tse re di feditseng re le mmogo, ga go letsatsi lepe le le
ileng la feta ke sa bua le mosadi wa me. Nna le ene ga re
tshwenyege ka gore lenyalo la rona le ka nna la koafala. Lebaka la konokono la go bo go ntse jalo ke ka gonne re buisana ka metlha e bile re bulelana mafatlha.” Kgaitsadi mongwe wa kwa Costa Rica o ne a re: “Puisano e e molemo e
nonotshitse lenyalo la rona; e dirile gore re atamalane le Jehofa, e re sireleditse mo dithaelong, e dirile gore re nne seoposengwe ya bo ya dira gore lorato lwa rona lo gole.”
2 A wena le molekane wa gago lo nna le motlotlo o o itumedisang kgotsa go thata gore lo bulelane mafatlha? Go a
utlwala gore ka dinako dingwe go ka tsoga dikgotlhang, ka
gonne lenyalo le kopanya batho ba babedi ba ba sa itekanelang ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng, go akaretsa le
mekgwa e e bontshang tsela e motho a godisitsweng ka yone
kgotsa gore ke wa setso sefe. (Bar. 3:23) Mo godimo ga moo,
banyalani ba ka tswa ba na le mekgwa e e farologaneng ya
go buisana. Ke gone ka moo batho bangwe ba ba batlisisang
ka dikgang tsa lenyalo e bong John M. Gottman le Nan Silver ba neng ba re: “Go tlhokega gore motho a bo a le pelokgale, a ititeile sehuba e bile a na le boitshoko gore a nne le
kamano e e nnelang ruri.”
3 Eleruri go tlhokega gore batho ba dire ka natla gore ba
nne le lenyalo le le atlegileng. Mme gone, go dira jalo go nna
le diphelelo tse di itumedisang thata. Banyalani ba ba rata1. Puisano e e molemo e thusitse banyalani jang?
2. Ke dilo dife tse di ka dirang gore go se ka ga nna le puisano e e
molemo mo lenyalong?
3. Ke eng se se thusitseng banyalani bangwe gore ba nonotshe lenyalo la bone?
14
TORA YA TEBELO
nang ba ka kgona go tshela mmogo ba itumetse tota. (Mor. 9:9) Akanya ka lenyalo la ga Isake le Rebeka le le neng le na le lorato. (Gen. 24:
67) Tota le morago ga go fetsa nako e ntsi e le
monna le mosadi, ga go bonale lorato lwa bone
lo ile lwa koafala. Go ntse fela jalo le ka banyalani ba le bantsi gompieno. Sephiri sa bone ke
eng? Ba ithutile go bulelana mafatlha ka boikanyegi, mme gone ba dira jalo ka bopelonomi,
ba leka ka natla go bontsha temogo, lorato, tlotlo e e boteng le boikokobetso. Fela jaaka re tla
bona, fa go na le dinonofo tseno tsa botlhokwa
mo lenyalong, go tla nna motlhofo gore banyalani ba buisane.
BONTSHA TEMOGO
4
Diane 16:20 ya re: “Yo o bontshang temogo
mo kgannyeng o tla bona molemo.” Ruri polelo eo e boammaaruri mo kgannyeng ya lenyalo
le botshelo jwa lelapa. (Bala Diane 24:3.) Lefoko la Modimo ke lone le ka re nayang temogo le
botlhale. Genesise 2:18, e re bolelela gore Modimo o ne a dira mosadi gore e nne mothusi wa
monna e seng gore a tshwane le ene. Seabe sa
gagwe se bonala mo tseleng e a buisanang le
monna wa gagwe ka yone. Gone ke boammaaruri gore batho ga ba tshwane, mme basadi ba
le bantsi ba rata go bua ka maikutlo a bone,
ka batho le ka dikamano tsa bone. Ba itumelela puisano e e lorato e e ba letlang gore ba
ntshe se se mo mafatlheng, ka gonne seno se
ba tlhomamisetsa gore ba a ratiwa. Banna ba le
bantsi bone ga ba rate go tlhalosa maikutlo a
bone mme gantsi ba bua ka dilo tse ba di dirang, mathata le kafa ba ka a rarabololang ka
gone. E bile banna ba rata go tlotliwa.
5 Kgaitsadi mongwe wa kwa Boritane a re:
“Monna wa me o rata go itlhaganelela go rarabolola mathata a ke mmolelelang one, go na le
gore a ntheetse. Seno se mpetisa pelo fela thata fa se ke se tlhokang e le fela gore mongwe a
nkutlwele botlhoko.” Monna mongwe o ne a re:
“Fa nna le mosadi wa me e ne e le gone re nyalanang, ke ne ke le bonako go mo naya tharabololo ya bothata bongwe le bongwe jo a mpolelelang jone. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae
4, 5. Temogo e ka thusa jang banyalani gore ba tlha-
loganyane botoka? Naya dikai.
MAY 15, 2013
ke ne ka ithuta gore se tota a se tlhokang ke
mongwe yo o ka mo reetsang.” (Dia. 18:13; Jak.
1:19) Monna yo o nang le temogo o akanyetsa
maikutlo a mosadi wa gagwe mme o leka go
dira dilo ka tsela e e tshwanetseng. Mme gape
o tlhomamisetsa mosadi wa gagwe gore o amega ka maikutlo a gagwe le dikakanyo tsa gagwe.
(1 Pet. 3:7) Mme mosadi ene o leka go tlhaloganya tsela e monna wa gagwe a lebang dilo ka
yone. Fa monna le mosadi ba tlhaloganya seabe sa bone se se tlhalositsweng mo Dikwalong
mme ba se anaanela e bile ba se diragatsa, kamano ya bone e nna sengwe se se itumedisang.
Mo godimo ga moo, ba kgona go dira mmogo
le go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale le e e
tekatekano.
6 Banyalani ba ba nang le temogo ba a itse
gore go na le “nako ya go didimala le nako ya
go bua.” (Mor. 3:1, 7) Kgaitsadi mongwe yo o
nang le dingwaga di le lesome a nyetswe a re:
“Gone jaanong ke a lemoga gore go na le dinako dingwe tse go sa tshwanelang gore ke tsose
kgang nngwe. Fa monna wa me a na le tiro e
ntsi kgotsa a na le maikarabelo mangwe, ke fetisa nako go se kae pele ga ke bua dilo dingwe.
Seno se felela ka gore re nne le puisano e e molemo.” Basadi ba ba nang le temogo ba bua ka
tsela e e molemo, ba lemoga gore lefoko “le le
builweng ka nako e e tshwanetseng” le a itumedisa e bile le a anaanelwa.—Bala Diane 25:11.
7 Monna wa Mokeresete o tshwanetse go diragatsa seabe sa gagwe, e seng fela ka go reetsa
se mosadi wa gagwe a se buang mme gape o
tshwanetse go leka go ntsha maikutlo a gagwe
ka tsela e e utlwalang. Mogolwane yo o nang
le dingwaga di le 27 a nyetse a re: “Ke tshwanetse go leka ka natla gore ke bolelele mosadi
wa me se se mo pelong ya me.” Mokaulengwe
yo o nang le dingwaga di le 24 a nyetse a re:
“Ka dinako dingwe ga ke ntshe maikutlo a me,
ke akanya gore, ‘Fa ke sa bue ka kgang eno, e
tla feta.’ Le fa go ntse jalo, ke lemogile gore go
ntsha maikutlo a me ga go kaye gore ke motho yo o bokoa. Fa go le thata gore ke ntshe
6, 7. (a) Molaomotheo o o mo go Moreri 3:7 o ka thusa banyalani jang go bontsha temogo? (b) Mosadi a ka
bontsha jang temogo, mme monna ene o tshwanetse
go leka go dira eng?
15
Go direlana dilo tse dinnye go
ka dira gore lenyalo le atlege
maikutlo, ke a rapela gore ke kgone go bua mafoko a a siameng, ka tsela e e siameng. Go tswa
foo, ke goga moya ke bo ke simolola go bua.”
Sengwe gape se se ka thusang ke nako e e siameng, gongwe ka nako ya fa banyalani ba le
bosi ba bala temana ya letsatsi kgotsa ba bala
Baebele mmogo.
8 Sengwe gape sa botlhokwa se monna le
mosadi ba tshwanetseng go se dira ke go rapela le go leka ka natla go tokafatsa tsela e ba buisanang ka yone. Boammaaruri ke gore go thata
go fetola tsela e motho a tlwaetseng go dira dilo
ka yone. Mme fa banyalani ba rata Jehofa, ba
kopa moya wa gagwe, e bile ba leba lenyalo la
bone le le boitshepo, ba tla nna le sengwe se se
ba tlhotlheletsang se batho ba le bantsi ba se
nang sone. Mosadi yo o nang le dingwaga di le
26 a nyetswe a re: “Nna le monna wa me re tsaya tsela e Jehofa a lebang lenyalo ka yone masisi, ka jalo ga re ke re akanya ka go kgaogana.
Seno se dira gore re dire ka natla gore re rarabolole mathata a rona ka go buisana ka one.”
Boikanyegi jo bo ntseng jalo le boineelo jwa bomodimo bo itumedisa Modimo mme bo felela
ka masego a mantsi.—Pes. 127:1.
NONOTSHANG LORATO LWA LONA
9
Lorato, e leng “sebofo se se itekanetseng
8. Ke eng gape se se thusitseng banyalani ba Bakeresete gore manyalo a bone a atlege?
9, 10. Banyalani ba ka nonotsha lorato lwa bone ka
ditsela dife?
16
sa kutlwano,” ke nonofo e e botlhokwa thata
mo lenyalong. (Bakol. 3:14) Lorato lwa mmatota lo a gola fa nako e ntse e feta le fa monna
le mosadi ba lebana le dinako tse di itumedisang le tse di sa itumediseng ba le mmogo. E
nna ditsala tse di atamalaneng thata e bile ba
itumelela go nna mmogo. Manyalo a a ntseng
jalo ga a nonotshiwe fela ke go direlana dilo dingwe tse dikgolo jaaka go bontshiwa mo metsweding ya tshedimosetso, mme a nonotshiwa ke dilo tse dinnye—go tlamparelana, mafoko
a a bontshang bopelonomi, go dira sengwe se
se bontshang go akanyetsa yo mongwe, monyenyo o o amang pelo kgotsa go botsa mongwe o
re, “letsatsi la gago le ne le ntse jang?” Dilo tseno tse dinnye di ka thusa thata mo lenyalong.
Banyalani bangwe ba ba nang le dingwaga di le
19 ba nyalane ba re ba buisana ka mogala mo
tsamaong ya letsatsi kgotsa ba romelelana melaetsa “e le fela go bona gore yo mongwe o tlhotse jang.”
10 Lorato le lone lo tlhotlheletsa banyalani
gore ba tswelele ba ithutana. (Bafil. 2:4) Fa ba
itsane, lorato lwa bone lo tla nonofa le go feta
le fa gone ba sa itekanela. Lenyalo le le atlegileng ga le a ema felo go le gongwe mme le a nonofa fa nako e ntse e ya. Ka jalo, fa e le gore
o mo lenyalong, ipotse jaana: ‘Ke itse molekane
wa me go le kana kang? A ke tlhaloganya tsela
e a ikutlwang ka yone ka dilo dingwe le kafa a
akanyang ka gone? Ke ga kae ke akanyang ka
molekane wa me, gongwe ke akanya ka dinonoTORA YA TEBELO
fo tsa gagwe tse di dirileng gore ke mo kgatlhegele?’
BONTSHANANG TLOTLO
11
Tota le manyalo a a itumetseng ga se gore
ga a na mathata e bile ga se ka metlha banyalani ba ba ratanang ba bonang dilo ka tsela e e tshwanang. Ga se ka metlha Aborahame
le Sara ba neng ba dumalana ka sengwe le sengwe. (Gen. 21:9-11) Le fa go ntse jalo, dikgotlhang ga di a ka tsa dira gore ba arogane. Ka
ntlha yang? Ba ne ba tshwarana ka seriti e bile
ba tlotlana. Ka sekai, Aborahame o ne a raya
Sara a re, “tsweetswee.” (Gen. 12:11, 13) Mme
Sara ene o ne a ikobela Aborahame a mo tsaya
e le “morena” wa gagwe. (Gen. 18:12) Fa banyalani ba sa tlotlane, gantsi seno se bonala mo
tseleng e ba buisanang ka yone le segalo sa lentswe. (Dia. 12:18) Fa ba sa rarabolole bothata
jwa bone, lenyalo la bone le ka thubega.—Bala
Jakobe 3:7-10, 17, 18.
12 Batho ba ba sa tswang go nyalana ba
tshwanetse go dira ka natla gore ba buisane ka
bopelonomi le ka tlotlo, fa ba dira jalo, ba tla
buisana ba gololesegile e bile ba sa fitlhe sepe.
11. Ke eng fa go le botlhokwa thata gore banyalani ba
tlotlane gore lenyalo la bone le atlege? Bontsha.
Monna mongwe o ne a re: “Le fa dingwaga tsa
ntlha tsa lenyalo di itumedisa, gape di ka dira
gore o ikutlwe o tlhakane tlhogo. Go ithuta tsela e mosadi wa gago a ikutlwang ka yone, tsela e a dirang dilo ka yone le se a se tlhokang
—le ene a dira jalo ka wena—go ka nna ga se ka
ga nna motlhofo! Le fa go ntse jalo, go ka nna
molemo gore lo rarabolole dilo ka tsela e e siameng, lo se ka lwa tsaya sengwe le sengwe masisi mme lo nne le dinonofo tse di nonotshang
lenyalo tse di jaaka, boikokobetso, bopelotelele
le go ikaega ka Jehofa.” Ruri seno se boammaaruri!
BONTSHA BOIKOKOBETSO JWA MMATOTA
13
Puisano e e molemo mo lenyalong e
tshwana le molatswana o o elelang ka iketlo mo
tshingwaneng. Go nna “boikokobetso mo mogopolong” go botlhokwa thata gore go nne go
na le puisano. (1 Pet. 3:8) Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di le 11 a nyetse a
re: “Boikokobetso ke tsela e e bonako ya go rarabolola dikgotlhang ka gonne bo go tlhotlheletsa gore o re, ‘Intshwarele.’ ” Mogolwane mongwe yo o nang le dingwaga di le 20 a le mo
lenyalong le le itumetseng a re: “Ka dinako dingwe mafoko a a reng ‘Intshwarele’ a botlhokwa go feta a a reng ‘Ke a go rata.’ ” Gape o ne
12. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba sa tswang go nya-
lana ba tshwanetse go dira ka natla gore ba buisane ka
tlotlo?
Tswelelang lo buisana
sentle mo lenyalong
la lona
13. Ke eng fa boikokobetso bo le botlhokwa thata
gore lenyalo e nne le le itumetseng?
a re: “Sengwe se se ka go thusang ka bonako
gore o nne le boikokobetso ke thapelo. Fa nna
le mosadi wa me re rapela Jehofa mmogo, seno
se re gopotsa gore re batho ba ba sa itekanelang
le gore re tlhoka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. Seo se nthusa gore ke lebe
dilo ka tsela e e tshwanetseng.”
14 Boikgogomoso jone bo dira gore go se ka
ga nna le kutlwano. Bo kgoreletsa puisano ka
gonne bo dira gore batho ba se ka ba batla go
kopa maitshwarelo. Motho yo o ikgogomosang
o dira diipato go na le gore a bue ka boikokobetso a re, “Ke maswabi; tsweetswee intshwarele.” Go na le gore a amogele phoso ya gagwe, o
tshwaya motho yo mongwe phoso. Fa a utlwile
botlhoko, go na le gore a batle go dira kagiso, o
a kgopisega gongwe e bile a ipusolosetsa ka go
bua mafoko a a botlhoko kgotsa o a ngala. (Mor.
7:9) Boikgogomoso bo ka senya lenyalo. Go molemo go gopola gore “Modimo o ganetsa ba ba
mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.”—Jak. 4:6.
15 Boammaaruri ke gore go tla bo go se botlhale gore banyalani ba akanye gore ba ka fitlha boikgogomoso jwa bone. Ba tshwanetse go
bo lemoga mme ba baakanye dilo ka bonako.
Paulo o ne a raya Bakeresetemmogo le ene a re:
“A letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baef. 4:26, 27) Fa re sa reetse Lefoko la
Modimo, seo se ka felela ka go ngomoga pelo
mo go sa tlhokegeng. Kgaitsadi mongwe o ne
a bua jaana a utlwile botlhoko: “Ka dinako dingwe nna le monna wa me ga re a ka ra dirisa
kgakololo e e mo go Baefeso 4:26, 27. Seo se ne
sa felela ka gore go nne le dinako tse ka tsone
re neng re sa robale sentle!” Ruri go tla bo go le
botoka go ipeela mokgele wa go tlotla ka dilo
ka bonako ka boikaelelo jwa go itshwarelana!
Boammaaruri ke gore banyalani ba ka nna ba
tlhoka nako ya gore ba ritibale maikutlo. Gape
go tla bo go le molemo go rapela ba kopa Jehofa gore a ba thuse go nna le mogopolo o o sia-
meng. Seno se akaretsa go nna boikokobetso e
leng se se tla go thusang go tlhoma mogopolo
mo go se e leng bothata, e seng mo go wena, e
se re gongwe wa dira gore maemo a nne maswe
le go feta.—Bala Bakolosa 3:12, 13.
16 Boikokobetso le bonolo bo ka thusa motho yo o leng mo lenyalong gore a tlhome mogopolo mo dilong tse di molemo tse molekane
wa gagwe a kgonang go di dira. Ka sekai: Mosadi a ka tswa a na le bokgoni bongwe jo bo ka
thusang lelapa. Fa e le gore monna wa gagwe o
ikokobeditse e bile o boingotlo, a ka se akanye
gore o tshwanetse go gaisa mosadi wa gagwe
ka sengwe le sengwe, go na le moo, o tla mo
kgothaletsa gore a dirise bokgoni jwa gagwe,
mme ka go dira jalo o tla bo a bontsha gore o a
mo anaanela e bile o a mo rata. (Dia. 31:10, 28;
Baef. 5:28, 29) Mme mosadi yo o boikokobetso
le yo o boingotlo ene ga a kitla a ikgantsha ka
bokgoni jwa gagwe kgotsa a nyatsa monna wa
gagwe. Kana e bile, bobedi jono ke “nama e le
nngwe” mme fa yo mongwe a utlwa botlhoko,
yo mongwe le ene o utlwa botlhoko.—Math. 19:
4, 5.
17 Ga go pelaelo gore o batla gore lenyalo la
gago le tshwane le la ga Aborahame le Sara
kgotsa la ga Isake le Rebeka—le le itumetseng,
le le nnelang ruri le le le tla leretseng Jehofa
pako. Fa o batla gore go nne jalo, tswelela o leba
lenyalo ka tsela e Modimo a le lebang ka yone.
Batla temogo le botlhale mo Lefokong la gagwe.
Lwela go nna le lorato lwa mmatota—“kgabo ya
ga Jah”—ka go akanya ka tsela e e bontshang
gore o anaanela molekane wa gago. (Sefela 8:6)
Dira ka natla gore o nne le boikokobetso. Tlotla molekane wa gago. Fa o dira jalo, lenyalo la
gago le tla dira gore o itumele wena mmogo le
Rraago yo o kwa legodimong. (Dia. 27:11) Eleruri maikutlo a gago a ka tshwana le a monna
mongwe yo o nang le dingwaga tse 27 a nyetse,
yo o neng a re: “Ga ke kgone go akanya ke tshela kwantle ga mosadi wa me. Lenyalo la rona le
nna le nonofa letsatsi le letsatsi. Seno ke ka gonne re rata Jehofa e bile re buisana ka metlha.”
14. Boikgogomoso bo ka ama lenyalo jang?
16. Boikokobetso bo ka thusa jang banyalani gore ba
15. Tlhalosa kafa molaomotheo o o mo go Baefeso 4:
lebe bokgoni jo ba nang le jone ka tsela e e siameng?
26, 27 o ka thusang banyalani ka gone go lepalepana
le mathata a a ka tlhagang mo lenyalong.
17. Ke eng se se ka thusang gore manyalo a gompieno
18
e nne a a itumetseng mme a leretse Modimo pako?
TORA YA TEBELO
BATSADI LE BANA
—BUISANANG KA
LORATO
“Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go
nna bonako go utlwa,
bonya go bua, bonya
go shakgala.”—JAK. 1:19.
O TLA ARABA JANG?
Ke eng fa go le botlhokwa gore
re iphe nako ya go buisana?
“FA KA tsela nngwe o ne o ka utlwa gore batsadi ba gago
ba tlile go tlhokafala ka moso, ke eng se o neng o tla batla
go ba bolelela sone gompieno?” Eo ke potso e e neng ya bodiwa bana ba le makgolokgolo kwa United States. Go na le
gore ba tlhome mogopolo mo mathateng a bone le dilo tse
ba sa dumalaneng ka tsone le batsadi ba bone, diperesente
di le 95 tsa bana bao ba ne ba re ba tla raya batsadi ba
bone ba re: “Intshwarele” kgotsa ba re, “Ke go rata thata.”
—For Parents Only, ka Shaunti Feldhahn le Lisa Rice.
2 Ka kakaretso fela, bana ba rata batsadi ba bone mme
le batsadi ba rata bana ba bone. Gantsi go ntse jalo mo malapeng a Bakeresete. Le fa gone bana le batsadi ba eletsa
go atamalana, ka dinako dingwe, go nna thata go buisana.
Tota le fa ba kgona go buisana ba phuthologile, ke eng fa
go na le dikgang dingwe tse di sa buiweng gotlhelele? Ke
dilo dife tse di ka kgoreletsang puisano e e molemo? Mme
seno se ka rarabololwa jang?
‘ITHEKELENG’ NAKO YA GO BUISANA
Malapa a le mantsi a fitlhela go le thata go nna le nako
e e lekaneng ya go nna le puisano e e molemo. Go ne go sa
nna jalo bogologolo. Moshe o ne a laela borre ba Baiseraele jaana: “O . . . jalele [mafoko a Modimo] kwa teng mo go
morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le
fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Dute.
6:6, 7) Bana ba ne ba fetsa letsatsi lotlhe gongwe ba na le
bommaabone kwa gae kgotsa ba na le borraabone kwa masimong kgotsa kwa lefelong la bone la tiro. Batsadi le bana
ba ne ba na le nako e ntsi ya gore ba tlotle mmogo. Ka jalo,
batsadi ba ne ba kgona go itse dilo tse bana ba bone ba
neng ba di tlhoka, se ba se ratang le botho jwa bone. Bana
3
Batsadi ba ka dirisa jang kgakololo e e mo go Jakobe 1:19?
Bana ba ka dirisa jang kgakololo
e e mo go Jakobe 1:19?
1, 2. Ka kakaretso fela, batsadi le bana ba ikutlwa jang mongwe ka
yo mongwe, mme ka dinako dingwe ba lebana le mathata afe?
3. (a) Ke eng fa malapa a le mantsi a na le kgwetlho ya go nna le puisano e e molemo? (b) Ke eng fa malapa a le mantsi a kwa Iseraele wa
bogologolo a ne a se na bothata fa go tla mo kgannyeng ya go fetsa
nako mmogo?
19
Lo se ka lwa letla go ikgogona kgotsa go dira dilo tse dingwe go kgoreletsa puisano mo lelapeng la lona
le bone ba ne ba na le nako e e lekaneng ya
gore ba itse batsadi ba bone sentle.
4 Ruri dilo di farologane gompieno! Kwa dinageng dingwe bana ba simolola go tsena keˇ
retshe ba sa ntse ba le bannye thata, ka dinako dingwe ba le dingwaga di le pedi fela.
`
Bomme le borre ba le bantsi ba bereka kgakala thata le legae. Fa batsadi ba na le bana, gantsi ga ba kgone go buisana ka gonne ba fetsa
nako e ntsi ba le mo khomputareng, ba lebile
thelebishene kgotsa ba dirisa didirisiwa tse dingwe tsa ileketeroniki. Gantsi bana le batsadi
ba tshela matshelo a a farologaneng; go ntse
jaaka e kete ke batho ba ba sa itsaneng. Ba nna
le puisano e e molemo ka sewelo.
5 A o ka ‘ithekela’ nako mo dilong tse dingwe gore o e fetse le ba lelapa la gago? (Bala
Baefeso 5:15, 16.) Malapa mangwe a dumalana
ka gore ba fokotse nako e ba e dirisang ba lebile thelebishene kgotsa ba dirisa khomputara. A mangwe a leka ka natla gore ba je mmo4. Ke eng fa malapa a le mantsi a na le kgwetlho ya go
buisana?
5, 6. Ke jang batsadi bangwe ba ‘ithekelang’ nako
gore ba e fetse le bana ba bone?
20
go le fa e ka nna gangwe ka letsatsi. Mme ruri
thulaganyo ya kobamelo ya lelapa e naya batsadi le bana tshono e e molemo ya gore ba
nne le nako ya go atamalana le go tlotla ka dilo
tsa semoya ba phuthologile! Go beela ura e le
nosi kwa thoko beke le beke gore ba dire seno
ke sengwe se se molemo, mme gone go tlhokega go le gontsi gore malapa a nne le puisano e e tswang pelong. Gore ba fitlhelele seno,
ba tshwanetse go nna le puisano e e molemo
ka metlha. Pele ga ngwana wa gago a ya sekolong, mmolelele sengwe se se kgothatsang,
bala le ene temana ya letsatsi, kgotsa o rapele
le ene. Go dira jalo go ka dira gore a nne le letsatsi le le molemo.
6 Batsadi bangwe ba ile ba kgona go dira diphetogo mo matshelong a bone gore ba kgone
go fetsa nako e ntsi le bana ba bone. Ka sekai,
`
Laura,1 mme wa bana ba le babedi o ne a tlogela go bereka letsatsi le letsatsi gore a kgone
go fetsa nako le bana ba gagwe. A re: “Mo mosong, rotlhe re ne re itlhaganelela go ya tirong
kgotsa sekolong. Fa ke boa kwa tirong maitseboa, ke ne ke fitlhela bana ba setse ba robetse,
1 Leina le fetotswe.
TORA YA TEBELO
`
ba robaditswe ke mme yo o ba tlhokomelang.
Fa ke tlogela tiro, seo se ne se raya gore re tla
tshwanelwa ke go tshela ka madi a mannye,
mme gone jaanong ke kgona go itse gore bana
ba me ba akanya eng le gore ba na le mathata
afe. Ke reetsa se ba se buang mo thapelong
mme ke kgona go ba kaela, go ba kgothatsa le
go ba ruta.”
NNANG “BONAKO GO UTLWA”
Fa bakwadi ba buka ya For Parents Only ba
sena go botsolotsa basha ba le bantsi, ba ne ba
lemoga sengwe gape se se kgoreletsang puisano. Ba re: “Selo sa ntlha se bana ba neng
ba ngongorega ka sone e ne e le gore batsadi
ba bone ga ba ba reetse.” Bothata joo bo ama
matlhakore oomabedi. Gantsi batsadi le bone
ba ngongorega ka sone seo ka bana ba bone.
Gore batsadi le bana ba kgone go nna ba buisana, ba tshwanetse go reetsana—ba reetsane
ka tlhoafalo.—Bala Jakobe 1:19.
8 Batsadi, a lo reetsa bana ba lona ka tlhoafalo? Seno se ka nna thata segolobogolo fa o lapile kgotsa fa go lebega se ba batlang go bua
ka sone se se botlhokwa. Le fa go ntse jalo, se
se ka lebegang se se botlhokwa mo go wena se
ka tswa se le botlhokwa thata mo ngwaneng
wa gago. Go nna “bonako go utlwa” go kaya
go reetsa ka tlhoafalo se ngwana wa gago a se
buang le tsela e a se buang ka yone. Segalo sa
lentswe la ngwana wa gago le tsela e a itshwarang ka yone fa lo bua e ka go thusa go lemoga
gore o ikutlwa jang. Sengwe gape se se botlhokwa ke go botsa dipotso. Baebele ya re: “Dikakanyo tsa motho di tshwana le metsi mo sedibeng se se boteng, mme motho yo o nang le
temogo a ka kgona go di gelela.” (Dia. 20:5, Today’s English Version) Botlhale le temogo di botlhokwa thata fa o batla gore bana ba gago ba
ntshe se se mo mafatlheng a bone, segolobogolo ka dikgang tse go seng motlhofo go bua
ka tsone.
7
7. Ke eng se se tshwanang se bana le batsadi ba ngo-
ngoregang ka sone?
8. Batsadi ba ka reetsa bana ba bone jang ka tlhoa-
falo?
MAY 15, 2013
Bana, a lo ikobela batsadi ba lona? Lefoko
la Modimo la re: “Reetsa kotlhao ya ga rrago,
morwaaka, mme o se ka wa latlha molao wa
ga mmago.” (Dia. 1:8) Gopola gore batsadi ba
gago ba a go rata e bile ba batla gore dilo di go
tsamaele sentle mo botshelong, ka jalo, go botlhale gore o ba reetse o bo o ba ikobele. (Baef.
6:1) Go motlhofo gore o ba ikobele fa go na
le puisano e e molemo le fa o itse gore ba a
go rata. Bolelela batsadi ba gago gore o ikutlwa jang ka dilo dingwe. Seno se tla ba thusa
gore ba go tlhaloganye botoka. Mme le wena o
tshwanetse go leka go ba tlhaloganya.
10 O tshwanetse go nna kelotlhoko fa go
tla mo kgannyeng ya go reetsa kgakololo ya
bana ba ba lekanang le wena ka dingwaga. Ba
ka nna ba go bolelela se o batlang go se utlwa
mme gone kgakololo ya bone e ka nna ya se
ka ya go thusa gotlhelele. Tota e bile, e ka nna
ya go tsenya mo mathateng. E re ka basha ba
se na botlhale le maitemogelo a batho ba ba
godileng ba nang le one, ba le bantsi ba bone
ga ba kgone go bonela dilo kwa pele e bile ba
ka nna ba se ka ba kgona go lemoga ditlamorago tsa go dira dilo dingwe. Gopola sekai sa
morwa Kgosi Solomone e bong Rehoboame.
Fa a ne a nna kgosi ya Iseraele, go ka bo go nnile molemo gore a reetse kgakololo ya banna ba
ba godileng. Go na le moo, o ne a reetsa kgakololo ya boeleele ya makawana a a godileng
le one. Ka ntlha ya seo, bontsi jwa babusiwa ba
gagwe ga ba a ka ba tlhola ba mo ema nokeng.
(1 Dikg. 12:1-17) Go na le go etsa sekao se se
seng botlhale sa ga Rehoboame, dira ka natla
gore o nne le puisano e e molemo le batsadi ba
gago. Ba bolelele maikutlo a gago. Solegelwa
molemo ke kgakololo ya bone mme o ithute go
tswa mo botlhaleng jwa bone.—Dia. 13:20.
11 Batsadi, fa e le gore ga lo batle gore bana
ba lona ba batle kgakololo kwa balekaneng ba
9
9. Ke eng fa bana ba tshwanetse go reetsa batsadi ba
bone?
10. Re ithuta eng mo pegong ya Baebele e e ka ga Rehoboame?
11. Fa batsadi ba sa atamelesege seno se ka felela ka
eng?
21
bone, nnang batho ba ba atamelesegang. Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bosha
a re: “Fela fa nka umaka leina la mosimane
mongwe, batsadi ba me ba simolola go tlhobaela. Seno se dira gore ke se ka ka ikutlwa ke
gololesegile e bile ke sa batle go tswelela ka
motlotlo.” Kgaitsadi yo mongwe yo mosha o
ne a re: “Basha ba le bantsi ba batla kgakololo
ya batsadi ba bone, mme fa batsadi ba sa ba
reetse, ba ya kwa go mongwe yo o tla ba reetsang tota le fa motho yoo a se na maitemogelo.” Fa e le gore o iketleeditse go reetsa bana
ba gago ka tsela e e bontshang gore o tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone nako le nako
fa ba bua le wena, ba ka nna ba simolola go go
bulela mafatlha mme ba reetsa kgakololo ya
gago.
NNANG “BONYA GO BUA”
Sengwe gape se se ka kgoreletsang puisano ke fa batsadi ba bua ba galefile le ka tsela
e e bontshang gore ga ba dumalane le se bana
ba bone ba ba bolelelang sone. Go a utlwala gore batsadi ba Bakeresete ba batle go sireletsa bana ba bone. ‘Metlha eno ya bofelo’
e tletse ka dikotsi—tsa semoya le tse dingwe.
(2 Tim. 3:1-5) Le fa go ntse jalo, se batsadi ba
se tsayang e le go sireletsa bana ba bone, e
ka lebega e le go feteletsa dilo mo baneng ba
bone.
13 Go tla bo go le botlhale gore batsadi ba se
ka ba itlhaganelela go ntsha maikutlo a bone.
Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha
go leng motlhofo go didimala fa bana ba go
bolelela sengwe se se ngomolang pelo. Mme
gone, go botlhokwa gore o reetse ka kelotlhoko pele ga o araba. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Fa ope a fetola kgang pele a e
utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” (Dia. 18:13) Fa o nna o ritibetse,
bana ba gago ba tla go bolelela dilo tse dintsi
mme ba tla tswelela ba bua le wena. O tshwa12
netse go utlwa kgang ka botlalo pele ga o ka
leka go mo thusa. Fa o dira jalo, o ka kgona go
tlhaloganya lebaka la go bo ngwana wa gago a
bua “puo e e phomesegelang fela.” (Jobe 6:1-3)
Lona batsadi ba ba lorato, reetsang bana ba
lona gore lo kgone go ba tlhaloganya mme lo
bue ka tsela e e tla ba thusang.
14 Bana, le lona lo tshwanetse go nna “bonya go bua,” lo sa ganetse ka bonako fela se
batsadi ba lona ba se buang, ka gonne Modimo o ba neile boikarabelo jwa gore ba lo thapise. (Dia. 22:6) Ba ka tswa ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di lo diragalelang gone jaanong.
Mo godimo ga moo, ba ikwatlhaela diphoso
tse ba di dirileng fa ba sa ntse ba le basha mme
ba batla go go sireletsa gore le wena o se ka wa
dira diphoso tse di tshwanang. Ka jalo, leba
batsadi ba gago e le ditsala e seng baba; e le bagakolodi, e seng batho ba ba kgatlhanong le
wena. (Bala Diane 1:5.) “Tlotla rrago le mmago” mme o ba bontshe gore o a ba rata fela jaaka le bone ba go rata. Seno se tla dira gore
go nne motlhofo gore ba go ‘godisetse mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’—Baef. 6:2, 4.
NNANG “BONYA GO SHAKGALA”
Ga se ka metlha re nnang pelotelele mo
bathong ba re ba ratang. Moaposetoloi Paulo
o ne a re: “Ke kwalela baitshepi le bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ba seoposengwe le
Keresete kwa Kolosa . . . Lona banna ba lo nyetseng, nnang lo rate basadi ba lona mme lo
se ka lwa ba galefela mo go botlhoko. Lona
borrabana, lo se ka lwa galefisa bana ba lona,
gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”
(Bakol. 1:1, 2; 3:19, 21) Paulo o ne a gakolola
Baefeso jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le
ˇ
bogale le tshakgalo le go goa thata le puo ya go
kgoba di tlosiwe mo go lona.” (Baef. 4:31) Go
lwela go nna le bopelotelele, bonolo le boikga15
14. Ke eng fa bana ba tshwanetse go nna bonya go
12. Tsela e batsadi ba tsibogang ka yone e ka dira jang
bua?
gore bana ba se ka ba tlhola ba ba bulela mafatlha?
13. Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba ntsha maikutlo a bone ka bonako?
15. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra felelwa
22
ke bopelotelele mme ra kgotswela batho ba re ba ratang?
TORA YA TEBELO
po—dikarolo tsa dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang—go tla re thusa go nna re
ritibetse tota le fa re ngomogile pelo.—Bagal. 5:
22, 23.
16 Akanya ka sekai sa ga Jesu. Akanya fela
gore o ne a ngomogile pelo jang ka nako ya
dijo tsa bofelo tsa maitseboa tse a neng a di ja
le baaposetoloi ba gagwe. Jesu o ne a itse gore
mo diureng di le mmalwa fela o ne a tlile go
swa loso lo lo botlhoko. Go itshepisiwa ga leina la ga Rraagwe le go bolokiwa ga batho go
ne go ikaegile ka gore a nne a ikanyega. Le fa
go ntse jalo, ka yone nako eo ya dijo, “go ne ga
tsoga gape kganetsano e e gotetseng mo gare
ga [baaposetoloi] ka ga gore ke ofe wa bone yo
o neng a bonala a le mogolo.” Jesu ga a ka a ba
omanya kgotsa a ba galefela. Go na le moo, o
ne a buisana le bone a digile makgwafo. Jesu o
ne a ba gakolola gore ba ne ba ile ba ngaparelana le ene mo dinakong tsa mathata. Le fa Satane a ne a batla go ba fefera jaaka korong,
Jesu o ile a bontsha gore o a ba tshepa gore ba
tla nna ba ikanyega. O ne a bo a dira kgolagano le bone.—Luke 22:24-32.
17 Bana le bone ba tshwanetse go diga makgwafo. Segolobogolo fa ba tsena mo dingwageng tsa bolesome, ba ka nna ba akanya gore
tsela e batsadi ba ba beelang melao ka yone e
bontsha e kete ga ba ba tshepe. Le fa ka dinako dingwe go ka lebega go ntse jalo, lemoga
gore tsela e ka yone batsadi ba gago ba amegileng ka wena e bontsha gore ba a go rata. Fa o
ba reetsa o digile makgwafo e bile o dirisana
sentle le bone, o tla dira gore ba go tlotle, mme
seo se tla dira gore ba bone gore o na le maikarabelo. Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo ka dira
gore ba go neye tetla ya go dira dilo dingwe mo
botshelong. Go nna le boikgapo go bontsha
gore o botlhale. Seane se se botlhale sa re: “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o
botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.”—Dia. 29:11.
16. Jesu o ne a gakolola barutwa ba gagwe jang, mme
ke eng fa seno se ne se tlhomologile?
A o reetsa bana ba gago ka tlhoafalo?
Lona batsadi le bana ba ba rategang, lo
se ka lwa kgobega marapo fa go lebega lo sa
buisane ka kgololesego mo lelapeng la lona
jaaka lo ne lo solofetse. Nnang lo tokafatsa
mme lo tswelele lo tsamaya mo boammaaruring. (3 Joh. 4) Mo lefatsheng le lesha, batho
ba ba itekanetseng ba tla kgona go buisana
sentle go se na go sa tlhaloganyane le dikgogakgogano. Le fa go ntse jalo, gone jaanong rotlhe re dira dilo tse moragonyana re di ikwatlhaelang. Ka jalo, o se ka wa okaoka go kopa
maitshwarelo. Itshwarelaneng lo gololesegile.
‘Kopanngwang mmogo ka kutlwano mo loratong.’ (Bakol. 2:2) Lorato lo maatla. ‘Lorato lo
pelotelele e bile lo pelonomi. Ga lo gakatsege.
Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Lo
emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe,
lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.’ (1 Bakor. 13:4-7) Tswelelang lo leka ka
natla gore go nne le lorato mme puisano ya
lona e tla atlega, mme seo se tla dira gore lelapa la lona le itumele le bo le leretse Jehofa
pako.
18
17. Ke eng se se tla thusang bana gore ba nne ba digi-
18. Lorato lo dira jang gore go nne le puisano e e mo-
le makgwafo?
lemo?
MAY 15, 2013
23
KGANG YA BOTSHELO
Lebaka La go Bo Botshelo
Jwa Rona Bo na Le Bokao
JAAKA GO BOLETSE
PATRICIA SMITH
NAKWANA fela morago ga gore morwaake e bong
Gary a tsholwe ka 1958, ke ne ka lemoga gore o na
le bothata bongwe. Le fa go ntse jalo, go ne ga tsaya dikgwedi di le lesome gore dingaka di bone gore o
tshwerwe ke eng le dingwaga tse tlhano pele ga dingaka tsa kwa London, tse di ithutetseng bolwetse jwa gagwe di tlhomamisa gore tota o tshwerwe ke eng. Ke ne
ka utlwa botlhoko tota fa morwadiake e bong Louise,
yo o tshotsweng dingwaga di le robonngwe morago ga
Gary, a bonala a na le matshwao a a masisi thata a jone
bolwetse joo.
Dingaka di ne tsa mpolelela jaana ka bopelonomi:
“Bana ba gago boobabedi ba tshwerwe ke bolwetse jwa
LMBB,1 mme ga bo na kalafi.” Ka nako eo, go ne go sa
itsewe go le gontsi ka bolwetse jono jo bo sa tlwaelegang jo bo fetisediwang ka dijini. Matshwao a a tlwaelegileng a bolwetse jono a akaretsa, go nna le mathata
a go bona a a ka felelang ka go foufala, go nna mokima
thata, go nna le menwana ya matsogo kgotsa ya maoto
e e oketsegileng, go sa gole sentle, bolwetse jwa sukiri,
ramatiki, le mathata a diphilo. Ka jalo, go ne go tla nna
thata gore ke tlhokomele bana ba me. Patlisiso ya bosheng e bontsha gore motho a le mongwe mo go ba le
125 000 kwa Boritane o tshwerwe ke bolwetse jono, le
fa mo go ba le bantsi bo sa nne maswe go le kalo.
JEHOFA O NNA ‘BOGODIMO JWA RONA JO BO
SIRELETSEGILENG’
Ke ne ka bua le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa nakwana fela morago ga gore ke nyalwe mme ka yone
nako eo, ka lemoga gore ba ruta boammaaruri. Mme
monna wa me ene o ne a sa kgatlhegele boammaaruri.
Tiro ya gagwe e ne e dira gore re nne re fuduga, ka jalo,
ke ne ke sa kgone go kopanela le phuthego epe. Le fa
1 Bolwetse jwa Laurence-Moon-Bardet-Biedl, bo teeletswe ka di`
ngaka di le nne tse di ileng tsa kgona go lemoga bolwetse jono, jo
ngwana a bo gotsang fa batsadi ba gagwe boobabedi ba na le dijini
tsa jone. Gompieno, bolwetse jono gantsi bo itsewe e le bolwetse
jwa Bardet-Biedl. Mme ga bo na kalafi.
24
go ntse jalo, ke ne ka tswelela ke bala Baebele e bile ke
rapela Jehofa. Ruri ke ne ka gomotsega fa ke ne ke bala
gore “Jehofa o tla nna bogodimo jo bo sireletsegileng
mo go ope yo o gateletsweng” le gore ‘ruri ga a na go
tlogela ba ba mmatlang’!—Pes. 9:9, 10.
Gary o ne a sa bone sentle, ka jalo, fa a le dingwaga
di le thataro, o ne a romelwa kwa sekolong se se nang
le marobalo, se se neng se ruta thuto e e kgethegileng,
kwa borwa jwa Engelane. Ka metlha o ne a nteletsa a
mpolelela mathata a a neng a mo tshwenya, mme ke ne
ke kgona go bua le ene ka mogala ke mo thusa gore a
tlhaloganye dithuto tsa motheo tsa Baebele. Dingwaga
di le mmalwa morago ga gore Louise a tsholwe, le nna
ke ne ka lwala ka tshwarwa ke bolwetse jwa multiple
sclerosis (bolwetse jwa go omelela dithishu tsa boboko)
le jwa fibromyalgia (bolwetse jo bo dirang gore motho a
nne le ditlhabi le letsapa le le tseneletseng). Fa Gary a
na le dingwaga di le 16, o ne a boa go tla go nna mo gae
a tswa kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, bothata jwa gagwe jwa matlho bo ne jwa etegela, mme ka 1975 o ne a
kwadisiwa semolao gore o foufetse. Ka 1977, monna wa
me o ne a re tlogela.
Nakwana fela morago ga gore Gary a boele gae, re ne
ra simolola go kopanela le phuthego e e lorato, mme ka
1974 ke ne ka kolobediwa. Ke ne ke itumetse tota fa mogolwane mongwe a ne a thusa Gary gore a lepalepane
le go fetofetoga ga mmele wa gagwe fa a ne a tsena mo
dingwageng tsa bolesome. Basupi ba bangwe ba ne ba
nthusa ka ditiro tsa fa gae, mme kgabagare ba tsa tirelo ya loago ba lefelo la rona ba ne ba batla batho ba le
batlhano gore ba tle go re thusa ka dilo tse re di tlhokang ka metlha. Ruri seo e ne e le sengwe se se molemo tota!
Gary o ne a tswelela a gatela pele semoyeng mme o
ne a kolobediwa ka 1982. O ne a batla thata go tsenela
bobulatsela jo bo thusang. Ka jalo, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke bereke le ene mo bodireding, mme ke ne
ka tswelela ke dira seo dingwaga di le dintsi. MorwaaTORA YA TEBELO
ba ba tlileng dipokanong le go thusa mo go tsa modumo.
Basupimmogo le rona ba tsamaya le Gary kwa bodireding, gantsi ba kgorometsa setulo sa maotwana se a
se dirisang ka ntlha ya bolwetse jwa gagwe jwa ramatiki. Mosupi yo mongwe o ne a mo thusa gore a tshware
thuto ya Baebele le motho mongwe yo o neng a kgatlhega. Gape Gary o ile a kgothatsa Mokeresete mongwe yo
o neng a na le dingwaga di le 25 a tsidifetse. Batho bao
boobabedi ba nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa
Bokeresete.
Fa Louise a le dingwaga di le robonngwe, mmaagwemogolo o ne a
mo ruta go loga, mme nna le motho
mongwe yo o mo tlhokomelang re
ne ra mo ruta go dira tiro ya go kgabisa letsela ka go rokaganya ditlhale. E re ka a itumelela go loga, o logela bana le batho ba ba godileng
mo phuthegong dikobo tsa mebalabala. Gape o dira dikarata tsa tumediso a dirisa ditshwantsho tse di
kgomarelang. Batho ba ba amogelang dikarata tseno ba di itumelela
fela thata. Fa Louise a ne a simolola
dingwaga tsa bolesome, o ne a ithuta go tlanya a sa leba mafoko. Gone
jaanong o romelela ditsala tsa gaRE TSHELA BOTSHELO JO BO
gwe melaetsa ya e-mail a dirisa khoNANG LE BOKAO
mputara e e kgethegileng e e kgoLegae la rona ke lefelo la ditiranang go bitsa mafoko. Louise o ne a
galo, mme tsotlhe di tsamaisana le
kolobediwa a na le dingwaga di le
kobamelo ya ga Jehofa. Pele ga go
17. Re itumelela go nna babulatsenna le didirisiwa tsa bosheng tsa
Ruri re lebogela dithu- la ba ba thusang ka nako ya letshoileketeroniki, ke ne ke fetsa diura
le le kgethegileng la go rera. Fela
to tse di boammaaruri lo
di le dintsi ke balela Gary le Loujaaka Gary, Louise le ene o tshwara
ise. Gone jaanong, di-CD, di-DVD,
tse di mo Lefokong la ditemana ka tlhogo gore a di dirise
le dikgatiso tse di rekotilweng tse
go tlhalosetsa ba bangwe tumelo e a
ga Jehofa le le tlhodi mo www.jw.org, di re thusa gore
nang le yone mo ditsholofetsong tsa
re itumelele thulaganyo ya go bala
tlheleditsweng!
Modimo tsa lefatshe le mo go lone
Baebele beke le beke ka dinako tse
‘matlho a difofu a tla bulwang’ mme
di farologaneng, mme re kgona go
go se “monni ope yo o tla reng: ‘Ke
nna le dintlha tse di molemo tse re
a bobola.’ ”—Isa. 33:24; 35:5.
akgelang ka tsone kwa dipokanong tsa Bokeresete.
Eleruri re lebogela dithuto tse di boammaaruri tse di
mo Lefokong la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng! Ruri
Ka dinako dingwe, Gary o tshwara dikarabo tsa gare leboga go tswa pelong go bo phuthego ya rona e re
gwe ka tlhogo mme fa a na le kabelo mo pokanong ya
ema nokeng, ka gonne re ne re ka se kgone go dira boSekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o kgona go e
ntsi jwa ditiro tse re di dirang kwantle ga yone. Mme Jeneela ka mafoko a gagwe. O ne a tlhomiwa go nna mohofa o re thusitse tota gore botshelo jwa rona bo nne le
tlhanka wa bodiredi ka 1995, mme ka metlha o nna
bokao.
a tshwaregile kwa Holong ya Bogosi, a amogela batho
ke o ne a itumela thata fa moragonyana molebedi wa
potologo a ne a mmotsa jaana: “Gary, ke eng fa o sa nne
mmulatsela wa ka metlha?” Eno e ne e le yone kgothatso e Gary a neng a e tlhoka, ka jalo, ka 1990 o ne a nna
mmulatsela wa ka metlha.
Gary o ile a dirwa dikaro tse pedi tsa noka, ya ntlha
ka 1999 mme ya bobedi ka 2008, mme gone Louise ke
ene yo a neng a na le mathata a a masisi thata a botsogo. O tshotswe a foufetse, mme fa ke bona gore o ne a
na le menwana e le merataro mo leotong le le lengwe,
ke ne ka lemoga gore le ene o na le bolwetse jwa LMBB.
Go ise go ye kae, ditlhatlhobo di ne
tsa bontsha gore o na le mathata a
a masisi mo dikarolong tsa mmele
tsa ka fa gare. Fa dingwaga di ntse
di feta, o ile a dirwa dikaro tse dikgolo, go akaretsa le dikaro di le
tlhano tsa diphilo. Fela jaaka Gary,
le ene o na le bolwetse jwa sukiri.
E re ka Louise a itse mathata a a
ka nnang gone fa a ariwa, o bua go
sa le gale le dingaka tse di arang, le
tse di idibatsang mmogo le baokamedi ba bookelo, a ba tlhalosetsa
gore ga a tshelwe madi. Ka ntlha ya
seo, o na le kamano e e molemo le
batho ba ba mo tlhokometseng.
MAY 15, 2013
25
SIRELETSA BOSWA
JWA GAGO KA GO
DIRA DITSHWETSO
TSE DI BOTLHALE
“Tlhoang se se boikepo,
ngaparelang se se molemo.”—BAR. 12:9.
O TLA ARABA JANG?
O ka tlhalosa jang boswa jwa
rona jwa semoya?
Ke thuto efe e e re tlhagisang e
re ka ithutang yone mo go se se
dirilweng ke Esau?
Re ka sireletsa jang boswa jwa
rona?
DIMILIONEMILIONE tsa rona di dirile tshwetso e e botlhale ya go direla Jehofa Modimo le go latela dikgato tsa ga
Jesu Keresete gaufi. (Math. 16:24; 1 Pet. 2:21) Ga re tseye
botshelo jono jwa go ineela mo Modimong motlhofo. Ga re
a dira tshwetso ya rona ka ntlha ya kitso e e sa reng sepe
fela ya ditemana di le mmalwa mme re e dirile morago ga
go ithuta Lefoko la Modimo ka botlalo. Ka ntlha ya seo, re
ile ra ithuta dilo di le dintsi tse di nonotshang tumelo malebana le boswa jo Jehofa a bo beetseng ba ba ‘tsenyang kitso ka ene le ka yo o mo romileng e bong Jesu Keresete.’
—Joh. 17:3; Bar. 12:2.
2 Gore re tswelele re le Bakeresete, re tshwanetse go dira
ditshwetso tse di itumedisang Rraarona yo o kwa legodimong. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tseno tsa
botlhokwa: Boswa jwa rona ke eng? Re tshwanetse go bo
leba jang? Re ka tlhomamisa jang gore re amogela boswa
joo? Ke eng se se tla re thusang go dira ditshwetso tse di
botlhale?
BOSWA JWA RONA KE ENG?
3 Palo e nnye ya Bakeresete e lebile pele go amogela ‘boswa jo bo sa senyegeng le jo bo sa leswafalang le jo bo
sa nyeleleng’—tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo ya go busa le
Keresete kwa legodimong. (1 Pet. 1:3, 4) Gore ba kgone go
amogela boswa jono, ba tshwanetse gore ba “tsalwe gape.”
(Joh. 3:1-3) Batho ba le dimilionemilione ba “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu, ba ba dirang mmogo le batlodiwa mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, bone ba tla amogela boswa bofe? (Joh. 10:16) Ba dinku
tse dingwe ba tla amogela boswa jo Adame le Efa ba ba
neng ba leofa ba ileng ba se ka ba nna le jone—botshelo jo
1, 2. (a) O ile wa dira jang tshwetso ya go direla Modimo? (b) Re ka
botsa dipotso dife malebana le boswa jwa rona jwa semoya?
3. Ke boswa bofe jo bo tla amogelwang ke (a) batlodiwa le (b) “dinku tse dingwe”?
26
TORA YA TEBELO
bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise le le
se nang botlhoko, loso le khutsafalo. (Tshen.
21:1-4) Ke gone ka moo Jesu a ileng a solofetsa
modirabosula yo o neng a swa le ene jaana:
“Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla
nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:43.
4 Tota le gone jaanong re itumelela dikarolo dingwe tsa boswa jwa rona. Ka gonne
re bontsha tumelo mo ‘thekololong e e neng
ya duelwa ke Keresete Jesu,’ re na le kagiso
ya mogopolo le kamano e e gaufi le Modimo.
(Bar. 3:23-25) Re tlhaloganya ka botlalo ditsholofetso tse di tlhwatlhwakgolo tse di leng mo
Lefokong la Modimo. Mo godimo ga moo, re
itumedisiwa thata ke go nna karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Mme ruri ke tshiamelo e kgolo go nna mongwe wa Basupi ba ga
Jehofa. Ke gone ka moo re anaanelang boswa
jwa rona.
5 Mme gone, e le gore re kgone go ngangatlela boswa jono jwa rona jo bo molemo, re
tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng gore re kgone go lemoga maano a ga
Satane. Satane ga a bolo go leka go dira gore
batho ba Modimo ba dire ditshwetso tse di tla
dirang gore ba latlhegelwe ke boswa jwa bone.
(Dipa. 25:1-3, 9) E re ka Satane a lemoga gore o
gaufi le go fedisiwa, o dira maiteko a a oketsegileng go leka go re faposa. (Bala Tshenolo 12:
12, 17.) Re tshwanetse go tswelela re anaanela
boswa jono jwa rona gore re kgone go ‘ema re
nitame kgatlhanong le maano a a boferefere a
ga Diabolo.’ (Baef. 6:11) Sekao se se re tlhagisang sa ga Esau yo e neng e le morwa tlhogo
ya lotso e bong Isake, se re ruta thuto nngwe
ya botlhokwa e go tla bong go le molemo gore
re akanye thata ka yone.
O SE KA WA TSHWANA LE ESAU
Dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng,
Isake le Rebeka ba ne ba tshola bana ba ma6
4. Re itumelela masego afe gone jaanong?
5. Satane o lekile go dira batho ba Modimo eng, mme
ke eng se se ka re thusang go nna re nitame kgatlhanong le maano a gagwe a boferefere?
6, 7. Esau e ne e le mang mme o ne a letetswe ke boswa bofe?
MAY 15, 2013
welana e bong Esau le Jakobe. Fa mawelana
ano a gola, botho jwa bone bo ne bo sa tshwane mme gape ba ne ba tlhopha go dira ditiro
tse di sa tshwaneng. ‘Esau o ne a nna monna
yo o itseng go tsoma, monna wa naga, mme Jakobe ene a nna monna yo o se nang molato,
a nna mo megopeng.’ (Gen. 25:27) Moranodi
wa Baebele e bong Robert Alter a re lefoko la
Sehebera le le ranotsweng e le “yo o se nang
molato” le kaya go thokgama.
7 Fa Esau le Jakobe ba ne ba le dingwaga di
le 15, rraabonemogolo e bong Aborahame o ne
a tlhokafala mme tsholofetso e Jehofa a neng
a e solofeditse Aborahame ga e a ka ya nyelela.
Moragonyana Jehofa o ne a bolelela Isake yone
ˇ
tsholofetso eo, a mo tlhalosetsa gore ditshaba
tsotlhe tsa lefatshe di ne di tla itshegofatsa ka
losika lwa ga Aborahame. (Bala Genesise 26:
3-5.) Tsholofetso eo e ne e bontsha gore Mesia
—“losika” lo lo ikanyegang lo go buiwang ka
lone mo go Genesise 3:15—lo ne lo tla tswa mo
losikeng lwa ga Aborahame. E re ka Esau e
ne e le ene leitibolo la ga Isake, o ne a na le
tshwanelo ya semolao ya go amogela tsholofetso eo. Ruri Esau o ne a letetswe ke boswa jo
bo molemo tota! A mme gone o ne a bo anaanela?
8 Letsatsi lengwe fa Esau a tswa kwa masimong o ne a bona Jakobe a “apaya logodu.”
Esau o ne a re, “Tsweetswee, nneye bohibidu jo bonnye ka bonako—bohibidu joo, gonne
ke lapile!” Jakobe o ne a mo araba a re: “Pele,
nthekisetsa tshwanelo ya gago ya go nna leitibolo!” Esau o ne a dira tshwetso efe? Se se gakgamatsang ke gore o ne a re: “Tota ke tlile go
swa, mme tshwanelo ya botsalwapele e na le
mosola ofe mo go nna?” Esau o ne a tlhopha
logodu go na le go tlhopha tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo! E le gore Jakobe a tlhomamise tumalano eo semolao, o ne a mo raya
a re: “Inkanele pele!” Esau o ne a mo naya botsalwapele jwa gagwe kwantle ga go okaoka.
8, 9. (a) Esau o ne a dira tshwetso efe malebana le
boswa jwa gagwe? (b) Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Esau o ne a lemoga eng ka tshwetso e a e dirileng mme o ne a itshwara jang?
27
O se ka wa tsenya boswa jwa gago jwa
semoya mo kotsing
Morago ga foo, “Jakobe a naya Esau senkgwe
le logodu lwa dikgobe, mme a ja a bo a nwa.
Morago ga moo a nanoga a tsamaya. Ka jalo
Esau a nyatsa tshwanelo ya go nna leitibolo.”
—Gen. 25:29-34.
9 Dingwaga di le dintsi morago ga foo fa Isake a ne a akanya gore o tloga a swa, Rebeka o
ne a dira dithulaganyo tsa go tlhomamisa gore
Jakobe o amogela tshiamelo ya botsalwapele
jo Esau a bo abileng. Fa moragonyana Esau a
ne a lemoga gore o dirile tshwetso ya boeleele,
o ne a kopa Isake jaana: “Le nna ntshegofatse,
rra! . . . A ga o a ntshadisetsa tshegofatso epe?”
Fa Isake a ne a mmolelela gore a ka se kgone go fetola tshegofatso e a neng a setse a e
neile Jakobe, “Esau [o ne] a tsholetsa lentswe
la gagwe mme a thubega ka selelo.”—Gen. 27:
30-38.
10 Ke eng se se tlhomologileng se Esau a
10. Jehofa o ne a leba jang Esau le Jakobe mme ka
ntlha yang?
28
itsegeng ka sone mo Baebeleng? O ne a bontsha gore go kgotsofatsa keletso ya nama go
botlhokwa go na le masego a a neng a tla nna
le one fa a ne a ka amogela boswa jwa gagwe.
Esau ga a ka a anaanela tshiamelo e a neng a
na le yone ya botsalwapele e bile go ne go bonala sentle gore o ne a sa rate Modimo. Mo godimo ga moo, o ne a itlhokomolosa gore se a
neng a se dira se ne se tla ama bana ba gagwe
jang. Mme Jakobe ene o ne a anaanela boswa
jwa gagwe thata. Ka sekai, o ne a dira se batsadi ba gagwe ba neng ba mo laela gore a se
dire malebana le go tlhopha mosadi. (Gen. 27:
46–28:3) E re ka Jakobe a ne a dirile tshwetso
eno e e neng e tlhoka gore a nne pelotelele a
bo a intshe setlhabelo, o ne a nna rraagwemogologolwane wa ga Mesia. Modimo o ne a leba
jang Esau le Jakobe? Jehofa o ne a bua jaana a
dirisa moporofeti Malaki: “Ke ne ka rata Jakobe, mme Esau ene ke ne ka mo tlhoa.”—Mal. 1:
2, 3.
11 A se Baebele e se bolelang malebana
le Esau se ka ama Bakeresete gompieno? Ee
ruri. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa badumedimmogo le ene gore ba ikele tlhoko
gore “go se ka ga nna le mogokafadi ope le
fa e le mongwe yo o sa anaaneleng dilo tse
di boitshepo, jaaka Esau, yo o neng a aba ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a
bone sejo se le sengwe fela.” (Baheb. 12:16)
Tlhagiso eo e sa ntse e le mosola le mo Bakereseteng. Re tshwanetse go tswelela re anaanela dilo tse di boitshepo gore re se ka ra
fekeediwa ke dikeletso tsa nama mme ra latlhegelwa ke boswa jwa rona jwa semoya.
Mme gone, ke eng fa Paulo a ne a tshwantsha
se Esau a se dirileng le kgokafalo? Ka gonne
go nna le boikutlo joo jwa go rata dilo tsa
nama fela jaaka Esau go ka dira gore go nne
motlhofo gore motho a latlhegelwe ke dilo
tse di boitshepo, ka ntlha ya monate wa nakwana wa boitsholo jo bo sa siamang jo bo
jaaka kgokafalo.
11. (a) Ke eng fa sekai sa ga Esau se ama Bakeresete
gompieno? (b) Ke eng fa Paulo a ne a tshwantsha se
Esau a se dirileng le kgokafalo?
TORA YA TEBELO
BAAKANYA PELO YA GAGO GONE JAANONG
Ga go pelaelo gore rona batlhanka ba ga
Jehofa ga re senke maemo a a ka re raelang a
a ka dirang gore re dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Go na le moo, re
rapela gore Jehofa Modimo a se ka a re letla
gore re nne mo maemong a a ka dirang gore re
ineele fa mongwe a re raela gore re se ka ra
mo ikobela. (Math. 6:13) Mme gone, Satane o
nna a leka go re koafatsa semoyeng fa re ntse
re leka go boloka bothokgami mo lefatsheng
leno le le tletseng boitsholo jo bo sa siamang.
(Baef. 6:12) E re ka Diabolo e le mmusi wa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, o itse kafa a ka
dirisang ka gone dikeletso tsa rona tsa bosaitekanelang, ka go dirisa dilo tse gantsi di raelang batho ba ba sa itekanelang. (1 Bakor. 10:
8, 13) Ka sekai, akanya o le mo boemong jo
bo ka dirang gore o batle go kgotsofatsa keletso ya nama ka go dira boitsholo jo bo sa siamang. O tla dira tshwetso efe? A o tla tshwana
le Esau mme o re: ‘Nneye ka bonako!’ Kgotsa a
o tla fenya thaelo mme o tshabe, fela jaaka morwa Jakobe e bong Josefa yo o neng a raelwa
ke mosadi wa ga Potifaro?—Bala Genesise 39:
10-12.
13 Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi
ba rona ba ile ba lebana le maemo a mo go one
ba ileng ba tshwanelwa ke go tlhopha gore a
ba tla itshwara fela jaaka Esau kgotsa Josefa.
Ba le bantsi ba ile ba dira ditshwetso tse di botlhale mme ba ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Dia.
27:11) Le fa go ntse jalo, bangwe ba badumedimmogo le rona ba ile ba tlhopha go itshwara jaaka Esau, ka go ipaya mo kotsing ya go latlhegelwa ke boswa jwa bone jwa semoya fa ba
ne ba lebane le thaelo. Tota e bile, ngwaga le
ngwaga go tshwarwa dikgetsi di le dintsi tse
mo go tsone batho ba tseelwang dikgato kgo12
12. (a) Satane o re raela ka ditsela dife? (b) Naya di-
kai tse di mo Baebeleng tse di ka re thusang fa re
tshwanetse go dira ditshwetso tse di boima.
13. (a) Gompieno batho ba le bantsi ba ile ba itshwara jang jaaka Josefa, mme ba bangwe bone ba ile ba
itshwara jang jaaka Esau? (b) Dikai tsa batho ba ba
itshwarang jaaka Esau di bontsha gore re tshwanetse
go ikela tlhoko mo go eng?
MAY 15, 2013
tsa ba kgaolwang ka ntlha ya boitsholo jo bo
sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ruri go botlhokwa gore re baakanye dipelo tsa rona gone
jaanong—go sa le gale pele ga re lebana le maemo a a ka lekang bothokgami jwa rona! (Pes.
78:8) Go na le dilo di ka nna pedi tse di ka re
sireletsang fela jaaka lorako fa re lebane le diteko mme tsa re thusa gore re dire ditshwetso
tse di botlhale.
AKANYA MME O INONOTSHE
Sa ntlha se re ka se dirang ke go akanya ka ditlamorago tsa se re se dirang. Tsela e
kgolo e re anaanelang boswa jwa rona jwa semoya ka yone e ikaegile thata ka lorato lo logolo lo re ratang Jehofa ka lone, Ene yo o re
neileng boswa joo. Kana e bile, fa re rata mongwe, ga re batle go mo utlwisa botlhoko. Go
na le moo, re leka ka natla gore a re amogele.
Fa go ntse jalo, go tla bo go le molemo gore re
iphe nako ya go akanya kafa go ineelela dikeletso tse di leswe tsa nama go ka amang rona
le ba bangwe ka gone. Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Go ikakanyetsa ke le nosi go tla
ama jang kamano ya me le Jehofa? Ditshwetso
tsa me tse di phoso di tla ama jang ba lelapa la
me? Di tla ama jang bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong? A gongwe nka kgopisa ba bangwe?’ (Bafil. 1:10) Gape re ka ipotsa
jaana: ‘A go ijesa monate ka nakwana fela ka
go dira boitsholo jo bo sa siamang go ka nkutlwisa botlhoko? A tota ke batla go tshwana le
Esau mme ke thubege ka selelo fa ke lemoga se ke se dirileng?’ (Baheb. 12:17) Go akanya ka dipotso tseno go tla re thusa gore re
‘tlhoe se se boikepo’ mme re ‘ngaparele se se
molemo.’ (Bar. 12:9) Lorato lo re ratang Jehofa
ka lone ke lone lo segolobogolo lo tla re tlhotlheletsang gore re ngaparele boswa jwa rona.
—Pes. 73:28.
15 Sa bobedi se re ka se dirang ke go nono14
14. Ke dipotso dife tse go akanya ka tsone go tla re
thusang gore re ‘tlhoe se se boikepo’ mme re ‘ngaparele se se molemo’?
15. Ke eng se se tla nonotshang boikemisetso jwa
rona jwa go emelana le dilo tse di ka koafatsang bomoya jwa rona?
29
Re nonotsha boikemisetso jwa rona ka go
batla botlhale jwa ga Jehofa
tsha boikemisetso jwa rona. Jehofa o dirile dilo
tse dintsi tse di tla re thusang go nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go emelana le dilo tse
di mo lefatsheng leno, tse di ka re koafatsang
semoyeng. Di akaretsa go ithuta Baebele, dipokano tsa Bokeresete, tirelo ya tshimo le thapelo. (1 Bakor. 15:58) Nako le nako fa re bulela Jehofa mafatlha ka thapelo kgotsa fa re
nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete, re itshireletsa kgatlhanong le dithaelo. (Bala 1 Timotheo 6:12, 19.) Go ya bokgakaleng jo bo rileng, gore re kgone go itshireletsa,
go ikaegile ka gore re dira maiteko go le kana
kang. (Bagal. 6:7) Seno se gatelelwa mo kgaolong ya bobedi ya buka ya Diane.
‘NNA O BO SENKA’
16
Diane kgaolo 2 e re rotloetsa gore re batle
16, 17. Re ka kgona jang go nna le bokgoni jwa go
dira ditshwetso tse di botlhale?
30
botlhale le bokgoni jwa go akanya. Dinonofo
tseno di re thusa go tlhopha magareng ga se se
siameng le se se phoso le magareng ga go ikgapa le go rata go ikgotsofatsa. Mme gone, gore
re kgone go dira jalo, re tlhoka go dira maiteko. Baebele e bua jaana fa e gatelela boammaaruri jwa seno: “Morwaaka, fa e le gore o tla
amogela mafoko a me mme wa boloka ditaelo
tsa me mo go wena, gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya
gago kwa temogong; mo godimo ga moo, fa o
tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo
lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo.
Gonne Jehofa o naya botlhale; mo molomong
wa gagwe go na le kitso le temogo.”—Dia. 2:
1-6.
17 Ka jalo, ga go pelaelo gore, e le gore re
kgone go nna le bokgoni jo re bo tlhokang
go dira ditshwetso tse di botlhale, go ikaegile ka gore a re dira dilo go dumalana le se
se kwadilweng mo go Diane. Re ka kgona go
fenya dithaelo fa re letla mafoko a ga Jehofa
gore a bope se re leng sone mo teng, fa re nna
re kopa kaelo ya Modimo le fa re tswelela re
batla kitso ya Modimo jaaka e kete re batla
matlotlo a a fitlhegileng.
18 Jehofa o naya batho kitso, tlhaloganyo,
temogo le botlhale fa ba dira maiteko a go batla dinonofo tseno. Fa re di batla le go di dirisa, re tla atamalana le Monei wa tsone e bong
Jehofa. Mme kamano e e gaufi e re nang le
yone le Jehofa Modimo e tla re sireletsa fa re
lebane le thaelo. Go atamalana le Jehofa le go
boifa go mo kgopisa go tla re thusa gore re se
ka ra dira diphoso. (Pes. 25:14; Jak. 4:8) E kete
botsala jo re nang le jone le Jehofa le go dirisa botlhale jwa Modimo go ka re tlhotlheletsa
gore re nne re dira ditshwetso tse di tla itumedisang pelo ya ga Jehofa le go sireletsa boswa
jwa rona.
18. O ikemiseditse go tswelela o dira eng mme ka
ntlha yang?
TORA YA TEBELO
GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA
Ba ne Ba Nna ba Nitame
mo “Nakong ya Teko”
FA Ntwa ya Lefatshe ya I e ne e runya ka 1914, seo se ne sa dira gore batho ba
le bantsi ba lemoge gore Baithuti ba Baebele ga ba nne le seabe mo ntweng.
(Isa. 2:2-4; Joh. 18:36; Baef. 6:12) Seo se ne sa ama jang batlhanka ba Modimo
ba kwa Boritane?
Molao wa Tirelo ya Sesole wa 1916 o o neng wa simolola go dira kwa Boritane, o ne o laela gore banna botlhe ba dingwaga tse di magareng ga 18 le 40 ba
ba sa nyalang ba ye bosoleng. O ne o na le thulaganyo e e neng e tla dira gore
batho bangwe ba se ka ba tsenela bosole fa seo e le ka ntlha ya tumelo ya bone
kgotsa fa ba dumela gore go tsenela bosole go phoso. Puso e ne ya tlhoma makgotla a a neng a tla sekaseka mabaka a motho a tla bong a na le one, fa a kopa
gore a se ka a ya bosoleng.
Nakwana fela morago ga foo, Baithuti ba Baebele ba ka nna 40 ba ne ba setse ba tsentswe mo dikgolegelong tsa masole mme ba le 8 ba ne ba rometswe
kwa ntweng kwa Fora. E re ka bakaulengwe ba kwa Boritane ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke ditiro tseno tsa go tlhoka tshiamiso, ba ne ba kwalela Tonakgolo Herbert Asquith lekwalo le le bontshang gore ba kgatlhanong le go
tshwarwa ga bakaulengwe, mmogo le kopo e e saenilweng ke batho ba le 5 500.
Go tswa foo, go ne ga begwa gore bakaulengwe ba ba neng ba isitswe kwa
Fora ba ne ba atlholetswe gore ba thuntshiwe ka gonne ba ne ba gana go nna
le seabe mo ntweng. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa ba ne ba letetse go bolawa, katlholo ya bone e ne ya fetolwa mme ba atlholelwa dingwaga di le lesome
kwa kgolegelong. Ba ne ba busediwa kwa Engelane mme ba tsenngwa mo kgolegelong.
Fa ntwa e ntse e fagile, molao o ne wa pateletsa banna ba ba neng ba nyetse
gore le bone ba tsenele bosole. Kwa Manchester kwa Engelane, mongwe wa
batho ba ba neng ba sekisiwa e ne e le Henry Hudson yo e neng e le ngaka e
bile e le Moithuti wa Baebele. Ka kgwedi ya Phatwe 3, 1916, kgotlatshekelo e
ne ya mmona molato wa gore o gana go ikobela molao mme ya mo duedisa ya
bo ya mo romela bosoleng. Ka yone nako eo, go ne go tshwerwe kgetsi e nngwe
kwa Edinburgh, Scotland. James Frederick Scott, yo o neng a na le dingwaga
di le 25, yo e neng e le mmulatsela, o ne a se ka a bonwa molato. Puso e ne ya
dira boikuelo kwa kgotlatshekelo mme ya tsholola kgetsi eno ka ntlha ya kgetsi e nngwe e e neng e tshwerwe kwa London. Mokaulengwe Herbert Kipps
ene o ne a bonwa molato, a duedisiwa a bo a romelwa bosoleng.
Ka Lwetse 1916, bakaulengwe ba le 264 ba ne ba kopile go newa tetla ya gore
ba se ka ba tsenela bosole. Ba le 5 ba bone ba ne ba newa tetla eo, ba le 154 ba
ˇ
atlholelwa tiro e e boima ya go direla setshaba, ba le 23 ba ne ba newa tiro ya
go direla kwa sesoleng mme gone ba sa nne le seabe mo ntweng, ba le 82 bone
ba ne ba romelwa bosoleng mme ba bangwe ba bone ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba ne ba gana go nna le seabe mo ntweng. Batho ba ne ba nna
kgatlhanong le tsela e banna bano ba neng ba bogisiwa ka yone, ka jalo puso
MAY 15, 2013
Henry Hudson
James Frederick Scott
Pryce Hughes
31
Kgolegelo ya Dartmoor,
kwa Baithuti ba Baebele
ba le bantsi ba neng
ba tsentswe gone
Herbert Senior
e ne ya tlosa banna bao kwa dikgolegelong tsa masole ya ba isa kwa dikampeng
tse e seng tsa sesole tse go neng go dirwa tiro e e boima kwa go tsone.
Edgar Clay le Pryce Hughes, yo moragonyana a neng a nna molebedi wa lekala kwa Boritane, ba ne ba dira kwa letamong la kwa Wales. Mme Herbert
Senior ene, yo e neng e le mongwe wa ba le robedi ba ba neng ba boa go tswa
kwa Fora o ne a tsenngwa mo Kgolegelong ya Wakefield kwa Yorkshire. Ba bangwe ba ne ba atlholelwa go dira tiro e e boima mo maemong a a thata kwa
Kgolegelong ya Dartmoor mme e ne ya feleletsa e le setlhopha se segolo sa batho ba ba ganang go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone.
Frank Platt, Moithuti wa Baebele yo o neng a dumela go direla kwa bosoleng
mme gone a sa nne le seabe mo ntweng, o ne a bogisiwa ka nako e telele e bile
e le ka tsela e e setlhogo fa a ne a laelwa gore a ye ntweng mme a gana. Atkinson Padgett, yo o neng a ithuta boammaaruri fa a sena go ikwadisetsa bosole, o ne a bogisiwa setlhogo ke balaodi ba masole fa a ne a gana go nna le seabe mo ntweng.
Le fa bakaulengwe ba rona ba bogologolo ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo se se kaiwang ke go sa tseye letlhakore, ba ne ba batla go itumedisa Jehofa
Modimo. Ba ba umakilweng ka maina mo pegong eno, ba tlhomile sekao se se
molemo sa go sa tseye letlhakore mo “nakong ya teko,” e e neng e le boima
thata. (Tshen. 3:10)—Go tswa mo mabolokelong a rona kwa Boritane.
O ka itseela makasine
ono le dikgatiso tse
dingwe mahala
mo www.jw.org/tn
p
Gape o ka bala
Thanolo ya Lefatshe
le Lesha mo Internet
Skena khoutu
eno kgotsa
o etele
www.jw.org/tn
w13 05/15-TN
s
n
o
Frank Platt

Documentos relacionados