Safety and Product Information - BB10 - Non

Transcripción

Safety and Product Information - BB10 - Non
BlackBerry Z30 STA100-6 Smartphone
Tshedimosetso ya Pabalesego le ya Kuno
SWD-20130923082848492 | RGU131LW
PRINTSPEC-147
MAT-58265-055
Tshedimosetso malebana le pabalesego
Tshireletsego malebana le motlakase
Pele o simolola go dirisa smartphone sa gago sa BlackBerry (e ga jaana e bidiwang smartphone), tlhatlhoba
tshedimosetso ya pabalesego le tsamaiso e e tlametsweng mo tokumenteng eno. Tshola bukana e mo
lefelong le le sireletsegileng, gore o kgone go e dirisa fa o e tlhoka.
Mo dinageng dingwe go ka nna le maparego malebana le tiriso ya didiriswa tsa Bluetooth tse di letlilweng
mmogo le didiriswatlhokamogala tse di nang le porogeramaphetiso Tlhola le baloadi ba selegae malebana le
dithibelo mo lefelong la lona.
Go bona tshedimosetso ya sešweng ya tshireletsego le ya dikumo, etela www.blackberry.com/docs/
smartphones.
Tšhaja smartphone fela ka didiriswatlaleletso tsa tšhaja tse di tlametsweng ke BlackBerry kgotsa di
atlanegisitswe ke BlackBerry malebana le tiriso ya smartphone seno. Se diririse didiriswatlaleletso tse di sa
letlelelwang ke CTIA Certification Requirements for Battery System Compliance go IEEE Std 1725, e re ka
seno se ka baka molelo, thunyo, go dutla ga beteri le dikotsi tse dingwe, tse di ka bakang kgobalo e e masisi,
loso kgotsa tatlhegelo ya dithoto le go dira gore waranti e se ka ya tlhola e dira.
Tlhokomelotshireletsego ya botlhokwa
Dirisa fela dibeteri tse di atlanegisitsweng mo smartphone sa gago sa . Tiriso ya dibetheri
kgotsa ditšhajara tse di sa atlanegisiwang ke BlackBerry e ka tlhola kotsi ya molelo kgotsa
go thunya, e e ka tlholang kgobalo e e masisi, loso kgotsa tatlhegelo ya thoto.
Dirisa fela ditshodi tsa BlackBerry tse di atlagenisitsweng. Tiriso ya ditshodi tse di sa
atlanegiswang ke BlackBerry e ka tlhola kgobalo e e masisi kwa bofelong.
Fa o tshola smartphone sa gago sa BlackBerry gaufi le mmele, dirisa setshodi sa se se
atlanegisitsweng, se na le sepelete sa lebanta, kgotsa o tlhole sekgala sa 0.59 in. (15
mm) magareng ga smartphone sa gago sa le mmele fa sediriswa se le tirisong. Tiriso ya
didiriswatlaleletso tse di tsholwang mmeleng tse e seng ditshodi tsa BlackBerry tse di
atlanegisitsweng di na le sepelete sa lebanta la sediriswa, e ka tlhola gore smartphone sa
gago sa se fete ditekanyetso tsa go anngwa ke makhubu a radio fa didiriswatlaleletso di
tshotswe mo mmeleng wa gago fa smartphone sa gago sa se le mo tirisong. Ditlamorago
kwa bokhutlong, tsa go feta maemo a pontsho go tsamaiso ya radio di ka tlhola kgobalo e
e masisi.
Smartphone sa gago se diretswe go dirisiwa mo dithemphereitšhareng tse di magareng
ga 32 le 95°F (0 le 35°C). Go dirisa sediriswa o sa latele sediriswa o sa latele selekanyo se
se akantshiwang sa themphereitšhara go ka senya sediriswa sa gago kgotsa beteri ya
lithium-ion.
Se ikanye smartphone sa gago malebana le tlhaeletsanotshoganyetso.
Mafaratlhatlhatlhokamogala a a tlhokegang go letsa megalatshoganyetso kgotsa go
romela melaetsa, ga a fitlhelwe mo mafelong otlhe, mme dinomoretshoganyetso, jaaka
911, 112, kgotsa 999, di ka nna tsa se go gokaganye go ditirelotshoganyetso mo
mafelong otlhe Fa o na le BlackBerry Mobile Voice System e tsentswe mo smartphone sa
gago sa BlackBerry Mobile Voice System, leba “Ka ga megalatshoganyetso mmogo le
karolo ya " malebana le tshedimosetso e nngwe ka ga megalatshoganyetso.
Mediro e e atlanegisitsweng ya didiriswatlaleletso tsa tšhajara ya smartphone sa gago saBlackBerry Z30
Megala ya ditšhaja: HDW-46445-001, HDW-46446-001, HDW-46447-001, HDW-46448-001,
HDW-46449-001, HDW-46450-001
Dirisa fela ditlaleletsatšhajara tse di tlametsweng le smartphone sa gago kgotsa ditlaleletsatšhaja dingwe fela
BlackBerry tse di atlanegisitsweng fela go tswa go mofuta wa maatlamotlakase o o kailweng mo setshwaong.
Pele o dirisa maatlamotlakase, tlhomamisa gore bogolo jwa ona bo tshwana le jo bo kailweng mo sedirisweng
sa gago. Gokaganya smartphone sa gago go digokaganyi tse di kannweng ke CTIA fela, kgotsa dikumo tse di
nang le logo ya USB-IF kgotsa tse di weditseng lenaneoinaakanyo la USB-IF.
Se imetse dintshamotlakase, megalakatoloso kgotsa diamogedi tse dingwe ka gobo se se ka tlhola molelo
kgotsa tšhatšhamelo ya motlakase. Go fokotsa kgobatso ya mogala kgosa polaka, ntsha polaka go na le go
goga mogala fa o gakaganyolola ditlaleletsi tsa tšhajara go tswa sentshing sa maatlamotlakase kgotsa
seamogedi se se maleba.
Sireletsa mogala wa motlakase gore o se ka wa nna wa gatakwa kgotsa wa kobiwa, bogolo jang kwa
dipolakeng, le mo mafelong a megala ya maatla a motlakase e kopanang le smartphone gone. Kametlha
tsamaisa mogala wa motlakase ka tsela e e fokotsang dikotsi tse di ka tlhagelang batho ba bangwe, jaaka go
kgopiwa le go fisiwa ke motlakase. Ntsha tšhaja mo polakeng ka nako ya magadima kgotsa fa o sa e dirise. Se
dirise ditlaleletsi tsa tšhajara kwa ntle, kgotsa mo lefelong le le bapileng le dielemente.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go gokelela mo motlakaseng bona lekwalo le le tlileng le
smartphone sa gago.
Go reka didirisiwa tsa tlatseletso tsa smartphone sa gago, ikgolaganye le motlamedi wa gago wa sedirisiwa se
se sa gokelelweng kgotsa o etele www.shopblackberry.com.
Tshireletsego malebana le betheri
Smartphone sa gago se na le beteri e e sa tlosiweng ya lithium-ion. O se ka wa leka go tlosa beteri. Go tlosa
beteri go tla dira gore Waranthi ya smartphone sa gago e se tlhole e dira e bile go ka senya beteri.
Betheri e, e ka tlhola molelo kgotsa go fiswa ke khemikhale fa e sa tsholwe ka kelotlhoko. O se ka wa dira gore
beteri ya gago e kgome diedi. Se thutafatse betheri go feta 140°F (60°C). Go thutafatsa betheri go feta 140°F
(60°C) go ka tlhola gore e tuke kgotsa e thunye.
O se ka wa letla smartphone le beteri ya sone di kopana le molelo kgotsa dilo tse dingwe tsa
kafa ntle tse di ntshang mogote, tse di tshwanang le dipoleite tse di fisang, ditofo, dihitara,
dionto, ka gonne seno se ka baka molelo kgotsa thunyo.
Smartphone sa gago le didiriswatlaleletso ga se tsa bana. Fa o letla ngwana wa gago go
dirisa kgotsa go tshwara smartphone sa gagwe kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone,
tlhomamisa gore o mmaya leitlho. Smartphone sa gago se na le dikarolo tse dinnye tse di
ka beta ngwana.
O se ka wa leka go tsenya dilo di sele mo teng ga beteri. O seka wa dira bosha, wa
tlhatlhamolola, wa fetola, wa thuba, wa phunya, wa koba, kgotsa wa tšhwetlha beteri. Fa
beteri e ile ya dirwa bosha, ya tlhatlhamololwa, ya fetolwa, ya thujwa, ya phunngwa, kgotsa
ya fetolwa ka tsela lefa e le efe e nngwe, tlogela go dirisa beteri eo ka yone nako eo.
O se ka wa dira gore beteri e dire ka short-circuit kgotsa go letla dilo tsa tshipi kgotsa tse di
fetisang motlakase di kgoma ditheminale tsa beteri.
Baya smartphone sa gago kgakala le didiriswa tsa bongaka, go akaretsa dithusapelo le
dithusakutlo, ka gonne di ka nna tsa simolola go se dire sentle le go baka kotsi e e masisi
kgotsa loso go wena le ba bangwe.
Se beye smartphone sa gago sa go bapa le diedi ka gonne seno se ka faposa motlakase,
sa baka molelo kgotsa motho a tlabolwa ke motlakase.
O se ka wa leka go tlosa beteri. BlackBerry e bontsha dibeteri tse di tshwanetseng go dirisiwa mo di
smartphone go dumelana le IEEE Std 1725. Go dirisa beteri epe fela e nngwe go ka nna ga baka molelo,
thunyo, go dutla ga beteri, kgotsa kotsi epe fele e nngwe. Tsweetswee netefatsa gore o latlha dibeteri tse di
fedileng go ya ka ditaelo tse di neetsweng mo bukaneng ya tshedimosetso ya tshireletsego.
Fa nngwe ya ditshwantsho tseno e bonala mo smartphone sa gago, go
na le phoso e e diragetseng gongwe mo betering ya gago kgotsa mo
kgokaganyong ya yone. Busetsa smartphone sa gago ko mothong yo o
tshwanelegang gore a se baakanye.
Fa o dirisa sepikara sa smartphone sa gago, o se ka wa tshwarela smartphone mo
tsebeng ya gago. Se se ka tlhola kgobalo e e masisi ya leruri.
Go dira gore smartphone sa gago se kopane le mabone a a benyang go ka nna ga baka
kidibalo kgotsa ga dira gore o tle o fifalelwa fela go sa twe sepe mme go ka tlhagisetsa
wena kgotsa ba bangwe kotsi. Fa go ka diragala gore tiriso ya sedirisiwa sa gago e tlholele
wena kgotsa bangwe ketsaetseego, tatlhegelo ya tlhokomelo, khidiego, mototwana,
kgotsa motsamao o o sa laolegeng, emisa tiriso ya smartphone sa gago ka yone nako eo
mme lo bone ngaka. Lebone la tsiboso la LED le beilwe mo pele mo smartphone sa gago,
mo sekhutlong se se kafa mojeng kwa godimo. Fa modiro wa smartphone sa gago o na le
khemera lebone le le benyang la khamera la LED le mo morago ga smartphone sa gago,
kwa godimo kgotsa kafa mojeng wa lense ya khemera. Fa o na le bothata jwa kidibalo
kgotsa go fifalelwa fela go sa tswe sepe, ikgolaganye le ngaka ya gago pele ga o dirisa
smartphone sa gago.
Se dirise smartphone sa gago fa o kgweetsa, kwantle ga fa o letlilwe semolao go dirisa
smartphone sa gago ka mokgwa wa tlogelaseatla. Tiriso ya smartphone sa gago sa o ntse
o kgweetsa e ka tlholela wena le bangwe kotsi e e ka tlholang kgobalo e e masisi, loso,
kgotsa tatlhegelo ya thoto.
O se ka wa dirisa smartphone sa gago fa go nang le mesi ya gase teng ka gonne e ka nna
ya baka molelo kgotsa thunyo.
Se latlhele smartphone sa gago sa mo molelong ka gonne seno se ka baka go thunya mo
go ka bakang kgobalo e e masisi, loso, kgotsa tatlhegelo ya thoto.
Tima smartphone sa gago sa mo sefofaneng. Go dirisa smartphone sa gago sa mo
sefofaneng go ka ama didiriswa tsa sefofane, tlhaeletsano, le go dira ga sefofane; go ka
kgoreletsa mafaratlhatlha; kgotsa ya nna kotsi mo go direng ga sefofane, go bakgweetsi le
bapagami; e bile go ka tswa go se ka fa molaong.
Ka tlholego fela, di-smartphone tsa ga di a sireletsega mme ga di a tshwanela go dirisiwa
gaufi le mosi o o ka thunyang, lorole lo lo ka thunyang, kgotsa dikhemikhale dingwe tse di
thunyang. Ditlhase mo mafelong a di ka tlhola go thunya kgotsa molelo, mme tsa tlhola
kgobalo e e masisi, loso, kgotsa tatlhegelo ya thoto.
Go dirisa sediriswa sa gago sa smartphone ka tshireletsego
• Se beye dilwana tse di bokete mo smartphone sa gago.
• Se leke go tlhabolola kgotsa go baakanya smartphone sa gago sa .
• Se leke go khurumetsa kgotsa go tsenya dilo mo diphatlheng tsa smartphone sa gago kwantle ga fa o
laetswe go dira jalo mo tokumenteng ya smartphone sa gago e e tlametsweng ke BlackBerry. Go dira se go
ka tlhola phaposo ya motlakase kgotsa molelo.
• Se dirise dilwana tse di bogale mo sekerining.
• Se dirise maatla a magolo mo sekerining.
• Se dirise smartphone sa gago kgotsa kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone go bapa le metsi (ka sekai, gaufi le
bata kgotsa sinki, kgotsa gaufi le tamobothumelo).
• Se beye smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone mo setshoding se se tekatekang.
Smartphone kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone di ka wa, mme tsa tlhola kotsi e kgolo go mongwe le tshenyo
e kgolo go smartphone kgotsa sediriswatlaleletso sa sone.
• Fa o dirisa smartphone sa gago, nna o ikhutsa kgafetsa. Fa o ka bipelwa molala, magetla, matsogo,
matlhalela, diatla (go akaretsa dikgonojwe le menwana), kgotsa dikarolo dingwe fela tsa mmele fa o dirisa
smartphone sa gago, emisa go se dirisa ka nako yone eo. Fa pipelo e e ka tswelela, bona ngaka.
Go kgweetsa le go tsamaya ka pabalesego
A o dirisa smartphone sa gago fa o ntse o kgweetsa. Neela tlhokomelo yotlhe mo go kgweetseng; go kgweetsa
ka pabalesego ke boikarabelo jwa gago jwa ntlha. O rwele maikarabelo a go itse le go obamela melao le
tsamaiso malebana le tiriso ya didiriswa tsa tlhokamogala mo mafelong a o kgweetsang go ona.
Boloka smartphone sa gago sentle pele o kgweetsa koloi ya gago. Fa koloi ya gago e na le kgetsana ya mowa,
o se ka wa baya smartphone sa gago kgotsa sedirisiwa sepe mo godimo ga yone, kgotsa mo karolong e
kgetsana ya mowa e tswang mo go yone. Fa kgetsana ya mowa e tlala, seo se ka baka kotsi e e masisi.
Dikai tsa tsamaiso ya radio di ka khuetsa thulaganyo ya motlakase e e sa tlhomiwang kgotsa go sireletswa ka
tolamo mo dikoloing. Botsa modiri wa koloi kgotsa moemedi wa teng. Fa go tsentswe sediriswa sengwe mo
koloing ya gago, o tshwanetse go golagana le modiri wa sediriswa se, malebana le tshedimosetso ka ga dikai
tsa tsamaiso ya radio.
Se dirise smartphone sa gago fa o tsamaya ka dinao kgotsa o dira sengwe se se tlhokang tlhokomelo ya gago
ka botlalo. Go sa tlhokomele pharakano ya dikoloi le batsamayakadinao ba bangwe go ka tlhola dikgobalo tse
di masisi, loso, kgotsa tatlhegelo ya thoto.
Didiriswatlaleletso
Dirisa fela didirisiwa tse di letleletsweng ke BlackBerry go dirisiwa le mofuta ono wa modiri wa smartphone. Go
dirisa sedirisiwa sengwe le sengwe se se sa letlelelwang go ka dira gore boleng jwa sedirisiwa bo fedisiwe
kgotsa bo se ka jwa dira, go ka felela ka gore smartphone se se ka sa dira e bile go ka nna kotsi.
Ditharabololo tsa ditshodi: Smartphone sa gago se ka nna sa se tle le setshodi (sediriswatlaleletso se se
tlhonngwang mo mmeleng). Fa o rwala smartphone sa gago mo mmeleng, ka gale tsenya smartphone sa gago
mo sedirisweng sa setshodi sa se se tlametsweng le smartphone ka sepelete sa lebanta se se neetsweng
kgotsa se atlanegisitsweng ke BlackBerry. Fa o sa dirise setshodi se se nang le sepelete sa lebanta se se
tlametsweng kgotsa se se atlanegisitsweng ke BlackBerry fa o tshola smartphone sa gago, tshola smartphone
sa gago bobotlana sekgala sa 0.59 in. (15 mm) go katoga mmele wa gago fa smartphone sa gago se le mo
tirisong. Fa o dirisa karolo epe fela ya tshedimosetso ya smartphone sa gago sa (ka sekai, melaetsa ya imeile,
melaetsa ya PIN, melaetsa ya MMS, kgotsa ditirelo tsa go batla), ka kheibole ya USB kgotsa kwantle ga yone,
tshola smartphone sa gago sa se katogile mmele bobotlana ka sekgala sa 0.59 in. (15 mm) go katoga mmele
wa gago. Go dirisa didiriswatlaleletso tse di sa tlamelwang kgotsa go atlanegiswa ke BlackBerry go ka dira gore
smartphone sa gago sa se fete kaelo ya selekanyo sa makhubu a radio. Ditlamorago kwa bokhutlong, tsa go
feta maemo a pontsho go tsamaiso ya radio di ka tlhola kgobalo e e masisi. Go bona tshedimosetso e nngwe
ka ga go bapa le maatlatsamaiso a radio, tlhola karolo ya “Tshedimosetso ya tumelano” ya kaedi e.
Bontsi jwa BlackBerry tse di letleletsweng tsa go tshola di-smartphone (ka sekai, dikgwama, dikgetsana, le
diphuthelwana) tse di nang le makenete. O se ka wa baya dilwana tse di nang le makenete, tse di jaaka
dikarata tsa debit, dikarata tsa sekoloto, dikarata tse di bulang kgotsa dilwana tse di tshwanang le tseo,
dikarata tsa founo kgotsa tse di tshwanang le yone gaufi le dilo tsa go tshola smartphone. Makenete o ka
gobatsa kgotsa wa phimola datha e e bolokilweng mo makeneteng.
Selekanyetsamakenete
Se akaretsa selekanyetsamakenete. Mitara wa makenete e dirisiwa ke ditiriso tse di jaaka Khampase.
Dimakenete kgotsa didiriswa tse di nang le makenete, jaaka ditshodi, ditlhongwatsebeng, kgotsa dimonithara,
di ka khuetsa go nepa ga selekanyetsamakenete. O se ka wa ikaega ka dithulaganyo tse di di dirisang
selekanyetsamakenete go bona gore o ko kae, segolobogolo fa o le mo boemong jwa tshoganyetso.
Kgaso
Melao mengwe e ka go kganela kgotsa go go thibela go dirisa dikarolo dingwe tsa smartphone sa gago sa . Fa
o tsaya ditshwantsho, o di tsamaisa kgotsa o di dirisa, ikobele melao, melawana, dithulaganyo le dipholisi tse
di akaretsang thulaganyo epe fela ya mokgatlho mongwe, dilo tsa botho, khupamarama ya kgwebo kgotsa
melao ya tshireletso e e ka tswang e le mo lefelong le o leng mo go lone. Tlotla ditshwanelo tsa ba bangwe tsa
botho. Tshireletso ya tetlokhophi e ka nna ya go kganela go kopisa, go fetola, go sutisa, kgotsa go romela
ditshwantsho dingwe, mmino (go akarediwa le mokgwa wa go lela), kgotsa ditennye tse dingwe.
Difaelekutlo: O ka gobaletsa ditsebe tsa gago ruri fa o reetsa difaele tsa modumo ka modumo o o kwa godimo,
segolo jang fa o dirisa dibuelatsebeng. Se oketse modumo wa ditlhongwatsebeng ka maikaelelo a go tila lerata
le le go dikaganyeditseng. Fa o utlwa modumo mo ditsebeng tsa gago kgotsa go sebaseba, ikgolaganye le
ngaka.
Khemera: Fa smartphone sa gago se na le khemera, o se ka wa lebagantsha khemera ka tlhamalalo kwa
letsatsing kgotsa kwa leseding lepe fela le le phatsimang. Go dira jalo go ka gobatsa matlho a gago kgotsa go
ka senya smartphone sa gago. Fa o dirisa foleše ya khamera, tshola aphetšha ya foleše ya LED bokgakala jwa
19.69 in. (50 cm) go katoga matlho a motshwantshiwa.
Go se latele ditaelo tsotlhe tsa pabalesego tse di mo lekwalong la modirisi la smartphone sa gago go tla dira
gore Waranthi ya yone e se tlhole e dira e bile go ka nna ga dira gore o se tlhole o e dirisa, kgotsa o kganelwe
go e dirisa o tseelwe dikgato tsa semolao, kgotsa gotlhe.
Anthena
O se ka wa latlhela smartphone sa gago kgotsa beteri mo go latlhelwang matlakala a mo lapeng
kgotsa mo molelong.
Go bona tshedimosetso ka ga go busetsa smartphone sa gago le didiriswatlaleletso tsa gago go BlackBerry
gore di tsennngwe mo tirisopoeletsong kgotsa di latlhwe ka tshireletsego, mo sebatling sa gago sa
khomphiutha, etela www.blackberry.com/recycling kgotsa https://tradeup.blackberry.com. Mananeo a
tirisopoeletso le kgwebisano a fitlhelwa mo dikarolong tse di rileng fela.
Fa mananeo a, a se yo mo karolong ya gago, tlhola pusoselegae ya gago malebana le melawana ya go latlha
dikumo tsa semotlakase.
Latlha smartphone le beteri ya yone tumalanong le melao le melawana ya mo lefelong la lona e e laolang go
latlhwa ga dilo tse di tshwanang le tseno.
Dirisa fela anthena e e tlametsweng. Dianthena kgotsa ditlhomelwa tse di sa letlelelwang di ka senya
smartphone sa gago sa e bile go di dirisa go ka thulana le malao ya U.S. ya Federal Communications
Commission (FCC). Melawana ya Federal Communications Commission (FCC).
Go tshwenyana le ditlamelwa tsa semotlakase
Bontsi jwa ditlamelwa tsa sešweng tsa semotlakase bo sireleditswe kgatlhanong le dikai tsa tsamaiso ya radio.
Mme gone, didiriswa dingwe tsa eleketeroniki di ka tswa di sa sirelediwa mo matshwaong a makhubu a radio
go tswa go smartphone sa gago sa .
Sethusapelo: Bona ngaka kgotsa modiri wa selaolamoribo fa o na le dipotso malebana le seabe sa dikai tsa
maatlatsamaiso a radio mo selaolamoribong sa gago. Netefatsa gore o dirisa smartphone sa gago go
dumalana le dipatlafalo tsa tshireletsego tse di amanang le sedirisiweng se se rileng, mo go ka akaretsang
dipatlafalo tse di latelang: ka metlha baya smartphone sa gago go feta di-inche di le 7.88 (20 cm) go tswa mo
sedirisiweng fa smartphone sa gago se tshubile, o se ka wa baya smartphone sa gago mo kgetsaneng ya mo
mabeleng o bo o dirisa tsebe e e kafa letlhakoreng la sedirisiwa se sengwe le go amogela megala mo
smartphone sa gago gore o fokotse dikgoreletsi. Fa o na le lebaka lepe fela la go fedisa kgoreletso eo, tima
dikgokaganyo tsotlhe tse di senang megala mo smartphone sa gago ka bonako, tlogela go dirisa smartphone
sa gago mme o ikgolaganya le ngaka.
Dithusakutlo: Didiriswatlhokamogala dingwe tsa dijithale di ka kgoreletsa dithusakutlo dingwe. Fa go ka nna
kgoreletsego ya mofuta o, ikgolaganye le motlamedi wa tirelotlhokamogala wa gago go buisana ka ga
dikemisetso.
Smartphone sa gago se akaretsa selekanyetsamakenete, se se diriswang ke ditiriso tse di jaaka tiriso ya
Khomphase. Fa tiriso e e dirisang selekanyetsamakenete e ka tlhola kgoreletsego go sethusakutlo sa gago,
tswala tiriso e.
Didiriswa tse dingwe tsa sengaka: Fa o dirisa sedirisiwa sepe fela sa ditlhare sa botho, ikgolaganye le modiri
go bona gore a sedirisiwa sa gago ditlhare se sireleditswe mo maatleng a kgokaganyo ya radio. Ngaka ya gago
e ka kgona go fitlhelela tshedimosetso e.
Madirelo a tlhokomelo ya boitekanelo:Tima dikgokagano tsa tlhokamogala tsotlhe mo smartphone sa gago
mo madirelong a tlhokomelo ya boitekanelo fa melawana e e beilweng mo dikarolong tse e go laela go dira
jalo. Dikokelo le madirelo a tlhokomelo ya boitekanelo di ka ne di dirisa ditlamelwa tse di ka nnang masisi
malebana le maatlatsamaiso a radio a kwa ntle.
Sefofane: Melawana ya Federal Aviation Administration (FAA) le ya Federal Communications Commission
(FCC) e kganela tiriso ya tlhokamogala fa sefofane se le moweng. Tima dikgokaganotlhokamogala tsotlhe tsa
smartphone sa gago pele o tsena mo sefofaneng. Ga go itsiwe gore fa o dirisa smartphone sa gago
tlhokamogala, seno se ka ama sefofane jang. Tiriso e, e ka khuetsa ditlamelwa tsa sefofane, tlhaeletsano, le go
dira ga sefofane, e ka kgoreletsa mafaratlhatlha, kgotsa ya nna kotsi mo go direng ga sefofane, ya bo ya se nne
mo semolaong. Fa dikgokaganotlhokamogala tsotlhe mo smartphone di timilwe, dirisa fela ditiriso tsa
tlhokaradio go ya ka melawana ya difofane malebana le didiriswasemotlakase.
Dikarolo tse di kotsi
Smartphone sa gago sa ga se a sireletsega ka tlhago mme ga se a letlelesega go diriswa mo tikologong e e
kotsi, fao go tlhokegang didiriswa tse di sireletsegileng, go akaretsa kwantle ga selekayo mafelo a a nang le
mosi wa gase, lorole lo lo ka thunyang, tiragatso ya madirelo a nyutlelia, ditirelo tsa difofane kgotsa tsa
tlhaeletsano, taolo ya tsa difofane, mmogo le thulaganyo ya tshegetso ya botshelo le dibetsa.
Dibaka tse di nang le kgonagalo ya go thunya: Fa o le mo karolong e e kgonang go ka thunya, tima
dikgokaganotlhokamogala tsotlhe go tswa go smartphone sa gago mme o obamele matshwao le ditaelo
tsotlhe. Ditlhase mo mafelong mangwe, di ka tlhola go thunya kgotsa molelo, mme se se ka tlhola kgobalo ya
mmele kgotsa loso.
Dikarolo tse di nang le kgonagalo ya go thunya gantsi di a tshwaiwa, mme gone e seng ka metlha. Dikarolo tse
di akaretsa dikarolo tsa dibeso jaaka mafelo a peterole, botlase jwa dikepe, mafelokananyo a dibeso le
dikhemikhale kgotsa madirelo a bobolokelo jwa tsona; dirori tse di dirisang gase ya peteroliamo, jaaka
poropheine kgotsa biutheine; dikarolo tse mo go tsona go leng dikhemikhale di tshwana le poire ya dithoro, ya
lorole kgotsa ya tshipi; mmogo le dikarolo dingwe fela fao o tla lopiwang go tima enjene ya koloi ya gago.
Se dirise founo ya smarphone sa gago go bega go dutla ga gase gaufi le lefelo le gase e dutlang mo go lone.
Tswa mo lefelong leo mme o letse mogala o le mo lefelong le le sireletsegileng, fa founo e le teng e bile e dira
mo smartphone sa gago.
Dikarolo tse di ka thunyang: Fa o le mo “lefelong la go thunya” kgotsa mo lefelong le le bontshang gore
diradio tsa ditselapedi di tshwanetse go timiwa, go tila go kgoreletsa ditiro tsa go thunya, tima dikgokelelo
tsotlhe tsa tlhokamogala mo smartphone sa gago mme o ikobele matshwao otlhe le ditaelo.
Mogote wa go dira le go boloka
Smartphone sa gago le tšhajara di diretswe gore di dirisiwe le go bolokwa mo dithemphereitšhareng tse di
kwadilweng mo lenaneothalong le le latelang:
Go dira ga Smartphone: 32 go ya go 95°F (0 go ya go 35°C)
Mo Smartphone se bewang gone (kwa tlase ga dikgwedi di le 3): -4 go ya go 95°F (-20 go ya go 35°C)
Mo Smartphone se bewang gone (dikgwedi di le 3 kgotsa go feta): 71.6 go ya go 82.4°F (22 go ya go 28°C)
Tšhaja e e dirang: 32 to 95°F (0 to 35°C)
Bobolokelo jwa tšhaja: -22 go ya go 167°F (-30 go ya go 75°C)
Tiriso le poloko ya smartphone kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone ka kwa ga dithemphereitšhara tse di
atlenegisiwang go ka dira gore smartphone sa gago se thuthafale mo go ka felelang ka kgobalo e e masisi
kgotsa loso, kgotsa go ka senya smartphone, didiriswatlaleletso kgotsa beteri ya lithium-ion.
Boloka smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa smartphone sa gago kgakala le dilo tse di bakang
mogote, jaaka diradiethara, direjisetara tsa mogote, ditofo, kgotsa didiriswa tse dingwe (go akaretsa
digodisamaatla) tse di tlhagisang mogote. Fa o sa ye go dirisa smartphone sa gago mo lobakeng lwa dibeke di
le pedi, se time.
Go phepafatsa le go baakanya smartphone
Go phepafatsa: Se dirise diedi, diphepafatsi tsa diedi, tsa dithini tsa seporei, kgotsa ditlhaolosi mo, kgotsa
gaufi le smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa smartphone sa . Phepafatsa fela ka lesela le le
omileng, le le boleta. Gokaganyolola dikheibole mo khomphiutheng o bo o somole didiriswatlaleletso dipe fela
tsa ditšhajara mo sentshing sa motlakase pele o phepafatsa smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa
go tšhaja.
Go baakanya: O se ka wa leka go baakanya, go tlhatlhamolola go rarabolola smartphone ya gago kgotsa
didirisiwa tsa yone tsa go tšhaja. O se ka wa leka go tlosa beteri ya gago e e sa tlosiweng o bo o re o tla e
emisetsa ka e nngwe. Ke batho ba ba tshwanelegang fela ba ba tshwanetseng go baakanya, kgotsa go fetola
beteri ya smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone, mme ba tshwanetse go dirisa fela beteri e
BlackBerry e bontshang gore e ka dirisiwa le mofuta wa gago wa smartphone.
Fa go ka tlhaga bope jwa maemo a a latelang, tlosa dikheibole tsa motlakase mo khomputareng kgotsa mo
motlakaseng o bo o isa smartphone sa gago kgotsa didirisiwa tsa go tšhaja kwa bathong ba ba tshwanelegang
gore ba di baakanye:
• Fa thapo ya maatla a motlakase, polaka, kgotsa segokedi se senyegile.
• Seeledi sengwe se tshologetse mo smartphone sa gago kgotsa mo sedirisiweng se sengwe se se tlang le
yone, kgotsa sengwe se wetse mo go tsone.
• Smartphone sa kgotsa dilwana tsa go tšhaja di kile tsa nelwa ke pula kgotsa tsa tshelegelwa ke metsi.
• Smartphone sa kgotsa dilwana tsa go tšhaja di utlwala di fisa fa o di tshwara.
• Smartphone sa kgotsa dilwana tsa go tšhaja di digilwe kgotsa di senyegile ka tsela nngwe.
• Smartphone sa kgotsa dilwana tsa go tšhaja ga di dire ka tsela e e tlwaelegileng fa o latela ditaelo tse di mo
bukeng ya modirisi.
• Smartphone sa kgotsa dilwana tsa go tšhaja di fetogile fela thata mo tseleng e di dirang ka yone.
Go fokotsa kotsi ya molelo kgotsa tšhatšhamelo ya motlakase, lolamisa fela dilaodi tse di akareditsweng mo
tokumenteng ya modirisi ya smartphone sa gago. Go leka go fetola dilo dingwe o bo o sa di fetole sentle go ka
senya mme gantsi go tla tlhoka gore modiri yo o tshwanelegang a tshwanelwe ke go dira tiro e ntsi go
baakanya smartphone sa gago, dilwana tsa go tšhaja, kgotsa dilwana dipe tse dingwe gore e boe e bereke
sentle.
Tsela ya go latlha smartphone le beteri
Ka ga megalatshoganyetso le BlackBerry Mobile Voice System
Fa o na le BlackBerry Mobile Voice System e e tsentsweng mo smartphone sa gago sa , dipolelo tse di latelang
di a go ama:
Megalatshoganyetso go 911, 112, 000, 999, kgotsa dinomore dingwe tsa boditšhabatšhaba tse di itsiweng tse
di ka gokaganang le ntlhatsibogo e e sireletsegileng ya botlhe, kgotsa ditirelotshoganyetso tse di tshwanang le
tse, ga di tsweletswe ka mosele wa BlackBerry Mobile Voice System, mme di tsweletswa go tswa go sediriswa
sa gago sa BlackBerry fao go nang le mafaratlhatlha go tswa go moabatirelo wa tlhokamogala. MVS ya
BlackBerry ga e a tlhamelwa kgotsa go ikaelelwa go emisetsa tirelo e e tlwaelegileng ya mogala.. Go
tshwanetse ga dirwa thulaganyotlaleletso, e e sa ameng MVS ya BlackBerry, gore o kgone go fitlhelela ditirelo
tsa mogala tsa gale, tse di gokilweng le tsa tlhokamogala, jaaka bokgoni jwa go letsetsa tsa tshoganyetso.
BlackBerry le bakwadiswa ba yona, mmogo le batlhankedi ba yona, bakaedi, le badiredi, ga ba kitla ba rwala
boikarabelo jwa kgobalo ya mong, loso, kgotsa kgobalo e e ka tlholegang ka ntlha ya, kgotsa e le malebana le
go palelwa ke go fitlhelela ditirelotshoganyetso tsa mogala (ka sekai, 911, 112, 000, kgotsa 999) ka MVS ya
BlackBerry. Ka go dirisa BlackBerry MVS Client, o dumalana le dintlha tse di fa godimo. Fa o sa dumalane le
dintlha tse di fa godimo, tlosa BlackBerry MVS Client mo sedirisweng sa gago.
Tshedimosetsoinaakanyo
Go nna gaufi le dikaitsamaiso tsa radio
Radio ya smartphone sa gago ke ya maatla a kwa tlase malebana le phetiso le kamogelo. Fa radio ya
smartphone sa gago e tshubilwe, e amogela le go romela dikai tsa tsamaiso ya radio. Smartphone se
tlhamilwe gore se dumelane le kaedi ya Federal Communications Commission (FCC), Ministry of Internal
Affairs and Communications (MIC), le Intaseteri ya Canada (IC), Institute of Electrical and Electronics
Engineers Standard (IEEE), National Council on Radiation Protection and Measurements (NCRP),
International Commission on Non-Ionizing Radiation Protection (ICNIRP) le melawana e mengwe ya
boditšhabatšhaba e e maleba e e tlotlang makhubu a radio go didiriswa tsa tlhokamogala, tse le tsone di
tsamaisanang le melao e e latelang ya pabalesego e e neng e tlhomilwe pele ke mekgatlho ya ditekanyetso ya
boditšhabatšhaba ya Canada, U.S. le mekgatlho ya boditšhabatšhaba ya:
• ANSI/IEEEC95.1, 2005, American National Standards Institute/Institute of Electrical and Electronics
Engineers Standard ya Dilekanyo tsa Pabalesego Malebana le go Lebana ga Batho le Frequency ya Radio
ya Ditikologo tsa Electromagnetic, 3 kHz go ya go 300 GHz
• Pego 86, ya 1986, ya National Council on Radiation Protection and Measurements (NCRP), Ditlamorago
tsa Pholo ya Batho le Molao wa go Lebana le Didiriswa tsa Frequency ya Radio le Ditikologo tsa
Electromagnetic
• EN 50360, 2001+A1:2012, maemo a Kumo go supa inaakanyo ya megala e e akgiwang le dithibelomotheo
tse di amanang le pontsho ya batho go dikarolo tsa eleketeromakenetiki (300 MHz go ya go 3 GHz)
• International Commission on Non-Ionizing Radiation Protection (ICNIRP), 2009, Guidelines for Limiting
Exposure to Time-Varying Electric, Magnetic, le Electromagnetic fields (go fitlha go 300 GHz)
• Official Journal of the European Union (OJEU), 1999, Council Recommendation of 12 July 1999 malebana
le phokotso ya pontsho ya setšhaba go dikarolo tsa eleketeromakenetiki (0 Hz go fitlha go 300 GHz)
• MIC, 2001, Article 14-2 of the Ordinance for Regulating Radio Equipment
Go tswelela o dira tumelanong le FCC, IC, MIC, EU le melawana ya lekhubu la boditšhabatšhaba la radio le le
maleba fa o tshwere smartphone sa gago mo mmeleng wa gago, dirisa fela didiriswatlaleletso tse di
tlametsweng ka sepelete sa lebanta kgotsa tse di atlanegisitswe ke BlackBerry. Tiriso ya didiriswatlaleletso tse
di sa atlanegisiwang ke BlackBerry e ka thulana le kaedi ya pontsho go tsamaiso ya radio mme ya phimola
tsholofetso e e tsamaelanang le smartphone sa gago. Fa o sa dirise setlaleletsi se se tsholwang mo mmeleng,
se se tlametsweng ka sepelete sa lebanta kgotsa se atlanegisitswe ke BlackBerry fa o tshola sediriswa , gone
tshola smartphone sa gago bonnye jwa sekgala se le 0.59 in. (15 mm) go katoga mmele wa gago fa
smartphone sa gago se le mo tirisong. Fa o dirisa ponagalo nngwe fela ya datha ya smartphone sa gago, ka,
kgotsa kwantle ga kheibole ya USB, tshola smartphone sa gago sekgala sa, bonnye, 0.59 in. (15 mm) go
katoga mmele wa gago. Fa o dirisa setlaleletsi se se tsholwang mo mmeleng, mme se sa tlamelwa ke
BlackBerry fa o tshola smartphone sa gago, tlhomamisa gore setlaleletsi ga se a tshola tshipi mme o tshole
smartphone sa gago sekgala sa 0.59 in. (15 mm) go katoga mmele wa gago fa smartphone sa gago se le mo
tirisong.
Go fokotsa pontsho go tsamaiso ya radio, akanya ka ga dikaeditshireletsego tse di latelang:
• Dirisa smartphone sa gago mo mafelong a a nang le kaedikamogelo e e tiileng ya tlhokamogala. Tshupane e
e neelang tshedimosetso ka ga maatlakamogelo a tlhokamogala e mo sekhutlwanagodimong sa moja sa
sekerini sa gae mme e bontsha dibara tse tlhano tse di tlhatlogang. Dibara di le tharo kgotsa go feta di kaya
maatlakamogelo a a tiileng. Kaedi e e fokotsegileng, e e ka fitlhelwang mo mafelong a a jaaka a go phakiwa
ga dikoloi ka fa tlase ga dikago kgotsa fa o le mo setimeleng kgotsa koloing, a ka kaya koketsego ya go
ntshiwa ga maatla go tswa go smartphone sa gago, jaaka se tlaabo se leka go gokagana le kaedikamogelo e
e bokoa.
• Dirisa ditlhonngwammeleng fa di le gone mme o beye smartphone bobotlana 0.59 in. (15 mm) go katoga
mmele wa gago. (go akaretsa le mpa ya mosadi yo o imileng le karolo e e kwa tlase ya mpa ya basha) fa
smartphone se tshubilwe le fa se golagantswe le neteweke ya tlhokamogala. Go bona tshedimosetso e
nngwe ka ga go tshola smartphone sa gago, tlhola tshedimosetso ka ga dikgetsana mo karolong ya
“Didiriswatlaleletso” ya tokumente e.
• Fokotsa nako e o e dirisang mo megalang, kgotsa bogolo romela molaetsa wa mokwalo kgotsa molaetsa wa
BBM .
Tshedimosetso ya kelokamogelo e e totileng
MODIRO ONO WA SEDIRISWATLHOKAMOGALA O INAAKANYA LE DITLHOKEGO TSA PUSO MALEBANA LE
PONTSHO GO MAKHUBU A RADIO FA SE DIRISIWA GO YA KA KAELO E E MO KAROLONG E.
Smartphone sa gago sa BlackBerry ke sefetisi le seamogedi sa radio. Se tlhamilwe le go tsweletswa gore se se
ka sa feta tekanyetsomaatla ya go ntshiwa ga makhubu a radio (RF), e e beilweng ke the Federal
Communications Commission (FCC) ya Puso ya U.S. le go atlenegisiwa ke The Council of the European Union
fa e dirisiwa jaaka go kaelwe mo karolong e e fetileng. Ditekanyetso tse ke karolo ya dikaedi tse di feletseng
mme di tlhomamisa dikgato tse di letlilweng tsa maatla a RF go morafe ka kakaretso. Dikaedi di ikaegile ka
maemotekanyetso a a tlhamilweng ke mekgatlho ya saense e e ikemetseng mo pakeng le tlhatlhobong e e
tseneletseng ya dipatlisiso tsa bosaense.
Maemotekanyetso a pontsho malebana le didiriswatlhokamogala a dirisa yunititekanyetso e e bidiwang
Specific Absorption Rate, kgotsa SAR. Tekanyetso ya SAR e e beilweng ke FCC/IC ke 1.6W/kg*. Tekanyetso ya
SAR e e atlanegisitsweng ke Council of the European Union ke 2.0W/kg**. Diteko tsa SAR di dirwa go
ikaegilwe ka kemo ya bodiri e e neetsweng ke FCC/IC ka sediriswa se se fetisang ka maatla a godimodimo a a
tlhomamisitsweng mo go di-band tsa tsamaiso tse di lekilweng. Le fa SAR e tlhomamisiwa mo kgatong ya
maatla e e tlhomamisitsweng, e e kwa godimodimo, kgato ya mmatota ya SAR ya sediriswa e ka nna kwa tlase
ga boleng jwa godimodimo. Se, ke ka ntlha ya gore sediriswa se tlhametswe go dira mo dikgatong tsa maatla a
mantsi, gore se dirise fela maatla a a tlhokegang go fitlhelela mafaratlhatlha. Ka kakaretso, go nna gaufi le
anthena ya seteišenemotheo sa tlhokamogala go fokotsa go ntshiwa ga maatla.
Pele modiro wa sediriswatlhokamogala o ka rekisetswa batho, o tshwanetse go lekiwa mme o tlhomamisiwe
go RF gore ga o fete tekanyetso e e tlhomilweng ke ditlhokego tse di amogetsweng ke puso malebana le
pontsho e e sireletsegileng.
Boleng jwa godimodimo jwa modiro wa sediriswa sa gago sa BlackBerry fa se lekelwa tiriso mo tsebeng bo
tlhaloswa jaana:
Smartphone sa
SAR (W/kg) go 1 g
SAR (W/kg) go 10 g
Smartphone sa BlackBerry STA100-6
(nomoro ya modiro RGU131LW)
0.77
0.71
Boleng jwa godimodimo jo bo begilweng jwa SAR jwa smartphone seno, mo setshoding se se atlenegisitsweng
sa BlackBerry se se nang le lebanta le le gokelelwang, bo tlholositswe fa tlase. Tharabololotsholo, go
akarediwa le tharabololotsholo e e atlanegisitsweng ke BlackBerry, mmogo le tharabololotsholo e e sa
atlanegisiwang ke BlackBerry, tse di sa tleng le sepelete sa lebanta GA DI A TSHWANELA go aparwa kgotsa go
tsholwa mo mmeleng. Go bona tshedimosetso e nngwe malebana le go apara kgotsa go tshola sediriswa se sa
BlackBerry kwantle ga go dirisa tharabololotsholo e e tlametsweng ka lebanta, bona tshedimostso ya setshodi
mo karolong ya “Ditlaleletso” ya tokumente eno.
Smartphone
SAR (W/kg) go 1 g
SAR (W/kg) go 10 g
Smartphone sa BlackBerry Z30 STA100-6 (nomoro
ya modiro RGU131LW)
1.01
0.97
Fa smartphone sa gago sa BlackBerry se dira ka mokgwa wa Mobile Hotspot, palo e e kwa godimo e e
begiwang ya SAR ya sediriswa seno fa se gokeletswe mo lebanteng, mo setshegetsing se se letleletsweng sa
BlackBerry se se tsenyeditsweng segokeledi sa lebanta, e tlhalositswe fa tlase.
Smartphone
SAR (W/kg) go 1 g
Smartphone sa BlackBerry Z30 STA100-6 (nomoro
ya modiro RGU131LW)
0.87
Ditlhongwammeleng di farologana go ya ka mefuta ya difouno mmogo le didirisiwatlhokamogala, go ya ka
dilwanatlaleletso tse di fitlhelegang, le ditlhokego tsa FCC, IC, le The Council of the European Union.
Tshedimosetsotlaleletso ka ga SAR e ka fitlhelwa mo webesaeteng ya CTIA - The Wireless Association mo go
www.ctia.org.
___________________________________
*Kwa United States le Canada, tekanyetso ya SAR malebana le didiriswa tse di akgiwang tse di dirisiwang ke
batho, ke 1.6W/kg ka tekanyetso e e fetang 1g ya ditogwa tsa mmele kgotsa tlhogo (4.0W/kg ya
tekanyetsobogareng e e fetang 10g ya ditogwa - diatla, manengetso, manengana le dinao).
**Kwa Yuropa, tekanyetso ya SAR malebana le didirisiwa tse di akgiwang tse di dirisiwang ke batho, ke
2.0W/kg ka tekanyetsobogareng e e fetang 10g ya ditogwa tsa mmele kgotsa tlhogo (4.0W/kg ya
tekanyetsobogareng e e fetang 10g ya ditogwa – diatla, manengetso, manengana le dinao). Dipatlisiso di kaya
gore maemo a, a akaretsa tshireletsego e e lekanetseng, go sireletsa morafe, le go tsaa maikarabelo a
pharologano e e ka nnang teng malebana le ditekanyetso tse.
Tshedimosetso ya US Malebana le Ditlhokego tsa Federal Communications Commission
(“FCC”) tsa Inaakanyo ya Dithusakutlo tsa Didiriswatlhokamogala
Fa didiriswatlhokamogala di dirisiwa gaufi le didiriswakutlo (jaaka dithusakutlo kgotsa ditlhomelwa tsa
khokolea), badirisi ba ka lemoga modumo wa thoromo, go suma kgotsa go dumaela. Didiriswakutlo dingwe di
kgona go emelana le kgoreletsego e go gaisa tse dingwe, mme didiriswatlhokamogala le tsona di a farologana
ka mothamo wa kgoreletsego o di o tlholang.
Tirelo ya megalatlhokamogala e tlhamile tekanyetso go thusa badirisi ba didiriswakutlo go fitlhelela
didiriswatlhokamogala tse di ka nyalelanang le didiriswakutlo tsa bona. Ga se didiriswatlhokamogala tsotlhe
tse di lekanyeditsweng. Didiriswatlhokamogala tse di lekanyeditsweng di tla bontsha tekanyetso mo
lebokoseng, mmogo le matshwaothebolo a mangwe a a maleba.
Ditekanyetso ga se tlhomamisetso. Dipholo di tla farologana, go tswa ka sediriswakutlo sa modirisi le
tatlhegelokutlo. Fa e le gore sediriswakutlo sa gago se tshabelelwa ke kgoreletsego, o ka nna wa se kgone go
dirisa didiriswatlhokamogala tse di lekanyeditsweng ka katlego.
Tsela e e gaisang ya go lekanyetsa ka bowena go ya ka ditlhokego tsa gago, ke go bona moporofešenale wa
gago wa boitekanelokutlo.
Tekanyetso e dira jang
Tekanyetso : ya M-: Didiriswatlhokamogala tse di lekanyeditsweng go M3 kgotsa M4 di kgotsofatsa ditlhokego
tsa FCC mme di ka tlhola kgoreletsego e e kwa tlase go didiriswakutlo go na le didiriswatlhokamogala tse di sa
tshwaiwang. M4 e botoka kgotsa e kwa godimo mo sebeding se.
Tekanyetso ya T-: Didiriswatlhokamogala tse di lekanyeditsweng go T3 kgotsa T4 di kgotsofatsa ditlhokego tsa
FCC mme di ka dirisega le thelekhoele ya sediriswakutlo (“T Switch”), go gaisa didiriswatlhokamogala tse di sa
lekanyediwang. T4 e botoka kgotsa e kwa godimo mo sebeding se. (Ela tlhoko gore ga se didiriswakutlo tsotlhe
di nang le thelekhoele.)
Didiriswakutlo di ka nna tsa lekanyetswa malebana le kemelano kgatlhanong le kgoreletso ya mofuta o. Modiri
wa sediriswakutlo kgotsa moporofešenale wa gago wa boitekanelokutlo a ka go thusa go bona dipholo
malebana le sediriswakutlo sa gago. Bogolo jwa kemelano ya sethusakutlo sa gago bo tla fokotsa
modumokgoreletsego go tswa didiriswatlhokamogaleng.
Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga tiro e e dirilweng ke FCC malebana le bodirammogo jwa dithusakutlo le
didiriswatlhokamogala, mmogo le dikgato dingwe tse FCC e di tsereng go netefatsa gore batho ba ba nang le
bogole ba fitlhelela ditirelotlhaeletsano, etela www.fcc.gov/cgb/dro.
Inaakanyotaolo ya EU
BlackBerry e bega fano gore smartphone seno sa , se dira tumelanong le ditlhoko tsa botlhokwa le
dithulaganyo dingwe tse di tshwanelang tsa Radio and Telecommunications Terminal Equipment (R&TTE)
Directive 1999/5/EC.
Smartphone sa BlackBerry Z30 STA100-6
Maikano a Inaakanyo a dirwa mo Botsamaising 1999/5/EC (HG nr. 88/2003) mme a ka bonwa mo lefelong le
le latelang mo morafeng wa EU : www.blackberry.com/go/declarationofconformity.
BlackBerry UK Limited 200 Bath Road Slough, Berkshire SL1 3XE United Kingdom
Fa Wi-Fi e kgonthitswe mo smartphone sa gago Wi-Fi, smartphone sa gago se ka dirisiwa mo mafaratlhatlheng
a mo dinageng tsotlhe tsa maloko a Dinagakopanelo Tsa Yuropa. Sediriswa seno se ka dirisiwa kwa Turkey.
Jenale ya Semmuso ya Tshwetso ya Khomišene ya European Union ya 12 Tlhakole 2007 e bolela gore mo go
band ya tsamaiso 5.150 go ya go 5.350 GHz, dithulaganyo tsa phitlhelelo ya tlhokamogala (WAS), go
akarediwa le mafaratlhatlha a radio a tikologoselegae (RLANs), di tla kotelwa go tiriso ya mo tlung. Ka ntlha ya
gore tlhamo ya mafaratlhatlha e le mo karolong ya ntlhaphitlhelelo ya tlhokamogala, mme ntlhaphitlhelelo e le
sediriswasegolo, smartphone ga se ke se simolola tlhamo ya mafaratlhatlha kgotsa se gokagana le
mafaratlhatlha ka mokgwatlhamalalo mo go band ya tsamaiso ya GHz ya 5.150 go ya go 5.350.
Inaakanyotsamaisotlaleletso
Dintlha tse di rileng ya go dira dilo tumalanong le ditekanyetso le melao ya smartphone sa gago sa BlackBerry
e ka bonwa go tswa mo .
Go bona Tshedimosetso e oketsegileng ya Type Approval, tsweetswee tlhola lenaneo le le bulelang kwa tlase
la Regulatory Approvals mo sekerining sa ‘About’ mo smartphone sa gago.
Tshedimosetso ya kuno: Smartphone sa BlackBerry Z30 STA100-6
Dipopego tsa bomakheniki:
Boima: mo e ka nnang 6 oz (171 g) go akaretsa ya beteri ya sele ya lithium-ion
Selekanyo (L x W x H): 5.5 x 2.8 x 0.4 in. (140.7 x 72 x 9.4 mm)
2 GB RAM, 16 GB memori wa folešhe, botseno jwa karata ya micro SD
Ditoto tsa maatla:
Beteri ya sele e e sa tlosiweng, e e kgonang go tšhajiwa ya lithium-ion
Tshegetsa dikarata tsa SIM tsa micro, tsa 3V, 1.8V
Tsamaelano ya setshwaraganyi sa tsamaisanyo ya tshedimosetso le go tšhaja: micro USB 2.0
Ditlhaloso tsa mafaratlhatlha a radio ya mmobaele:
E tshegetsa LTE Penta-band: LTE 800, LTE 900, LTE 1800, LTE 2100, LTE 2600 MHz band
E tshegetsa Quad-band HSPA: UMTS 800/UMTS 850, UMTS 900, PCS 1900, IMT 2100 MHz band
E tshegetsa GSM Quad-band: GSM 850, GSM 900, DCS 1800, PCS 1900 MHz band
Karolo 1 (DCS 1800, PCS 1900), Karolo 4 (GSM 850) jaaka go tlhalositswe mo GSM 5.05, Karolo 4 (GSM 900)
jaaka go tlhalositswe mo GSM 02.06, Karolo E2 (GSM 850, GSM 900, DCS 1800, PCS 1900), Karolo 3 (UMTS
LTE)
824 go ya go 849 MHz, 832 go ya go 862 MHz, 880 go ya go 915 MHz, 1710 go ya go 1785 MHz, 1850 go ya
go 1910 MHz, 1920 go ya go 1980 MHz, 2500 go ya go 2570 MHz
791 go ya go 821 MHz, 869 go ya go 894 MHz, 925 go ya go 960 MHz, 1805 go ya go 1880 MHz, 1930 go ya
go 1990 MHz, 2110 go ya go 2170 MHz, 2620 go ya go 2690 MHz
Ditoto tsa radio tsa mafaratlhatlha tsa Wi-Fi:
Maemo a LAN a tlhokamogala: IEEE 802.11a, IEEE 802.11b, IEEE 802.11g, IEEE 802.11n
Makhubu a phetiso le kamogelo a IEEE 802.11b/IEEE 802.11g/IEEE 802.11n: 2.412 to 2.472 GHz
Makhubu a phetiso le kamogelo a IEEE 802.11a/IEEE 802.11n: 5.180 to 5.825 GHz
Ditoto tsa radio tsa Bluetooth:
E tshegetsa Single-band: ISM 2.4 GHz
Makhubu a phetiso le kamogelo: 2402 go ya go 2480 MHz
Mophato1.5 wa Bluetooth
Fa smartphone sa gago se tshegetsa thekenoloji ya NFC, dithaloso tse di latelang di a dira:
Makhubu a tiriso: 13.56 MHz
Mekgwa e e tshegediwang: sebuise/sekwadi, tshwantshanyo ya karata, molekane go molekane
Kitsiso ya semolao
© 2013 BlackBerry. Ditshwanelo tsotlhe di sireleditswe. BlackBerry® le matshwaokgwebo a a amanang, le
matshwaomoono ke dithoto tsa BlackBerry Limited e bile a kwadisitswe le/kgotsa go dirisediwa U.S. le dinaga
tse dingwe mo lefatsheng lotlhe. ANSI ke letshwaokgwebo la American National Standards Institute.
Bluetooth ke letshwaokgwebo la Bluetooth SIG. CTIA - The Wireless Association ke letshwaokgwebo la CTIA The Wireless Association. GSM ke letshwaokgwebo la GSM MOU Association. IEEE, 802.11a, 802.11b,
802.11g, 802.11n, le IEEE Std 1725 ke matshwaokgwebo a Institute of Electrical and Electronics Engineers,
Inc. LTE le UMTS ke matshwaokgwebo a European Telecommunications Standards Institute (ETSI). Wi-Fi ke
letshwaokgwebo la the Wi-Fi Alliance. Matshwaokgwebo a mangwe otlhe a na le beng ba one ba ba
farologaneng. Tokumente eno, mmogo le tse dingwe tse di nopotsweng, jaaka ditokumente tse di fitlhelwang
kwa www.blackberry.com/go/docs e neelwa “jaaka e ntse” kwantle ga peelano, tlhomamiso, netefatso,
kemedi kgotsa tsholofetso, kgotsa pegomolato ya mokgwa mongwe go BlackBerry Limited le ditlamo tse di
kwadisitsweng mo go yone, tse di itlamololang gotlhelele go ya ka tetla ya molao wa tikologo ya gago.
Melawana ya tiriso ya kuno kgotsa tirelo epe fela ya BlackBerry di tlhalositswe mo laesenseng kgotsa mo
tumalanong nngwe le BlackBerry e e maleba. GA GO SEPE MO TOKUMENTENG ENO, SE SE
ITLHOKOMOLOLANG TUMALANO E E KWADILWENG KGOTSA TSHOLOFETSO E E NEETSWENG KE
BLACKBERRY MALEBANA LE DIKAROLO TSA BLACKBERRY TSA DIKUNO KGOTSA DITIRELO KWANTLE GA
TOKUMENTE ENO.
BlackBerry Limited
295 Phillip Street
Waterloo, ON N2L 3W8
Canada
BlackBerry UK Limited
200 Bath Road
Slough, Berkshire SL1 3XE
United Kingdom
Published in Canada

Documentos relacionados

Malwetse a dintšwa a bakiwang ke diparasiti tsa letlalo

Malwetse a dintšwa a bakiwang ke diparasiti tsa letlalo etsetse la, Ctenocephalides felis, ke pharasaete e e tlwaelesegileng ya dintšwa le dikatse e e ka lomang le batho. Dintšwa dingwe di ilana thata le matsetse mme di tlhotlhonelwa thata. Dipatso tse ...

Más detalles