P`9983 Smartphone-Tshedimosetso ya Pabalesego le

Transcripción

P`9983 Smartphone-Tshedimosetso ya Pabalesego le
PORSCHE DESIGN
PRINTSPEC-146
MAT-59962-055
P'9983 Smartphone
SWD-20140820110907758 | RHA111LW
Tshedimosetso ya Pabalesego le ya Kuno
Tshedimosetso malebana le pabalesego
Pele o simolola go dirisa smartphone sa gago sa BlackBerry (e ga jaana e bidiwang smartphone),
tlhatlhoba tshedimosetso ya pabalesego le tsamaiso e e tlametsweng mo tokumenteng eno. Tshola
bukana e mo lefelong le le sireletsegileng, gore o kgone go e dirisa fa o e tlhoka.
Mo dinageng dingwe go ka nna le maparego malebana le tiriso ya didiriswa tsa Bluetooth tse di
letlilweng mmogo le didiriswatlhokamogala tse di nang le porogeramaphetiso Tlhola le baloadi ba
selegae malebana le dithibelo mo lefelong la lona.
Go bona tshedimosetso ya sešweng ya tshireletsego le ya dikumo, etela www.blackberry.com/docs/
smartphones.
Tsiboso ya tshireletsego ya botlhokwa
Dirisa fela dibetheri tse di atlanegisitsweng mo go smartphone sa gago . Tiriso ya
dibetheri kgotsa ditšhajara tse di BlackBerrysa atlanegisiwang e ka tlhola kotsi ya
molelo kgotsa go thunya, e e ka tlholang kgobalo e e masisi, loso kgotsa tatlhegelo
ya thoto.
Dirisa fela ditshodi tse di atlanegisitsweng ke BlackBerry. Tiriso ya ditshodi tse di sa
atlanegisiwang ke BlackBerry go ka dira gore smartphone sa gago se fete
maemotekanyetso a go lebana le phetisokgaso ya radio.
Tshola smartphone bobotlana 0.59 in. (1.5 cm) go tswa mo mmeleng wa gago. Fa o
rwala smartphone mo mmeleng wa gago, dirisa fela didiriswa tse di tlametsweng ka
lepanta la le le kopelwang, mme fa sediriswa se sa tlamelwa BlackBerry, ka
totobatsa gore sediriswa ga se na metale. Fa o sa latele dikaetso tse, smartphone sa
gago se ka feta seemo sa go ntshiwa ga makhubu. Gore a go na le ditlamorago tsa
paka-telele tsa go feta seemo sa go ntshiwa ga makhubu go ikaegile ka patlisiso ya
saese e e tsweletseng.
Go bona tshedimosetso e nngwe malebana le tirisotumelanong ya smartphone seno
le dikaelo tsa FCC tsa go ntshiwa ga makhubu a radio, etela www.fcc.gov/oet/ea/
fccid mme o phuruphutshe ID ya FCC ya smartphone sa gago e e kwadilweng mo
lenaneong le le fa tlase. FCC ID e mo morago mo smartphone ya gago.
•Porsche Design P’9983 smartphone go tswa go (nomoro ya modiro ) FCC ID:
L6ARHA110LWBlackBerry RHA111LW
Smartphone sa gago se diretswe go dirisiwa mo dithemphereitšhareng tse di
magareng ga 32 le 95°F (0 le 35°C). Go dirisa sediriswa o sa latele selekanyo se se
akantshiwang sa themphereitšhara go ka senya sediriswa sa gago kgotsa betheri ya
lithium-ion.
Se ikanye smartphone sa gago malebana le tlhaeletsanotshoganyetso.
Mafaratlhatlhatlhokamogala a a tlhokegang go letsa megalatshoganyetso kgotsa go
romela melaetsa, ga a fitlhelwe mo mafelong otlhe, mme dinomoretshoganyetso,
jaaka 911, 112, kgotsa 999, di ka nna tsa se go gokaganye go ditirelotshoganyetso
mo mafelong otlhe Fa o na le e tsentswe BlackBerry Mobile Voice System go
smartphone sa gago, leba “Ka ga megalatshoganyetso mmogo le karolo ya
BlackBerry Mobile Voice System" malebana le tshedimosetso e nngwe ka ga
megalatshoganyetso.
Smartphone sa gago le didiriswatlaleletso ga di a direlwa bana. Fa o letla ngwana wa
gago go dirisa kgotsa go tshwara smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa
sone, tlhomamisa gore o mmaya leitlho. Smartphone sa gago le didirisiwatlaleletso
di na le dikarolwana tse dinnye tse di ka kgamang bana.
Se latlhele smartphone sa gago mo molelong ka gonne seno se ka baka go thunya
mo go ka bakang kgobalo e e masisi, loso, kgotsa tatlhegelo ya thoto.
Bana ga ba a tshwanela go tshwara dibetheri ntle fela fa ba ba beilwe leitlho ke
mogolo.
Tima smartphone sa gago mo sefofaneng. Go dirisa smartphone sa gago mo
sefofaneng go ka ama didiriswa tsa sefofane, tlhaeletsano, le go dira ga sefofane; go
ka kgoreletsa mafaratlhatlha; kgotsa ga nna kotsi mo go direng ga sefofane, mo
bakgweetsing le bapagami; e bile go ka tswa go se ka fa molaong.
Ka tlholego fela, di-smartphone ga di a sireletsega mme ga di a tshwanela go
dirisiwa gaufi le mosi o o ka thunyang, lorole lo lo ka thunyang, kgotsa dikhemikhale
dingwe tse di thunyang. Ditlhase mo mafelong a di ka tlhola go thunya kgotsa
molelo, mme tsa tlhola kgobalo e e masisi, loso, kgotsa tatlhegelo ya thoto.
Se beye smartphone sa gago go bapa le diedi ka gonne seno se ka faposa
motlakase, sa baka molelo kgotsa motho a tlabolwa ke motlakase.
Fa o dirisa sepikara sa smartphone sa gago, o se ka wa tshwarela smartphone mo
tsebeng ya gago. Se se ka tlhola kgobalo ya kutlo e e masisi ya leruri.
Tiriso ya mabone a a benyang e ka nna ya baka kidibalo kgotsa ga dira gore o tle o
fifalelwa fela go sa twe sepe mme e ka tlhagisetsa wena kgotsa ba bangwe kotsi. Fa
go ka diragala gore tiriso ya sedirisiwa sa gago e tlholele wena kgotsa bangwe
ketsaetseego, tatlhegelo ya tlhokomelo, khidiego, mototwana, kgotsa motsamao o o
sa laolegeng, emisa tiriso ya smartphone sa gago ka yone nako eo mme lo bone
ngaka. Lebone la tsiboso la LED le beilwe mo pele mo smartphone sa gago, mo
sekhutlong se se ka fa mojeng kwa godimo. Fa modiro wa smartphone sa gago o na
le khemera, lebone le le benyang la khemera la LED le mo bomoragong jwa
smartphone sa gago, kwa godimo kgotsa ka fa mojeng wa lense ya khemera. Fa o
na le bothata jwa kidibalo kgotsa go fifalelwa fela go sa tswe sepe, ikgolaganye le
ngaka ya gago pele ga o dirisa smartphone sa gago.
Se dirise smartphone sa gago fa o kgweetsa, kwa ntle ga fa o letlilwe semolao go
dirisa smartphone sa gago ka mokgwa wa tlogelaseatla. Tiriso ya smartphone sa
gago o ntse o kgweetsa e ka tlholela wena le bangwe kotsi e e ka tlholang kgobalo e
e masisi, loso, kgotsa tatlhegelo ya thoto.
O se ka wa dirisa smartphone sa gago fa go nang le mesi ya gase teng ka gonne e
ka nna ya baka molelo kgotsa thunyo.
Dirisa fela betheri e e laoletsweng go dirisiwa le mofuta wa gago wa smartphone.BlackBerry BlackBerry
e bontsha dibetheri tse di tshwanetseng go dirisiwa mo go di - smartphone go nyalana.IEEE Std 1725
Tiriso ya betheri nngwe fela esele e ka dira gore waranti e e filweng e se ka ya tlhola e dira e bile e ka
baka matshosetsi a molelo, go thunya, go dutla ga betheri, kgotsa matshosetsi mangwe fela.
Tsweetswee netefatsa gore o latlha dibetheri tse di fedileng go ya ka ditaelo tse di neetsweng mo
bukaneng ya tshedimosetso ya tshireletsego.
Fa letshwao le le bonala mo go smartphone sa gago, itse gore betheri ga e a
tsenngwa sentle. Ntsha betheri mme o e tsenye gape. Tlhomamisa gore
digokaganyi tsa betheri di nyalelana le digokaganyi tsa smartphone sa gago .
Fa letshwao le bonala mo go smartphone sa gago, itse gore go tsentswe betheri
e e sa direng. Ntsha betheri ka yone nako eo mme o tsenye betheri BlackBerrye
e laoletsweng go dirisiwa le mofuta wa smartphone sa gago.
Go dirisa sediriswa sa gago sa smartphone ka tshireletsego
• Se beye dilwana tse di bokete mo smartphone sa gago.
• Se leke go tlhabolola kgotsa go baakanya smartphone sa gago sa .
• Se leke go khurumetsa kgotsa go tsenya dilo mo diphatlheng tsa smartphone sa gago kwantle ga fa
o laetswe go dira jalo mo tokumenteng ya smartphone sa gago e e tlametsweng ke BlackBerry. Go
dira se go ka tlhola phaposo ya motlakase kgotsa molelo.
• Se dirise dilwana tse di bogale mo sekerining.
• Se dirise maatla a magolo mo sekerining.
• Se dirise smartphone sa gago kgotsa kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone go bapa le metsi (ka sekai,
gaufi le bata kgotsa sinki, kgotsa gaufi le tamobothumelo).
• Se beye smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone mo setshoding se se tekatekang.
Smartphone kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone di ka wa, mme tsa tlhola kotsi e kgolo go mongwe le
tshenyo e kgolo go smartphone kgotsa sediriswatlaleletso sa sone.
• Sekerini sa smartphone sa gago se dirilwe ka galase. Galase e ka phatloga kgotsa ya kgomoga fa
smartphone sa gago se ka wa kgotsa fa galase e gatelelwa ka maatla. Fa e phatlogile kgotsa e
kgomogile, o se ka wa kgoma galase go fitlha sekerini se baakanngwa.
• Fa o dirisa smartphone sa gago, nna o ikhutsa kgafetsa. Fa o ka bipelwa molala, magetla, matsogo,
matlhalela, diatla (go akaretsa dikgonojwe le menwana), kgotsa dikarolo dingwe fela tsa mmele fa o
dirisa smartphone sa gago, emisa go se dirisa ka nako yone eo. Fa pipelo e e ka tswelela, bona
ngaka.
Tshireletsego malebana le motlakase
Tšhaja smartphone fela ka didiriswatlaleletso tsa tšhaja tse di tlametsweng ke BlackBerry kgotsa tse di
letleletsweng ka totobalo ke BlackBerry malebana le tiriso ya smartphone se. Se dirise
didiriswatlaleletso tsa tšhaja tse di sa tsamaisaneng le CTIA Certification Requirements for Battery
System Compliance go IEEE Std 1725, e re ka seno se ka baka molelo, thunyo, go dutla ga beteri le
dikotsi tse dingwe, tse di ka bakang kgobalo e e masisi, loso kgotsa tatlhegelo ya dithoto le go dira gore
waranti e se ka ya tlhola e dira.
Mediro e e atlanegisitsweng ya didiriswatlaleletso tsa tšhaja ya smartphone sa Porsche
Design P’9983 sa BlackBerry
Baya smartphone sa gago kgakala le didiriswa tsa bongaka, go akaretswa
dithusapelo le dithusakutlo, ka gonne di ka nna tsa simolola go se dire sentle le go
baka kotsi e e masisi kgotsa loso go wena le ba bangwe.
O se ka wa dira gore beteri e dire ka short-circuit kgotsa go letla dilo tsa tshipi kgotsa
tse di fetisang motlakase di kgoma ditheminale tsa beteri.
Megala ya ditšhaja: HDW-50071-001, HDW-50071-002
Ditšhaja tsa AC: HDW-30890-001, HDW-31284-001, HDW-47725-001, HDW-53513-001,
HDW-53514-001, HDW-53515-001, HDW-53518-001
Dirisa fela didiriswatlaleletso tsa tšhaja tse di tlametsweng le smartphone kgotsa didiriswatlaleletso tse
dingwe fela tsa tšhaja tse di letleletsweng ke BlackBerry fela go tswa go mofuta wa maatlamotlakase o
o kailweng mo leiboleng ya letshwao. Pele o dirisa maatlamotlakase ape fela, tlhomamisa gore bogolo
jwa one bo tshwana le jo bo gatisitsweng mo maatlamotlakaseng. Gokaganya smartphone go
digokaganyi tse di kannweng ke CTIA fela, kgotsa dikumo tse di nang le letshwaomoono la USB-IF
kgotsa dikumo tse di weditseng lenaneotsamaiso la USB-IF.
Se imetse dintshamotlakase, megalakatoloso kgotsa diamogedi tse dingwe ka gobo se se ka tlhola
molelo kgotsa tšhatšhamelo ya motlakase. Go fokotsa kgobatso ya mogala kgosa polaka, ntsha polaka
go na le go goga mogala fa o gakaganyolola ditlaleletsi tsa tšhajara go tswa sentshing sa
maatlamotlakase kgotsa seamogeding se se maleba.
Sireletsa mogala wa motlakase gore o se ka wa nna wa gatakwa kgotsa wa kobiwa, bogolo jang kwa
dipolakeng, le mo mafelong a megala ya maatla a motlakase e kopanang le smartphone gone. Ka
metlha tsamaisa mogala wa motlakase ka tsela e e fokotsang dikotsi tse di ka tlhagelang batho ba
bangwe, jaaka go kgopiwa le go fisiwa ke motlakase. Ntsha tšhaja mo polakeng ka nako ya magadima
kgotsa fa o sa e dirise. Se dirise ditlaleletsi tsa tšhajara kwa ntle, kgotsa mo lefelong le le bapileng le
dielemente.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go gokelela mo motlakaseng bona lekwalo le le
tlileng le smartphone sa gago.
Go reka didirisiwa tsa tlatseletso tsa smartphone sa gago, ikgolaganye le motlamedi wa gago wa
sedirisiwa se se sa gokelelweng kgotsa o etele www.shopblackberry.com.
Tshireletsego malebana le betheri
Smartphone sa gago se na le betheri e e kgonang go ntshiwa ya lithium-ion.
Betheri e, e ka tlhola molelo kgotsa go fiswa ke khemikhale fa e sa tsholwe ka kelotlhoko. O se ka wa
dira gore betheri ya gago e kgome diedi.
O se ka wa dirisa beteri mo dithemphereitšhareng tse di fetang 140°F (60°C) ka gonne
seno se ka senyetsa beteri seleruri.
O se ka wa letla smartphone le betheri ya sone gore di kopane le molelo kgotsa dilo
tse dingwe tsa ka fa ntle tse di ntshang mogote, tse di tshwanang le dipoleite tse di
fisang, ditofo, dihitara, dionto, ka gonne seno se ka baka molelo kgotsa thunyo.
O se ka wa leka go tsenya dilo di sele mo teng ga beteri. O se ka wa tlhamasešwa, wa
tlhatlhamolola, wa fetola, wa thubaganya kgotsa go tlhaba betheri. Fa betheri e
tlhamilwesešwa, e tlhatlhamolotswe, e fetotswe, e thubagantswe kgotsa e tlhabilwe,
kgaotsa go e dirisa ka yone nako eo.
Go kgweetsa le go tsamaya ka pabalesego
A o dirisa smartphone sa gago fa o ntse o kgweetsa. Neela tlhokomelo yotlhe mo go kgweetseng; go
kgweetsa ka pabalesego ke boikarabelo jwa gago jwa ntlha. O rwele maikarabelo a go itse le go
obamela melao le tsamaiso malebana le tiriso ya didiriswa tsa tlhokamogala mo mafelong a o
kgweetsang go ona.
Boloka smartphone sa gago sentle pele o kgweetsa koloi ya gago. Fa koloi ya gago e na le kgetsana ya
mowa, o se ka wa baya smartphone sa gago kgotsa sedirisiwa sepe mo godimo ga yone, kgotsa mo
karolong e kgetsana ya mowa e tswang mo go yone. Fa kgetsana ya mowa e tlala, seo se ka baka kotsi
e e masisi.
Dikai tsa tsamaiso ya radio di ka khuetsa thulaganyo ya motlakase e e sa tlhomiwang kgotsa go
sireletswa ka tolamo mo dikoloing. Botsa modiri wa koloi kgotsa moemedi wa teng. Fa go tsentswe
sediriswa sengwe mo koloing ya gago, o tshwanetse go golagana le modiri wa sediriswa se, malebana
le tshedimosetso ka ga dikai tsa tsamaiso ya radio.
Se dirise smartphone sa gago fa o tsamaya ka dinao kgotsa o dira sengwe se se tlhokang tlhokomelo
ya gago ka botlalo. Go sa tlhokomele pharakano ya dikoloi le batsamayakadinao ba bangwe go ka
tlhola dikgobalo tse di masisi, loso, kgotsa tatlhegelo ya thoto.
Didiriswatlaleletso
Dirisa fela didirisiwa tse di BlackBerryletleletsweng ke go dirisiwa le mofuta ono wa modiri wa
smartphone. Go dirisa sedirisiwa sengwe le sengwe se se sa letlelelwang go ka dira gore boleng jwa
sedirisiwa bo fedisiwe kgotsa bo se ka jwa dira, go ka felela ka gore smartphone se se ka sa dira e bile
go ka nna kotsi.
Ditharabololo tsa ditshodi: Smartphone sa gago se ka nna sa se tle le setshodi (sediriswatlaleletso se
se aparwang mo mmeleng). Fa o apara smartphone sa gago mo mmeleng, ka gale tsenya smartphone
sa gago mo sedirisweng sa setshodi sa se se tlametsweng le smartphone ka segokeledi sa lebanta se
se neetsweng kgotsa se atlanegisitsweng ke BlackBerry. Fa o sa dirise setshodi se se nang le
segokeledi sa lebanta se se tlametsweng kgotsa se BlackBerry se atlanegisitsweng ke fa o tshola
smartphone sa gago, tshola smartphone sa gago bobotlana sekgala sa 0.59 in. (15 mm) go katoga
mmele wa gago fa smartphone sa gago se le mo tirisong. Fa o dirisa karolo nngwe fela ya
tshedimosetso ya smartphone sa gago sa (sekao, melaetsa ya imeile, melaetsa ya PIN, melaetsa ya
MMS, kgotsa ditirelo tsa go batla), ka kheibole ya USB kgotsa kwantle ga yone, tshola smartphone sa
gago sa se katogile mmele bobotlana ka sekgala sa 0.59 in. (15 mm) go katoga mmele wa gago. Go
dirisa didiriswatlaleletso tse di sa tlamelwang kgotsa go atlanegiswa ke BlackBerry go ka dira gore
smartphone sa gago se fete dikaedi tsa go lebana le phetisokgaso ya radio. Gore a go na le diphelelo
tsa nako e telele tsa pholo tsa go feta ditekanyetso tsa go lebana le phetisokgaso ya radio go santse go
sekasekiwa mo thutopatlisisong e e tswelang pele ya saense. Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga
go lebana le phetisokgaso ya radio, bona karolo ya “Tshedimosetso ya tsamaisano” ya kaedi e.
Bontsi jwaBlackBerry tse di letleletsweng tsa go tshola di-smartphone (ka sekai, dikgwama, dikgetsana,
le diphuthelwana) tse di nang le makenete. O se ka wa baya dilwana tse di nang le makenete, tse di
jaaka dikarata tsa debit, dikarata tsa sekoloto, dikarata tse di bulang kgotsa dilwana tse di tshwanang le
tseo, dikarata tsa founo kgotsa tse di tshwanang le yone gaufi le dilo tsa go tshola smartphone.
Makenete o ka gobatsa kgotsa wa phimola datha e e bolokilweng mo makeneteng.
Selekanyetsamakenete
Se akaretsa selekanyetsamakenete. Mitara wa makenete e dirisiwa ke ditiriso tse di jaaka Khampase.
Dimakenete kgotsa didiriswa tse di nang le makenete, jaaka ditshodi, ditlhongwatsebeng, kgotsa
dimonithara, di ka khuetsa go nepa ga selekanyetsamakenete. O se ka wa ikaega ka dithulaganyo tse di
di dirisang selekanyetsamakenete go bona gore o ko kae, segolobogolo fa o le mo boemong jwa
tshoganyetso.
Kgaso
Melao mengwe e ka go kganela kgotsa go go thibela go dirisa dikarolo dingwe tsa smartphone sa gago
sa . Fa o tsaya ditshwantsho, o di tsamaisa kgotsa o di dirisa, ikobele melao, melawana, dithulaganyo le
dipholisi tse di akaretsang thulaganyo epe fela ya mokgatlho mongwe, dilo tsa botho, khupamarama ya
kgwebo kgotsa melao ya tshireletso e e ka tswang e le mo lefelong le o leng mo go lone. Tlotla
ditshwanelo tsa ba bangwe tsa botho. Tshireletso ya tetlokhophi e ka nna ya go kganela go kopisa, go
fetola, go sutisa, kgotsa go romela ditshwantsho dingwe, mmino (go akarediwa le mokgwa wa go lela),
kgotsa ditennye tse dingwe.
Difaelekutlo: O ka gobaletsa ditsebe tsa gago ruri fa o reetsa difaele tsa modumo ka modumo o o kwa
godimo, segolo jang fa o dirisa dibuelatsebeng. Se oketse modumo wa ditlhongwatsebeng ka
maikaelelo a go tila lerata le le go dikaganyeditseng. Fa o utlwa modumo mo ditsebeng tsa gago kgotsa
go sebaseba, ikgolaganye le ngaka.
Khemera: Fa smartphone sa gago se na le khemera, o se ka wa lebagantsha khemera ka tlhamalalo
kwa letsatsing kgotsa kwa leseding lepe fela le le phatsimang. Go dira jalo go ka gobatsa matlho a gago
kgotsa go ka senya smartphone sa gago. Fa o dirisa foleše ya khamera, tshola aphetšha ya foleše ya
LED bokgakala jwa 19.69 in. (50 cm) go katoga matlho a motshwantshiwa.
Anthena
Dirisa fela anthena e e tlametsweng. Diphetogo tse di sa letlelelwang tsa anthena kgotsa dimametlelelo
di ka senya smartphone e bile di ka thulana le Melawana ya U.S. ya Federal Communications
Commission (FCC).
Go tshwenyana le ditlamelwa tsa semotlakase
Bontsi jwa ditlamelwa tsa sešweng tsa semotlakase bo sireleditswe kgatlhanong le dikai tsa tsamaiso
ya radio. Mme gone, didiriswa dingwe tsa eleketeroniki di ka tswa di sa sirelediwa mo matshwaong a
makhubu a radio go tswa go smartphone sa gago sa .
Sethusapelo: Bona ngaka kgotsa modiri wa selaolamoribo fa o na le dipotso malebana le seabe sa
dikai tsa maatlatsamaiso a radio mo selaolamoribong sa gago. Netefatsa gore o dirisa smartphone sa
gago go dumalana le dipatlafalo tsa tshireletsego tse di amanang le sedirisiweng se se rileng, mo go ka
akaretsang dipatlafalo tse di latelang: ka metlha baya smartphone sa gago go feta di-inche di le 7.88 (20
cm) go tswa mo sedirisiweng fa smartphone sa gago se tshubile, o se ka wa baya smartphone sa gago
mo kgetsaneng ya mo mabeleng o bo o dirisa tsebe e e kafa letlhakoreng la sedirisiwa se sengwe le go
amogela megala mo smartphone sa gago gore o fokotse dikgoreletsi. Fa o na le lebaka lepe fela la go
fedisa kgoreletso eo, tima dikgokaganyo tsotlhe tse di senang megala mo smartphone sa gago ka
bonako, tlogela go dirisa smartphone sa gago mme o ikgolaganya le ngaka.
Dithusakutlo: Didiriswatlhokamogala dingwe tsa dijithale di ka kgoreletsa dithusakutlo dingwe. Fa go
ka nna kgoreletsego ya mofuta o, ikgolaganye le motlamedi wa tirelotlhokamogala wa gago go buisana
ka ga dikemisetso.
Smartphone sa gago se akaretsa selekanyetsamakenete, se se diriswang ke ditiriso tse di jaaka tiriso ya
Khomphase. Fa tiriso e e dirisang selekanyetsamakenete e ka tlhola kgoreletsego go sethusakutlo sa
gago, tswala tiriso e.
Didiriswa tse dingwe tsa sengaka: Fa o dirisa sedirisiwa sepe fela sa ditlhare sa botho, ikgolaganye le
modiri go bona gore a sedirisiwa sa gago ditlhare se sireleditswe mo maatleng a kgokaganyo ya radio.
Ngaka ya gago e ka kgona go fitlhelela tshedimosetso e.
Madirelo a tlhokomelo ya boitekanelo:Tima dikgokagano tsa tlhokamogala tsotlhe mo smartphone sa
gago mo madirelong a tlhokomelo ya boitekanelo fa melawana e e beilweng mo dikarolong tse e go
laela go dira jalo. Dikokelo le madirelo a tlhokomelo ya boitekanelo di ka ne di dirisa ditlamelwa tse di ka
nnang masisi malebana le maatlatsamaiso a radio a kwa ntle.
Sefofane: Melawana ya Federal Aviation Administration (FAA) le ya Federal Communications
Commission (FCC) e thibela tiriso ya didiriswa tse di se nang megala fa sefofane se le mo moweng.
Tima dikgokagano tse di se nang megala tsotlhe tsa smartphone sa gago pele o tsena mo sefofaneng.
Ga go itsiwe gore fa o dirisa smartphone dikgokagano tse di se nang megala di tshubilwe mo
sefofaneng go ka direga eng. Tiriso eo e ka ama ditlamelwa tsa sefofane, tlhaeletsano, le go dira ga
sefofane, e ka kgoreletsa mafaratlhatlha, kgotsa ya nna kotsi mo tsamaisong ya sefofane, e bile e ka
tswa e se ya semolao. Fa dikgokagano tsotlhe tse di se nang megala mo smartphone sa gago di
timilwe, dirisa fela ditiriso tsa didiriswa tse e seng tsa radio go ya ka melawana ya difofane malebana le
didiriswa tsa eleketeroniki.
Dikarolo tse di kotsi
Smartphone sa gago sa ga se a sireletsega ka tlhago mme ga se a letlelesega go diriswa mo tikologong
e e kotsi, fao go tlhokegang didiriswa tse di sireletsegileng, go akaretsa kwantle ga selekayo mafelo a a
nang le mosi wa gase, lorole lo lo ka thunyang, tiragatso ya madirelo a nyutlelia, ditirelo tsa difofane
kgotsa tsa tlhaeletsano, taolo ya tsa difofane, mmogo le thulaganyo ya tshegetso ya botshelo le
dibetsa.
Dibaka tse di nang le kgonagalo ya go thunya: Fa o le mo karolong e e kgonang go ka thunya, tima
dikgokaganotlhokamogala tsotlhe go tswa go smartphone sa gago mme o obamele matshwao le
ditaelo tsotlhe. Ditlhase mo mafelong mangwe, di ka tlhola go thunya kgotsa molelo, mme se se ka
tlhola kgobalo ya mmele kgotsa loso.
Dikarolo tse di nang le kgonagalo ya go thunya gantsi di a tshwaiwa, mme gone e seng ka metlha.
Dikarolo tse di akaretsa dikarolo tsa dibeso jaaka mafelo a peterole, botlase jwa dikepe, mafelokananyo
a dibeso le dikhemikhale kgotsa madirelo a bobolokelo jwa tsona; dirori tse di dirisang gase ya
peteroliamo, jaaka poropheine kgotsa biutheine; dikarolo tse mo go tsona go leng dikhemikhale di
tshwana le poire ya dithoro, ya lorole kgotsa ya tshipi; mmogo le dikarolo dingwe fela fao o tla lopiwang
go tima enjene ya koloi ya gago.
Se dirise founo ya smarphone sa gago go bega go dutla ga gase gaufi le lefelo le gase e dutlang mo go
lone. Tswa mo lefelong leo mme o letse mogala o le mo lefelong le le sireletsegileng, fa founo e le teng
e bile e dira mo smartphone sa gago.
Dikarolo tse di ka thunyang: Fa o le mo “lefelong la go thunya” kgotsa mo lefelong le le bontshang
gore diradio tsa ditselapedi di tshwanetse go timiwa, go tila go kgoreletsa ditiro tsa go thunya, tima
dikgokelelo tsotlhe tsa tlhokamogala mo smartphone sa gago mme o ikobele matshwao otlhe le ditaelo.
Mogote wa go dira le go boloka
Smartphone sa gago le tšhajara di diretswe gore di dirisiwe le go bolokwa mo dithemphereitšhareng tse
di kwadilweng mo lenaneothalong le le latelang:
Go dira ga Smartphone: 32 go ya go 95°F (0 go ya go 35°C)
Polokelo ya Smartphone : -4 to 95°F (-20 to 35°C)
Tšhaja e e dirang: 32 go ya go 95°F (0 go ya go 35°C)
Bobolokelo jwa tšhajara: -22 go ya go 167°F (-30 go ya go 75°C)
Tiriso le poloko ya smartphone kgotsa didiriswatlaleletso tsa sone ka kwa ga dithemphereitšhara tse di
atlenegisiwang go ka dira gore smartphone sa gago se thuthafale mo go ka felelang ka kgobalo e e
masisi kgotsa loso, kgotsa go ka senya smartphone, didiriswatlaleletso kgotsa betheri ya lithium-ion.
Boloka smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa smartphone sa gago kgakala le dilo tse di
bakang mogote, jaaka diradiethara, direjisetara tsa mogote, ditofo, kgotsa didiriswa tse dingwe (go
akaretswa digodisamaatla) tse di tlhagisang mogote. Fa o se kitla o dirisa smartphone sa gago go feta
dibeke tse pedi, tima maatla a smartphone sa gago o bo o ntsha betheri.
Go phepafatsa le go baakanya smartphone
Go phepafatsa: Se dirise diedi, diphepafatsi tsa diedi, tsa dithini tsa seporei, kgotsa ditlhaolosi mo,
kgotsa gaufi le smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa smartphone sa gago go akaretswa le
betheri . Phepafatsa fela ka lesela le le omileng, le le boleta. Gokaganyolola dikheibole mo
khomphiutheng o bo o somole didiriswatlaleletso dingwe fela tsa ditšhajara mo sentshing sa motlakase
pele o phepafatsa smartphone sa gago kgotsa didiriswatlaleletso tsa go tšhaja.
Go baakanya: O se ka wa leka go baakanya, go tlhatlhamolola, go baakanya smartphone sa gago
kgotsa didirisiwa tsa sone tsa go tšhaja. Ke fela badiredi ba ba katisitsweng ba ba tshwanetseng go dira
dipaakanyo mo go smartphone sa gago kgotsa didirisiwa tsa sone tsa go tšhaja.
Fa go ka tlhaga maemo mangwe a a latelang, tlosa dikheibole tsa motlakase mo khomputheng kgotsa
mo motlakaseng o bo o isa smartphone sa gago kgotsa didirisiwa tsa go tšhaja kwa badireding ba ba
katisitsweng gore ba di baakanye:
• Mogala, polaka kgotsa segokaganyi sa maatlamotlakase se senyegile.
• Seeledi sengwe se tshologetse go smartphone sa gago kgotsa mo sedirisiweng se sengwe se se
tlang le sone, kgotsa sengwe se wetse mo go tsone.
• Smartphone kgotsa didirisiwa tsa go tšhaja di kile tsa nelwa ke pula kgotsa tsa tshelegelwa ke metsi.
• Smartphone kgotsa didirisiwa tsa go tšhaja di utlwala di fisa fa o di tshwara.
• Smartphone kgotsa didirisiwa tsa go tšhaja di digilwe kgotsa di senyegile ka tsela nngwe.
• Smartphone kgotsa didirisiwa tsa go tšhaja ga di dire ka tsela e e tlwaelegileng fa o latela ditaelo tse
di mo bukeng ya modirisi.
• Smartphone kgotsa didirisiwa tsa go tšhaja di fetogile fela ka mokgwa o di dirang ka one.
Go fokotsa kotsi ya molelo kgotsa tšhatšhamelo ya motlakase, lolamisa fela dilaodi tse di
akareditsweng mo bukeng ya modirisi ya smartphone sa gago. Go leka go fetola dilo dingwe o bo o sa
di fetole sentle go ka senya mme gantsi go tlaa tlhoka gore modiri yo o katisitsweng a tshwanelwe ke
go dira tiro e ntsi go baakanya smartphone sa gago, didirisiwa tsa go tšhaja, kgotsa didirisiwa dingwe
gore se boe se dire gape.
Go se latele ditaelo tsotlhe tsa pabalesego tse di mo bukeng ya modirisi wa smartphone go tlaa dira
gore Waranti ya sone e se tlhole e dira e bile go ka nna ga dira gore o se tlhole o se dirisa, kgotsa o
kganelwe go se dirisa, o tseelwe dikgato tsa semolao, kgotsa gotlhe.
Tsela ya go latlha smartphone le beteri
O se ka wa latlhela smartphone sa gago kgotsa betheri mo go latlhelwang
matlakala a mo lapeng kgotsa mo molelong.
Smartphone sa gago le betheri di kgona go dirisiwa mmoelela fa go leng
ditlamelo. Ka sekai seno ga go a ikaelelwa go kaela tiriso ya dilwanapoeletswa.
Kwa United States le Canada, o ka dira gore smartphone sa gago le beteri di
bopiwe sešwa ka lenaneo la Call2Recycle. Go bona tshedimosetso go ya pele,
kwa United States etela www.call2recycle.org mme kwa Canada etela
www.call2recycle.ca.
Go bona tshedimosetso ka ga go busetsa smartphone sa gagoBlackBerry le didiriswatlaleletso tsa
gago gore di tsenngwe mo tirisopoeletsong kgotsa di latlhwe ka tshireletsego, mo sebatling sa gago sa
khomphiutha, etela www.blackberry.com/recycling kgotsa https://tradeup.blackberry.com. Mananeo a
tirisopoeletso le kgwebisano a fitlhelwa mo dikarolong tse di rileng fela.
Fa mananeo a, a se yo mo karolong ya gago, tlhola pusoselegae ya gago malebana le melawana ya go
latlha dikumo tsa semotlakase.
Latlha smartphone le beteri ya yone tumalanong le melao le melawana ya mo lefelong la lona e e
laolang go latlhwa ga dilo tse di tshwanang le tseno.
Tshedimosetsoinaakanyo
Go nna gaufi le dikaitsamaiso tsa radio
Radio ya smartphone ke ya maatla a a kwa tlase malebana le phetiso le kamogelo ya kgaso. E
tlhametswe go tsamaisana le Federal Communications Commission (FCC) le dikaedi le ditekanyetso tsa
Industry Canada (IC), gammogo le dikaedi tse dingwe tse di maleba tsa ditšhabatšhaba tse di malebana
le dilekanyo tsa pabalesego tsa go lebana le phetisokgaso ya radio mo didirisweng tse di se nang
megala. Dikaedi tse di dirilwe ke bomankge ba ba ikemetseng ba tsa saense, dipuso, le mekgatlho go
akaretsa Institute of Electrical and Electronics Engineers Standard (IEEE), National Council on Radiation
Protection and Measurements (NCRP).
Go tsamaisana le FCC, IC, le dikaedi le ditekanyetso tse dingwe tse di maleba tsa ditšhabatšhaba tsa
go lebana le phetisokgaso ya radio, tshola smartphone bobotlana 0.59 in. (1.5 cm) kgakala le mmele wa
gago. Fa o tshotse smartphone mo mmeleng wa gago, dirisa fela didiriswatlaleletso tse di tlametsweng
ka segokeledi sa lebanta tse di tlametsweng kgotsa tse di letleletsweng ke BlackBerry. Fa o dirisa
sediriswatlaleletso se se aparwang mo mmeleng se se sa tlamelwang ke BlackBerry, tlhomamisa gore
sediriswatlaleletso ga se na tshipi mme o tshole smartphone sa gago bobotlana 0.59 in. (1.5 cm)
kgakala le mmele wa gago.
Go fokotsa go lebana le phetisokgaso ya radio: (i) dirisa smartphone mo mafelong a a nang le temosi e
e nonofileng e e sa diriseng megala; (ii) dirisa maitlhophelo a o sa diriseng diatla; mme o (iii) fokotse
nako e o e dirisang o bua mo mogaleng, kgotsa o romele imeile, molaetsa o o kwalwang, kgotsa
molaetsa wa BBM mo boemong jwa moo.
Tshedimosetso ya kelokamogelo e e totileng
MODIRO ONO WA SEDIRISWATLHOKAMOGALA O INAAKANYA LE DITLHOKEGO TSA PUSO
MALEBANA LE PONTSHO GO MAKHUBU A RADIO FA SE DIRISIWA GO YA KA KAELO E E MO
KAROLONG E.
Smartphone se tlhamilwe le go dirwa gore se se ka sa feta tekanyetsomaatla ya go lebana le
phetisokgaso ya radio (RF) e e beilweng ke the Federal Communications Commission (FCC) ya Puso ya
U.S. fa se dirisiwa jaaka go laetswe mo karolong e e fetileng. Ditekanyetso tse ke karolo ya dikaedi tse
di feletseng mme di tlhomamisa dilekanyo tse di letleletsweng tsa maatla a RF go batho ka kakaretso.
Dikaedi di ikaegile ka maemotekanyetso a a tlhamilweng ke mekgatlho ya saense e e ikemetseng ka go
dira tshekatsheko ya gangwe le gape le e e tseneletseng ya dipatlisiso tsa saense. Seemotekanyetso sa
pontsho malebana le didiriswa tse di se nang megala se dirisa yuniti ya tekanyetso e e bidiwang
Specific Absorption Rate, kgotsa SAR. Tekanyetso ya SAR e e beilweng ke FCC/IC ke 1.6W/kg*. Diteko
tsa SAR di dirwa go dirisiwa seemotekanyetso sa tsamaiso se se totobaditsweng ke FCC/IC ka
sediriswa se se fetisang kgaso ka maatla a a kwa godimodimo a a tlhomamisitsweng mo makhubung
otlhe a phetisokgaso a a lekilweng. Le fa SAR e tlhomamisiwa mo selekanyong sa maatla a a kwa
godimodimo a a tlhomamisitsweng, selekanyo sa mmatota sa SAR sa sediriswa fa se dirisiwa se ka nna
kwa tlase ga boleng jwa botlalogolo. Se ke ka ntlha ya gore sediriswa se tlhametswe go dira mo
dilekanyong tsa maatla a mantsi, gore se dirise fela maatla a a tlhokegang go fitlhelela mafaratlhatlha.
Ka kakaretso, fa o le gaufi le anthena ya seteišene se se se nang megala, maatla a a ntshiwang a a
fokotsega.
Boleng jo bo kwa godimodimo jwa SAR jwa smartphone se fa bo lekelediwa tiriso mo tsebeng ke:
Smartphone
SAR (W/kg) go 1 g
Porsche Design P’9983 smartphone sa BlackBerry (nomoro ya
modiro RHA111LW)
0.98
Boleng jo bo kwa godimodimo jwa SAR jwa smartphone se fa bo lekelediwa mo BlackBerry
segokeleding se se atlanegisitsweng se se nang le segokeledi sa lebanta bokgakala jwa 0.59 inch (1.5
cm) go tswa mo mmeleng, ke:
Smartphone
SAR (W/kg) go 1 g
Porsche Design P’9983 smartphone sa BlackBerry (nomoro ya
modiro RHA111LW)
1.05
Fa o dirisa mokgwa wa Mobile Hotspot, boleng jo bo kwa godimodimo jwa SAR jwa smartphone se, fa
se lekelediwa mo setshoding se se letleletsweng sa BlackBerry se se nang le segokeledi sa lebanta, ke:
Smartphone
SAR (W/kg) go 1 g
Porsche Design P’9983 smartphone sa BlackBerry (nomoro ya
modiro RHA111LW)
1.56
Ditekanyo tse di aparwang mo mmeleng (dikgala tse di atlanegisitsweng) di a farologana mo didirisweng
tse di se nang megala, go akaretsa di-smartphone, go ikaegile ka didiriswatlaleletso tse di tlametsweng
kgotsa tse di leng teng le ditlhokego tse di maleba tsa FCC le IC.
FCC e ntshitse Equipment Authorization ya smartphone se e e theilweng mo dilekanyong tse di
begilweng tsa SAR tse di tsamaisanang le dikaedi tsa phetisokgaso ya FCC ya radio fa smartphone se
dirisiwa jaaka go laetswe mo karolong e. Tshedimosetso ya SAR ya smartphone se e mo faeleng ya
FCC mme e ka fitlhelwa mo karolong ya Display Grant ya www.fcc.gov/oet/ea morago ga go
phuruphutsha ID ya FCC ya smartphone sa gago se se mo lenaaneng le le fa tlase.
Smartphone
ID ya FCC
Porsche Design P’9983 smartphone sa BlackBerry (nomoro ya
modiro RHA111LW)
L6ARHA110LW
tshireletsego e e amogelesegang kgatlhanong le kgoreletsego e e kotsi mo tlhomong ya bodulo.
Setlamelwa se se tlhama, se dirisa le go phasalatsa maatla a tsamaiso ya radio, mme fa se sa tlhomilwe
le go dirisiwa go ya ka ditaelo tsa modiri wa sona, se ka tlhola kgoreletsego e e kotsi go tlhaeletsano ya
radio.
Le gale, ga go tlhomamiso ya gore kgoreletsego e ka se nne teng mo tlhomong e e rileng. Fa
setlamelwa se, se sa tlhole kgoreletsego e e kotsi go kamogelo ya radio kgotsa thelevišene,
kgoreletsego e e ka tlholwang ka go tshuba le go tima sediriswa, modirisi o rotloetswa go leka go
lolamisa kgoreletsego e ka go dirisa tsela e le nngwe kgotsa go feta ya tse di latelang: go tsamaisa
kgotsa go fudusa kamogelo, oketsa go arogana ga sedirisiwa le seamogedi, golaganya sedirisiwa le
selo se seamogedi se golagantsweng le sone kgotsa ikgolaganye le morekisi kgotsa motho yo o nang le
maitemogelo ka tsa radio le thelevišene gore a go thuse.
Tshedimosetso ya US Malebana le Ditlhokego tsa Federal Communications
Commission (“FCC”) tsa Inaakanyo ya Dithusakutlo tsa Didiriswatlhokamogala
Fa didiriswatlhokamogala di dirisiwa gaufi le didiriswakutlo (jaaka dithusakutlo kgotsa ditlhomelwa tsa
khokolea), badirisi ba ka lemoga modumo wa thoromo, go suma kgotsa go dumaela. Didiriswakutlo
dingwe di kgona go emelana le kgoreletsego e go gaisa tse dingwe, mme didiriswatlhokamogala le
tsona di a farologana ka mothamo wa kgoreletsego o di o tlholang.
Tirelo ya megalatlhokamogala e tlhamile tekanyetso go thusa badirisi ba didiriswakutlo go fitlhelela
didiriswatlhokamogala tse di ka nyalelanang le didiriswakutlo tsa bona. Ga se didiriswatlhokamogala
tsotlhe tse di lekanyeditsweng. Didiriswatlhokamogala tse di lekanyeditsweng di tla bontsha tekanyetso
mo lebokoseng, mmogo le matshwaothebolo a mangwe a a maleba.
Ditekanyetso ga se tlhomamisetso. Dipholo di tla farologana, go tswa ka sediriswakutlo sa modirisi le
tatlhegelokutlo. Fa e le gore sediriswakutlo sa gago se tshabelelwa ke kgoreletsego, o ka nna wa se
kgone go dirisa didiriswatlhokamogala tse di lekanyeditsweng ka katlego.
Tsela e e gaisang ya go lekanyetsa ka bowena go ya ka ditlhokego tsa gago, ke go bona
moporofešenale wa gago wa boitekanelokutlo.
Smartphone se se lekilwe le go lekanngwa gore se ka diririswa ka dithusakutlo tsa ditsebe mo go
dingwe tsa dithekenoloji tse di sa diriseng megala tse smartphone se di dirisang. Le fa go ntse jalo,
dithekenoloji dingwe tse di sa diriseng megala di ka nna tsa dirisiwa mo smartphone se tse di sa
lekwang go bona gore a di a dira ka dithusakutlo tsa ditsebe. Go botlhokwa go leka dikarolo tse di sa
tshwaneng tsa smartphone sa gago ka botlalo le mo mafelong a a sa tshwaneng go lemoga gore a o
utlwa modumo mongwe fela o o kgoreletsang fa o dirisa smartphone se ka sethusakutlo sa gago
ditsebe kgotsa setsenngwatsebeng. Ikgolaganye le motlameditirelo wa ditlhokamogala wa gago
malebana le dipholisi tsa pusetsomadi kgotsa kemisetso, le tshedimosetso ka ga bodirammogo jwa
sethusakutlo.
Tekanyetso e dira jang
Tekanyetso : ya M-: Didiriswatlhokamogala tse di lekanyeditsweng go M3 kgotsa M4 di kgotsofatsa
ditlhokego tsa FCC mme di ka tlhola kgoreletsego e e kwa tlase go didiriswakutlo go na le
didiriswatlhokamogala tse di sa tshwaiwang. M4 e botoka kgotsa e kwa godimo mo sebeding se.
Tekanyetso ya T-: Didiriswatlhokamogala tse di lekanyeditsweng go T3 kgotsa T4 di kgotsofatsa
ditlhokego tsa FCC mme di ka dirisega le thelekhoele ya sediriswakutlo (“T Switch”), go gaisa
didiriswatlhokamogala tse di sa lekanyediwang. T4 e botoka kgotsa e kwa godimo mo sebeding se. (Ela
tlhoko gore ga se didiriswakutlo tsotlhe di nang le thelekhoele.)
Didiriswakutlo di ka nna tsa lekanyetswa malebana le kemelano kgatlhanong le kgoreletso ya mofuta o.
Modiri wa sediriswakutlo kgotsa moporofešenale wa gago wa boitekanelokutlo a ka go thusa go bona
dipholo malebana le sediriswakutlo sa gago. Bogolo jwa kemelano ya sethusakutlo sa gago bo tla
fokotsa modumokgoreletsego go tswa didiriswatlhokamogaleng.
Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga tiro e e dirilweng ke FCC malebana le bodirammogo jwa
dithusakutlo le didiriswatlhokamogala, mmogo le dikgato dingwe tse FCC e di tsereng go netefatsa
gore batho ba ba nang le bogole ba fitlhelela ditirelotlhaeletsano, etela www.fcc.gov/cgb/dro.
Industry Canada certification
Smartphone seno se tsamaisana le (di)tekanyetso tsa Industry Canada tsa RSS tse di sa tlhokeng
laesense. Tiriso e tlase ga dipeelo tse di latelang: (1) Smartphone seno se tshwanetse go amogela
kgoreletso epe fela, e bile (2) smartphone se se tshwanetse go amogela kgoreletso epe fela, go
akaretsa kgoreletso e e ka bakang tiriso e e sa eletsegeng ya smartphone.
Smartphone saPorsche Design P’9983 sa BlackBerry(nomoro ya modiro RHA111LW) RSSse
tsamaisana le Industry Canada RSS 102, RSS 130, RSS 132, RSS 133, RSS-GEN 139, RSS , le 210
tlase ga nomoro ya setifikeiti ya 2503A-RHA110LW.
Smartphone sa tiriso mo go lekhubu la 5150-5250 MHz ke sa tiriso ya mo ntlong go fokotsa kgonego ya
kgoreletso e e kotsi ya ditsamaiso tsa sathelaete e e akgiwang ya kanalekopanelo.
Selekanyosegolo sa kamogelo ya anthena go di-smartphone tsa mo makhubung a 5250-5350 MHz and
5470-5725 MHz se tla tsamaisana le selekanyo sa EIRP.
Selekanyosegolo sa kamogelo ya anthena go di-smartphone tsa mo makhubung a 5725-5825 MHz se
tla tsamaisana le selekanyo sa EIRP se se totobaditsweng go tiriso ya ntlha go ntlha le mo e seng tiriso
ya ntlha go ntlha jaaka go tshwanela.
Itse gore diradara tsa maatla a a kwa godimo di beilwe e le badirisi ba bagolo (ke gore badirisi ba
botlhokwa) ba makhubu a 5250-5350 MHz le 5650-5850 MHz le gore diradara tseno di ka baka
kgoreletso le/kgotsa tsenyo ya di-smartphone tsa LE-LAN.
Inaakanyo ya Mophato B
Smartphone seno sa ICES-003 se tsamaisana le ditekanyetso tsa Setlhopha B sa modumo wa radio
jaaka bontshitswe mo ditekanyetsong tsa didiriswa tse di bakang kgoreletso mo setlhogong sa
“Information Technology Equipment [Didiriswa Tsa Botegeniki Jwa Tshedimosetso] (ITE) – Ditekanyetso
le mekgwa ya go lekanya,” ya Industry Canada.
Inaakanyotsamaisotlaleletso
Dintlha tse di rileng ya go dira dilo tumalanong le ditekanyetso le melao ya smartphone sa gago sa e ka
bonwa go tswa moBlackBerry .
Go bona Tshedimosetso e oketsegileng ya Type Approval, tsweetswee tlhola lenaneo le le bulelang kwa
tlase la Regulatory Approvals mo sekerining sa ‘About’ mo smartphone sa gago.
Kitsiso ka sedirisiwa: Porsche Design P’9983 smartphone go tsweng BlackBerry
Dipharologantsho tsa semakheniki:
• Boima: mo e ka nnang 4.9 oz (140 g) go akaretswa betheri ya sele ya lithium-ion
• Bogolo (L x W x H): 4.7 x 2.6 x 0.4 in. (119 x 67.1 x 10.55 mm)
• Memori ya wa 3 GB, bobolokelo jwa 32 GB jwa tiriso, phatlha ya karata ya microSD
Ditoto tsa maatla:
• Betheri ya sele ya lithium-ion e e tšhajiwang, e e tlosiwang
• Tshegetsa dikarata tsa SIM tsa micro, tsa 3V, 1.8V
• Tsamaelano ya setshwaraganyi sa tsamaisanyo ya tshedimosetso le go tšhaja: micro USB 2.0
Ditlhaloso tsa mafaratlhatlha a radio ya mmobaele:
• Quad-bandLTE tshegetso: LTE 700, LTE850, LTE 1700, LTE 1900 MHz band
• E tshegetsa GSMQuad-band: GSM850, GSM900, DCS 1800, PCS 1900 MHz band
• Tri-band HSPA+ tshegetso: UMTS800/ UMTS850, 1700, UMTS1900, UMTS2100 MHz band
• Karolo ya Maatla: Karolo 1 (DCS 1800, PCS 1900), Karolo 4 ( GSM850) jaaka go tlhalositswe mo go
GSM 5.05, Karolo 4 ( GSM900) jaaka go tlhalositswe mo go GSM02.06, Karolo E2 ( GSM850,
GSM900, DCS 1800, PCS 1900), Karolo 3 (UMTS, LTE)
• Letshwao la kgaso: 704 go ya go 716 MHz, 824 go ya go 849 MHz, 880 go ya go 915 MHz, 1710 go
ya go 1755 MHz, 1710 go ya go 1785 MHz, 1850 go ya go 1910 MHz, 1920 go ya go 1980 MHz
• Letshwao le le amogelang kgaso: 734 go ya go 746 MHz, 869 go ya go 894 MHz, 925 go ya go 960
MHz, 1805 go ya go 1880 MHz, 1930 go ya go 1990 MHz, 2110 go ya go 2155 MHz, 2110 go ya go
2170 MHz
Ditoto Wi-Fi tsa radio tsa mafaratlhatlha tsa :
• Maemo a LAN a wirelessIEEE 802.11a: ,IEEE 802.11b ,IEEE 802.11g , IEEE 802.11n
• Letshwao la kgaso le la kamogeloIEEE 802.11b /IEEE 802.11g/IEEE 802.11n: 2.412 to 2.472 GHz
• Letshwao la kgaso le la kamogelo IEEE 802.11a/IEEE 802.11n: 5.180 to 5.825 GHz
Ditoto tsa radio tsa :
• E tshegetsa Single-band: ISM 2.4 GHz
• Tsamaisokgaso le kamogelokgaso: 2402 go ya go 2480 MHz
• Bluetooth Maemo 1
Fa smartphone sa gago se tshegetsa thekenoloji ya NFC, ditlhaloso tse di latelang di a dira:
• Letshwao la tiriso: 13.56 MHz
• Mefuta e e tshegediwang: sebuisi/sekwadi, tshwantshanyo ya karata, molekane go molekane
Kitsiso ya semolao
Tshedimosetso go ya pele ya SAR e ka fitlhelwa mo www.ctia.org (CTIA - The Wireless Association),
kgotsa www.tele.soumu.go.jp/e/index.htm (Telecommunications Bureau of the Ministry of Internal
Affairs and Communications).
___________________________________
*Kwa United States le Canada, tekanyetso ya SAR malebana le didiriswa tse di akgiwang tse di
dirisiwang ke batho, ke 1.6W/kg ka tekanyetso e e fetang 1g ya ditogwa tsa mmele kgotsa tlhogo
(4.0W/kg ya tekanyetsobogareng e e fetang 10g ya ditogwa - diatla, manengetso, manengana le dinao).
Polelo ya tumelano ya FCC (United States)
Setlhopha sa FCC sa B, Karolo 15
Sediriswa se, se dumelana le Karolo 15 ya Melawana ya Federal Communications Commission (FCC).
Tiriso e ikaegile ka dipeelano di le pedi tse di latelang: (1) sedirisiwa se se ka baka kgotlhang, (2) e bile
sedirisiwa se se ka amogela go kgorelediwa, go akaretsa go kgorelediwa go go ka bakang tiriso e e sa
rulaganngwang.
Phetolo kgotsa go sokiwa ga yuniti e, go go sa atlanegisiwang ke setheo se se rweleng maikarabelo a
tumelano, e ka upisa bothati jwa modirisi malebana le go dirisa setlamelwa se.
Setlamelwa se, se lekilwe mme sa fitlhelwa se dumelana le tekanyetso ya sediriswa sa dijithale sa
Mophato B, go ya ka Karolo 15 ya Melawana ya FCC. Tekanyetso e, e tlhametswe go neela
©2014 BlackBerry. Ditshwanelo tsotlhe di sireleditswe. BlackBerry® le matshwaokgwebo a a amanang,
le matshwaomoono ke dithoto tsa BlackBerry Limited e bile a kwadisitswe le/kgotsa go dirisediwa U.S.
le dinaga tse dingwe mo lefatsheng lotlhe. ANSI ke letshwaokgwebo la American National Standards
Institute. Bluetooth ke letshwaokgwebo la Bluetooth SIG. Call2Recycle ke letshwaokgwebo la
Call2Recycle, Inc. CTIA - The Wireless Association ke letshwaokgwebo la CTIA - The Wireless
Association. GSM ke letshwaokgwebo la GSM MOU Association. IEEE Std 1725, IEEE, 802.11a,
802.11b, 802.11g, le 802.11n ke matshwaokgwebo a Institute of Electrical and Electronics Engineers,
Inc. LTE le UMTS ke matshwaokgwebo a European Telecommunications Standards Institute (ETSI).
Porsche Design ke letshwaokgwebo la Dr. Ing. H.C.F. Porsche Aktiengesellschaft. Wi-Fi ke
letshwaokgwebo la the Wi-Fi Alliance. Matshwaokgwebo a mangwe otlhe a na le beng ba one ba ba
farologaneng. Tokumente eno, mmogo le tse dingwe tse di nopotsweng, jaaka ditokumente tse di
fitlhelwang kwa www.blackberry.com/go/docs e neelwa “jaaka e ntse” kwantle ga peelano, tlhomamiso,
netefatso, kemedi kgotsa tsholofetso, kgotsa pegomolato ya mokgwa mongwe go BlackBerry Limited le
ditlamo tse di kwadisitsweng mo go yone, tse di itlamololang gotlhelele go ya ka tetla ya molao wa
tikologo ya gago.
Melawana ya tiriso ya kuno kgotsa tirelo epe fela ya BlackBerry di tlhalositswe mo laesenseng kgotsa
mo tumalanong nngwe le BlackBerry e e maleba. GA GO SEPE MO TOKUMENTENG ENO, SE SE
ITLHOKOMOLOLANG TUMALANO E E KWADILWENG KGOTSA TSHOLOFETSO E E NEETSWENG KE
BLACKBERRY MALEBANA LE DIKAROLO TSA BLACKBERRY TSA DIKUNO KGOTSA DITIRELO
KWANTLE GA TOKUMENTE ENO.
BlackBerry Limited
2200 University Avenue East
Waterloo, Ontario
Canada N2K 0A7
BlackBerry UK Limited
200 Bath Road
Slough, Berkshire SL1 3XE
United Kingdom
Published in Canada

Documentos relacionados